BASHA BA BOTSA JAANA
Nka Lebana Jang le go Tlhobaela?
Ke eng se se go tlhobaetsang?
A diele tse di latelang di tlhalosa ka fa o tleng o ikutlwe ka teng?
“Ke nna ke ipotsa gore: ‘Ke tla dirang fa . . . ?’ ‘Ke tla dirang fa re ka tlhagelwa ke kotsi ka koloi?’ ‘Ke tla dirang fa re ka wa ka sefofane?’ Ke tshwenyega ka dilo tse motho yo o botlhale a ka se tshwenyegeng ka tsone.”—Charles.
“Ke nna ke tlhobaela ka dinako tsotlhe, jaaka e kete ke peba e e dikologang mo leotwaneng e sa ye gope. Ke ntsha ga tshwene fa ke bereka mme ga ke bone se ke se berekelang!”—Anna.
“Fa batho ba nthaya ba re ke lesego go bo ke sa ntse ke tsena sekolo, ke bua jaana mo pelong, ‘Fa ba ka bo ba itse gore sekolo se lapisa jang!’”—Daniel.
“Ke nna fela ke gateletswe. Ke nna ke tshwenyegile ke se se tla diregang kgotsa ka se ke tshwanetseng go se dira.”—Laura.
Boammaaruri: Re tshela mo dinakong tse Baebele e reng ke “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Seo se dira gore basha ba tlhobaele fela jaaka bagolo.
A go na le go tlhobaela go go siameng?
Karabo ke ee. Tota e bile, Baebele ya re batho ba tshwanetse go tlhobaela ka go itumedisa batho ba ba ba ratang.—1 Bakorintha 7:32-34; 2 Bakorintha 11:28.
Gape go tlhobaela go ka re tlhotlheletsa go dira sengwe. Ka sekai, a re re o tla bo o kwala tlhatlhobo kwa sekolong beke e e tlang. Go tlhobaela go ka dira gore o patelesege go bala mo bekeng eno, mme seo se ka go thusa gore o falole tlhatlhobo eo!
Gape go tlhobaela ka selekanyo se se rileng go ka go tlhagisa fa go na le kotsi. Serena yo o mo dingwageng tsa bolesome a re: “Motho a ka tlhobaela ka gonne a itse gore o dira sengwe se se phoso le gore o tshwanetse go dira se se siameng gore segakolodi sa gagwe se nne phepa.”—Bapisa Jakobe 5:14.
Boammaaruri: Go tlhobaela go ka go thusa, fa fela go go tlhotlheletsa go dira se se siameng.
Mme jaanong go tweng fa go tlhobaela go dira gore o akanye ka tsela e e phoso?
Go tlhobaela go ka dira gore o ikutlwe e kete ga o na kgoro ya botso, mme mongwe yo o nang le maitemogelo a ka go thusa
Sekai: Richard wa dingwaga tse 19 a re: “Ke tlhobaela thata fa ke akanya ka dilo tse di ka bakiwang ke go ngomoga pelo. Ke nna ke akanya ka kgang eo gangwe le gape go fitlha ke tlhobaela thata.”
Baebele ya re “pelo e e ritibetseng ke botshelo jwa setshedi sa senama.” (Diane 14:30) Ka fa letlhakoreng le lengwe go tlhobaela go ka dira gore motho a opiwe ke tlhogo, a tsewe ke sedidi, a segwe ke mala le gore pelo ya gagwe e iteye thata.
O tshwanetse go dirang fa go tlhobaela go sa go thuse ka sepe?
Se o ka se dirang
Ipotse gore a o tshwanetse go tlhobaela. “Go akanya ka maikarabelo a gago ga go tshwane le go tlhobaela thata. Go tlhobaela go dira gore o nne le tiro mme tiro eo e ka se go thuse ka sepe.”—Katherine.
Baebele ya re: “Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe?”—Mathaio 6:27.
Seno se rayang? Fa go tlhobaela go sa go thuse go rarabolola mathata, go tla go okeletsa mathata kgotsa e tla nna bone bothata.
O se ka wa tlhobaela ka dilo tsa kamoso. “Akanya pele. A se o tlhobaelang ka sone se tla go solegela molemo letsatsi le le latelang, kgwedi e e tlang, ngwaga o tlang kgotsa morago ga dingwaga tse tlhano?”—Anthony.
Baebele ya re: “Jalo, lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone.”—Mathaio 6:34.
Seno se rayang? Ga go thuse go tlhobaela ka dilo tsa letsatsi le le latelang—tse dingwe tsa tsone di ka se diregeng.
Ithute go amogela dilo tse o sa kgoneng go di fetola. “Dira se o ka se kgonang go ipaakanyetsa mathata a a ka tlhagang mme o amogele gore go na le maemo a o ka se kgoneng go a fetola.”—Robert.
Baebele ya re: “Ba ba bofefo ga ba fenye lobelo, . . . le fa e le ba ba nang le kitso ga ba na kamogelo; ka gonne botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:11.
Seno se rayang? Ka dinako dingwe o ka se kgone go rarabolola mathata a gago mme o ka fetola tsela e o a lebang ka yone.
Sekaseka mathata a gago. “Ke lemogile gore ke tlhoka go tlhaloganya mathata a me sentle mme ke tlogele go itshwenya thata ka dintlha tse dinnye tsa mathata ao. Ke tshwanetse go dirisa maatla ame mo dilong tse di botlhokwa thata.”—Alexis.
Baebele ya re: ‘Tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata.’—Bafilipi 1:10.
Seno se rayang? Batho ba ba tlhaloganyang mathata a bone sentle ga se gantsi ba fekeediwang ke go tlhobaela.
Bulela mongwe mafatlha. “Fa ke ne ke le dingwaga di le 11, ke ne ke tlhola ke ya lapeng ke tswa sekolong ke tlhobaela ka letsatsi le le latelang. Mama le papa ba ne ba ntheetsa fa ke ba bulela mafatlha. Ke ne ke itumelela go bua le bone. Ke ne ke ba tshepa e bile ke kgona go bua le bone ke phuthologile. Seo se ne se nthusa go lebana le letsatsi le le latelang.”—Marilyn.
Baebele ya re: “Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang, mme lefoko le le molemo le a e ipedisa.”—Diane 12:25.
Seno se rayang? Motsadi kgotsa tsala e ka go naya dikakantsho tsa gore o ka fokotsa go tlhobaela jang.
Rapela. “Go rapelela kwa godimo e bile ke kgona go utlwa lentswe la me go a nthusa. Go nthusa gore ke kgone go bua ka se se ntlhobaetsang go na le go akanya thata ka sone. Gape go nthusa go lemoga gore Jehofa o mogolo go feta selo se ke tlhobaelang ka sone.”—Laura.
Baebele ya re: ‘Latlhelang tlhobaelo yotlhe ya lona mo [Modimong], ka gonne o a lo kgathalela.’—1 Petere 5:7.
Seno se rayang? Thapelo ga se tsela ya go itharabololela mathata a rona. Ke go nna le puisano le Jehofa Modimo yo o re solofetsang jaana: “O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota.”—Isaia 41:10.