Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Tshwanetse go Itse Eng ka go Romela Melaetsa e e Hepisang ka Founo?

Ke Tshwanetse go Itse Eng ka go Romela Melaetsa e e Hepisang ka Founo?

 Melaetsa e e hepisang ke eng?

Melaetsa e e hepisang ke melaetsa e e kwadilweng ka founo, dinepe kgotsa dibidio tse di hepisang tse di romelwang ka founo ya selula. Monna mongwe a re: “Go lebega jaanong e setse e le yone tsela e e tlwaelegileng ya go dira dilo. Lo nnela go romelelana melaetsa mme go ise go ye kae lo romelelana ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo.”

Ke eng fa batho ba go dira? Ramolao mongwe yo o nang le maitemogelo yo ileng a nopolwa mo The New York Times a re basha bangwe ba tsaya gore “go nna le setshwantsho sa motho yo o ratanang le ene a sa apara mo founong ya gago ya selula go bontsha batho gore o setse o tlhakanela dikobo.” E bile mosha mongwe o go bitsa mokgwa o o “sireletsegileng wa go tlhakanela dikobo.” A re tota e bile “o ka se ime ka ntlha ya gone e bile o ka se anamise malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo [S.T.D.].”

Mabaka a mangwe a a dirang gore basha ba romelelane melaetsa e e hepisang a akaretsa ano:

  • Go bontsha mongwe yo ba batlang go ratana le ene gore ba a mo kgatlhegela.

  • Ka gonne mongwe o setse a ba romeletse setshwantsho se se hepisang, le bone ba ikutlwa ba patelesega go dira jalo.

 Ditlamorago tsa go romela melaetsa e e hepisang ka founo ke dife?

Fa o setse o romeletse mongwe setshwantsho sa gago ka founo ya selula, se dule mo diatleng tsa gago le gone o ka se tlhole o laola gore se dirisiwa jang—kgotsa gore se tla ama jang tsela e o itsiweng ka yone. Amanda Lenhart yo e leng modiradipatlisiso yo mogolo e bile a kwadile pego ya Pew Research Center e e malebana le go romelelana melaetsa e e hepisang ka founo a re: “Ga go ise go ke go tsamaye go nne motlhofo jaana gore batho ba romele le go boloka bosupi jwa boitshwaro jo bo sa siamang.”

Mo maemong mangwe

  •  Ditshwantsho tsa motho a sa apara di ile tsa romelelwa batho ba le bantsi ke motho yo o di romeletsweng e le gore a kgatlhe ditsala tsa gagwe.

  •  Basimane ba ba latlhilweng ke makgarebe a bone ba anamisitse ditshwantsho tsa basetsana ba sa apara e le fela gore ba ipusolosetse.

A O NE O ITSE? Mo maemong a mantsi, go romela ditshwantsho tse di hepisang ka founo go ntse go tsewa go tshwana le go sotla bana kgotsa go anamisa ditshwantsho tse di hepisang tsa bana. Bana bangwe ba babotlana ba ba ileng ba romela melaetsa e e hepisang ka founo ba ile ba bo ba sekisiwa e le batho ba ba nang le molato wa tsa tlhakanelodikobo.

 Baebele ya reng ka gone?

Baebele e letlelela tlhakanelodikobo fa gare ga batho ba ba nyalaneng. (Diane 5:​18) Le fa go ntse jalo, e tlhalosa sentle gore batho ba ba sa nyalanang ba tshwanetse go itshwara jang malebana le tlhakanelodikobo. Ela tlhoko ditemana tse di latelang tsa Baebele:

  • “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona, . . . le fa e le boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong kgotsa puo ya boeleele kgotsa nyao e e ferosang sebete.”—Baefeso 5:3, 4.

  • “Bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha.”—Bakolosa 3:5.

Ditemana tseno ga di re tlhagise fela ka “kgokafalo” (go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang), mme di tlhagisa le ka dilo tse di jaaka “boitshekologo” (lefoko le le kayang mofuta ope fela wa boitshwaro jo bo seng phepa) le “keletso ya tlhakanelodikobo” (le le sa kayeng maikutlo a a tlwaelegileng a lorato a a ka kgotsofadiwang mo lenyalong mme le kaya keletso e e feteletseng ya tlhakanelodikobo e e ka felelang ka boitsholo jo bo sa siamang).

Ipotse jaana:

  • Go romela ditshwantsho tsa motho a sa apara ke mofuta mongwe wa “boitshekologo” ka tsela efe?

  • Ke ka tsela efe go tlhotlheletsang “keletso ya tlhakanelodikobo” e e sa siamang?

  • Ke eng fa go batla go bona kgotsa go anamisa ditshwantsho tsa batho ba sa apara e le selo se se “utlwisang botlhoko”?

Ditemana tse di latelang tsa Baebele di bontsha mabaka a a utlwalang le go feta a gore re tile go romela ditshwantsho tse di hepisang ka founo.

  • “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong.”—2 Timotheo 2:15.

  •  “Lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo!”—2 Petere 3:11.

Ditemana tseno di tlhalosa diphelelo tse di molemo tsa go nna le boitshwaro jo bo siameng. Fa o na le boitshwaro jo bo siameng, ga o tlhoke go tshwenyega ka gore o tla ikwatlhaela dilo tse o di dirang.—Bagalatia 6:7.

Ipotse jaana:

  •  Ke motho wa mofuta mang?

  •  A ke amegile ka gore ke se ka ka senya ba bangwe leina?

  •  A ke batla go intsha bodutu ka sengwe se se utlwisang ba bangwe botlhoko?

  •  Go romela ditshwantsho tse di hepisang ka founo go ka ama jang tsela e ke itsiweng ka yone?

  •  Go romela ditshwantsho tse di hepisang ka founo go ka dira jang gore batsadi ba me ba se ka ba tlhola ba ntshepa?

SENGWE SE SE DIRAGETSENG “Ke na le tsala e e neng e ratana le mosimane mongwe mo sephiring. Go tswa foo o ne a mo romelela setshwantsho sa gagwe a sa apara, mme mosimane le ene o ne a mo romelela sa gagwe a sa apara. Mo nakong e e ka nnang kwa tlase ga diura di le 48, rraagwe mosetsana yono o ne a leba founo ya gagwe. O ne a bona melaetsa eo mme o ne a gamaregile. O ne a mmotsa ka gone, mme a dumela sengwe le sengwe. Ke a itse gore o ne a le maswabi ka se a se dirileng mme gone batsadi ba gagwe ba ne ba gamaregile tota e bile ba utlwile botlhoko fela thata! Ga ba itse gore a ba tla tlhola ba mo tshepa gape.”

Boammaaruri ke gore: Go romela ditshwantsho tse di hepisang go diga seriti sa motho yo o di romelang le yo o di lebang. Mosetsana mongwe yo mosimane yo a ratanang le ene a mo pateleditseng gore a mo romelele molaetsa o o hepisang a re: “Go dira gore ke ikutlwe ke sa ithate e bile ke itshwabela.”

E re ka go romela melaetsa e e hepisang ka founo go ka nna le ditlamorago tse di sa siamang mo go wena le mo bathong ba bangwe gongwe le ditlamorago tse di amanang le dilo tsa semolao, o tla bo o dira sentle go dirisa kgakololo eno ya Baebele:

  • “Tshaba dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.”—2 Timotheo 2:22.

  • “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.”—Pesalema 119:37.

 Wena o ne o tla dirang?

Dirisa kgakololo ya Baebele mo kgannyeng eno e e diragetseng. Bala mafoko a ga Janet, mme o tlhophe gore wena o ne o tla dirang.

“Nako nngwe ke ile ka kopana le mosimane, mme ra naana dinomore tsa rona tsa megala. Pele ga beke e fela o ne a nkopa gore ke mo romelele ditshwantsho tsa me ke apere ‘bikini.’”—Janet.

O akanya gore Janet a ka bo a dirile eng? Wena o ne o tla dira eng?

  • TLHOPHO A O ka nna wa re: ‘Ga go na sepe se se phoso ka gone. Tota e bile, fa re ka ya lewatleng, o tla mpona ke e apere.’

  • TLHOPHO B O ka nna wa re: ‘Ga ke itse sentle gore o ikaeletse eng. Mma ke romele setshwantsho se ke sa apolang gotlhe mo go sone mme ke bone gore go tla diragalang morago ga foo.’

  • TLHOPHO C O ka nna wa re: ‘Selo fela se mosimane yono a se kgatlhegelang ke go tlhakanela dikobo. Ke tlile go phimola molaetsa wa gagwe.’

Go lebega Tlhopho C e le yone e e molemo, a ga go jalo? Tota e bile Baebele ya re: “Batho ba ba akanyang sentle ba tla bona bothata ba bo ba bo tila, motho yo o sa akanyeng ene o tla ya ka tlhamalalo kwa go jone mme morago a bo a ikwatlhaya.”—Diane 22:3, Good News Translation.

Ikatiso eno e bontsha bothata jo gantsi bo bakang go romelelana ditshwantsho tse di hepisang ka founo mmogo le mefuta e mengwe ya boitsholo jo bo sa siamang: A o tlhopha batho ba o ka tsalanang le bone? (Diane 13:⁠20) Lekgarebe lengwe e bong Sarah la re: “Itsalanye le batho ba o itseng gore ba ka se letlelele boitshwaro jo bo sa siamang.” Lekgarebe lengwe e bong Delia o dumalana le seo. A re: “Bangwe ba batho ba ba reng ke ditsala tsa gago ga ba leke go go thusa gore o nne o na le boitsholo jo bo siameng, go na le moo ba leka go dira gore o tlogele go itshwara ka tsela e e siameng. Fa boitshwaro jwa bone bo sa tsamaisane le melao ya Modimo, ba go kgothaletsa gore o se ka wa dira se o itseng se siame. A tota ke sone se o se batlang?”