Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke na Le Maikarabelo go le Kana Kang?

Ke na Le Maikarabelo go le Kana Kang?

 Itshekatsheke!

  • . . . ka metlha, gantsi, ka dinako tse dingwe, kgotsa ga nke go direga

    • Ke bua boammaaruri

    • Ke ka ikanngwa

    • Ke tshwara nako

    • Ke senatla

    • Ke motho yo o rulaganeng

    • Ke rata go thusa

    • Ke tekatekano

    • Ke maitseo

    • Ke amega ka batho

  • O dira sentle thata mo go efe ya dinonofo tseno?

    Tshwara fela jalo.—Bafilipi 3:16.

  • Ke nonofo efe e o tshwanetseng go leka ka natla thata go nna le yone?

Dintlha tse di latelang di tla go thusa gore o tokafatse mo ntlheng eo.

 Go nna le maikarabelo go kaya eng?

Batho ba ba nang le maikarabelo ba dira dilo tse ba tshwanetseng go di dira kwa gae, kwa sekolong le mo setšhabeng. Ba lemoga gore ba tshwanetse go tsaya maikarabelo a se ba se dirang. Ka jalo, fa ba dira phoso, ba a e amogela, ba kopa maitshwarelo ba bo ba leka go e baakanya.

Baebele ya re: “Mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.”—Bagalatia 6:5.

 Ke eng fa ke tshwanetse go batla go nna le maikarabelo?

Motho yo o nang le maikarabelo o dirisa bokgoni jwa gagwe ka botlhale mme go direga thata gore a tseelwe kwa godimo, a tshwarwe jaaka mogolo a bo a newe kgololesego le ditshiamelo dingwe.

Baebele ya re: “A o bone motho yo o setswerere mo tirong ya gagwe? O tla ema fa pele ga dikgosi.”—Diane 22:29.

Gantsi motho yo o nang le maikarabelo o pelotshweu mme go direga thata gore a nne le ditsala tse di itumedisang.

Baebele ya re: “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela.”—Luke 6:38.

Motho yo o nang le maikarabelo o ikutlwa a fitlheletse sengwe e bile o nna motlotlo ka tsela e e siameng mme seo se dira gore a itshepe.

Baebele ya re: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi.”—Bagalatia 6:4.

 Nka nna le maikarabelo jang go feta pele?

Go go thusa go araba potso eo, leba mafoko a a latelang. Ke mafoko afe a a tlhalosang sentle kafa wena o ikutlwang ka teng?

“Go betisa pelo go tshwarwa jaaka ngwana yo a ka se keng a tswe fa thoko ga Mama le Papa sebaka sa ura ba sa itse gore o kae!”—Kerri.

“Gantsi batsadi ba me ba ntetlelela gore ke tsamaye le ditsala tsa me ntle le mathata ape.”—Richard.

“Fa ke lebelela bana ba ba lekanang le nna le dilo tse ba letlelelwang go di dira, ke na le go akanya jaana: ‘Ao bathong! Tota goreng nna batsadi ba me ba sa ntetlelele gore ke dire seno?’”—Anne.

“Batsadi ba me ba ntetlelela gore ke dire mo e batlang e le sengwe le sengwe se ke batlang go se dira. Ke leboga go bo ba nnaya kgololesego e ke nang le yone.”—Marina.

Sa botlhokwa: Basha bangwe ba newa kgololesego e kgolwane go feta ba bangwe. Ke eng se se ka dirang gore go nne le pharologano eno?

Boammaaruri ke gore: Gantsi selekanyo sa kgololesego e o e newang ke batsadi se laolwa ke gore ba setse ba go tshepa go le kana kang.

Ka sekai, akanya ka se basha ba babedi ba ba nopotsweng fa godimo ba ileng ba se bua.

Richard: “Nako nngwe batsadi ba me ba ne ba na le dipelaelo malebana le gore a ke tla kgona go dirisa kgololesego ya me sentle. Mme jaanong ba a ntshepa ka gonne ke dirisa kgololesego ya me ka tsela e e bontshang gore ke na le maikarabelo. Ga nke ke aketsa batsadi ba me fa ke ba bolelela gore ke ya kae kgotsa gore ke tsamaya le mang. E bile tota, ke bolelela batsadi ba me gore ke ikaelela go dira eng ntle le gore bone ba mpotse.”

Marina: “Ke akeditse batsadi ba me gabedi mo botshelong jwa me, mme ba ile ba ntshwara ka makgetlo ao ka bobedi. Fa e sa le ka nako eo, ke ntse ke bolelela batsadi ba me boammaaruri. Ka sekai, ka metlha ke ba bolelela gore ke kwa kae le gore ke dirang, mme fa ke tloga foo ke a ba bolelela. Jaanong ba ntshepa fela thata.”

Ke eng se se tlang pele mo go wena—ditiro tsa mo gae kgotsa boitlosobodutu?

A o ka rata go tshwarwa jaaka Richard le Marina? Fa go le jalo, itshekatsheke ka dintlha tse di latelang:

KAFA O ITSHWARANG KA TENG MO GAE

  • A o fetsa ditiro tsotlhe tse o di abetsweng?

  • A o fitlha kwa lapeng ka yone nako e o e beetsweng?

  • A o tlotla batsadi ba gago le bana ba gaeno?

O tlhoka go berekela mo go efe ya dintlha tseno, fa e le gore e teng?

Baebele ya re: “Utlwang batsadi ba lona.”—Baefeso 6:1.

DITHUTO TSA GAGO

  • A o fetsa ditiro tsa sekolo tse o di abelwang go di dira kwa gae ka nako?

  • A o dira ka natla go tokafatsa maduo a gago?

  • A o na le mekgwa e mentle ya go ithuta?

O tlhoka go berekela mo go efe ya dintlha tseno, fa e le gore e teng?

Baebele ya re: “Botlhale ke tshireletso.” (Moreri 7:12) Go nna le thuto e e siameng go tla go thusa gore o nne botlhale.

TSELA E O ITSEWENG KA YONE

  • A o bolelela batsadi ba gago le batho ba bangwe boammaaruri?

  • A o kgona go dirisa madi sentle?

  • A o itsege o le motho yo o ka ikanngwang?

O tlhoka go berekela mo go efe ya dintlha tseno, fa e le gore e teng?

Baebele ya re: “Lo apare botho jo bosha.” (Baefeso 4:24) O ka kgona go tokafatsa mekgwa ya gago le tsela e o itseweng ka yone.

Kakantsho: Tlhopha sengwe se o tlhokang go tokafatsa mo go sone. Bua le ba bangwe ba ba dirang sentle mo ntlheng eno, mme o kope kgakololo ya bone. Dira lenaane la ditsela tse di tlhomameng tse o tla di dirisang go tokafatsa mo ntlheng eno, o bo o lebelela gore o gatela pele jang mo ntlheng eno ka lobaka lwa kgwedi. Kwala mo tayaring fa o atlega le fa o boela morago. Ela tlhoko gore o gatetse pele go le kana kang fa kgwedi e fela.