Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Eng se ke Tshwanetseng go se Itse ka go Romelelana Melaetsa?

Ke Eng se ke Tshwanetseng go se Itse ka go Romelelana Melaetsa?
  • :-) Fa go romelelana melaetsa go dirisiwa sentle, e ka nna tsela e e molemo ya go itse gore ditsala tsa gago di ntse di tsoga jang.

  • :-( Fa go sa dirisiwe sentle, go ka senya botsala jwa lona—ga ba ga go senya leina.

Setlhogo seno se tla go lemotsha se o tshwanetseng go se itse ka

Gape go tla tlotliwa ka:

 Ba o ba romelelang melaetsa

Basha ba le bantsi ba tsaya go romelelana melaetsa e le tsela e e molemo ya go buisana. Fa batsadi ba gago ba se na bothata le gone, go romelelana melaetsa go dira gore o kgone go itse gore go ntse go ya jang ka batho ba o romelelanang melaetsa le bone.

“Papa ga a rate fa nna le nnake re bua le basimane. Fa re bua le bone ka founo, o batla re dirise founo ya mo ntlong, mo kamoreng ya bonno, ba bangwe ba le teng.”Lenore.

Se o tshwanetseng go se itse: Fa o naya mongwe le mongwe fela dinomoro tsa gago, o ka itsenya mo mathateng.

“Fa o se kelotlhoko gore o naya mang dinomoro tsa gago, o tla romelelwa melaetsa kgotsa ditshwantsho tse o sa di batleng.”Scott.

“Fa o romelelana melaetsa ka metlha le motho wa bong bo sele, lo ka iphitlhela lo setse lo kgatlhegelana.”Steven.

Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Go ela dilo dingwe tlhoko go ka go thusa go tila mathata.

Se se diragetseng: “Nna le mosimane mongwe re ne re le ditsala e bile re nna re romelelana melaetsa. Ke ne ke ipolelela gore re ditsala fela tse di ntshanang seinong. Ke ne ke sa bone seo e le bothata go fitlha a mpolelela gore o a nthata. Fa ke akanya ka se se diragetseng, ke gone ke bonang gore ke ne ke sa tshwanela go bo ke ile ka nnela go romelelana melaetsa le ene.”—Melinda.

Akanya ka seno: O akanya gore botsala jwa ga Melinda le mosimane yono bo tla amega jang fa Melinda a sena go itse gore o ikutlwa jang ka ene?

Fetola se se diragetseng! O akanya gore Melinda a ka bo a dirile eng gore ene le mosimane yono ba tswelele e le ditsala fela?

 Melaetsa e o e romelang

Go motlhofo go romelelana melaetsa—e bile go monate go e amogela—mo e leng gore go motlhofo go lebala gore batho ba ka nna ba tlhaloganya se o se kwadileng ka tsela e sele.

Se o tshwanetseng go se itse: Se o se kwalang se ka tlhaloganngwa ka tsela e sele.

“Mo molaetseng motho a ka se kgone go lemoga maikutlo a mokwadi le segalo sa lentswe—tota le fa a tsentse matshwao mo molaetseng. Go ka baka dikgotlhang.”—Briana.

“Basetsana bangwe ba ile ba itshenya maina e bile ba itsege ka go tshameka ka maikutlo a lorato a basimane mo melaetseng e ba ba romelelang yone.”—Laura.

Baebele ya re: “Batho ba ba siameng ba akanya pele pele ba araba.” (Diane 15:28, Good News Translation) Re ithuta eng mo temaneng eno? Bala molaetsa wa gago gape pele ga o o romela!

 Fa o romela melaetsa

Go ka nna molemo gore o itlhomele melao ya go romela melaetsa.

Se o tshwanetseng go se itse: Fa o sa ele tlhoko mokgwa o o kwalang melaetsa ka one, batho ba ka nna ba tsaya gore ga o na maitseo mme seo sa dira gore ba go kekologe.

Go motlhofo go lebala go nna maitseo fa o kwala melaetsa. Ke na le go iphitlhela ke kwala melaetsa mme ke ntse ke tlotla le mongwe kgotsa re le mo tafoleng re ja.”—Allison.

“Go kotsi go romela melaetsa o ntse o kgweetsa. Fa o sa tlhome mogopolo mo tseleng, o ka baka kotsi.”—Anne.

Baebele ya re: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, . . . nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Moreri 3:1, 7) Fela jaaka o tshwanetse go nna kelotlhoko fa o bua, o tshwanetse go nna kelotlhoko le fa o romela melaetsa!

 Dikgakololo ka Melaetsa

Ba o ba romelelang melaetsa

  • ;-)Ikobele kaelo ya batsadi ba gago.—Bakolosa 3:20.

  • ;-)O se ka wa naya mongwe le mongwe dinomoro tsa gago. Fa ka bonolo o gana go naya batho tshedimosetso ya sephiri—go akaretsa dinomoro tsa gago tsa selula—o nna le bokgoni jo o tla bo tlhokang fa o ntse o gola.

  • ;-)O se ka wa tlwaela batho ka tsela e e feteletseng o bo o ba romelela melaetsa e e bontshang gore o tshameka ka maikutlo a bone a lorato. Fa maikutlo a lorato a ka gola, o tla bo o ipakela masetlapelo le mathata.

“Batsadi ba me ba a itse gore ke dirisa founo ya me ya selula sentle, ka jalo ba a ntshepa gore ke tla dira ditshwetso tse di botlhale malebana le gore ke tla tsenya dinomoro tsa bomang mo founong.”—Briana.

Melaetsa e o e romelang

  • ;-)Pele o simolola go kwala molaetsa, ipotse jaana, ‘A mo boemong jono, go romela molaetsa go siame?’ Gongwe go ka tswa go le botoka go letsa kgotsa go bua le motho difatlhego di lebane.

  • ;-)O se ka wa kwala se o ka se kgoneng go se bolelela motho ka tlhamalalo. Sarah wa dingwaga di le 23 a re: “Fa o sa kgone go bua sengwe, o se ka wa se kwala.”

“Fa mongwe a go romelela ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, bolelela batsadi ba gago. Seo se tla go sireletsa e bile se tla dira gore batsadi ba gago ba go tshepe.”—Sirvan.

Fa o romela melaetsa

  • ;-)Itirele tshwetso go sa le gale ya gore ke leng o ka se diriseng founo. Mosetsana yo o bidiwang Olivia a re: “Ga ke dirise founo ya selula fa ke le mo tafoleng ke ja kgotsa fa ke ithuta. Ke a e tima fa ke le kwa dipokanong tsa Bokeresete gore ke se ka ka raelesega go e leba.”

  • ;-)Akanyetsa ba bangwe. (Bafilipi 2:4) O se ka wa romela molaetsa mme o ntse o tlotla le mongwe.

“Ke ipeetse melao ya gore ke se ka ka romelela batho melaetsa fa ke na le ditsala, kwantle ga fa go tlhokega. E bile ga ke fe batho ba ke sa ba tlwaelang dinomoro tsa me.—Janelly.