Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Eng se ke Tshwanetseng go se Itse ka go Sotliwa ka Thobalano?—Karolo 2: Go Fola

Ke Eng se ke Tshwanetseng go se Itse ka go Sotliwa ka Thobalano?—Karolo 2: Go Fola

 Go lwantshana le go ipona molato

Batho ba le bantsi ba ba kileng ba sotliwa ka thobalano ba tlhabisiwa ditlhong ke se se ba diragaletseng. Ba ka nna ba ipona molato ka se se ba diragaletseng. Akanya ka Karen wa dingwaga tse 19 yo o neng a sotliwa ka thobalano mo dingwageng tse di fa gare ga 6 le 13. A re: “Selo se ke lwang le sone thata ke go ipona molato. Ke ipotsa gore, ‘Goreng ke ile ka letla gore ke sotliwe ka thobalano ka lobaka lo loleele jaana?’”

Fa e le gore o ikutlwa jalo ka seemo sa gago, akanya ka seno:

  • Mmele le maikutlo a bana ga di ise di siamele gore ba ka tlhakanela dikobo. Ga ba itse gore goreng go tlhakanelwa dikobo, ka jalo, ga ba ka ke ba dumela go dira jalo ka mabaka a a utlwalang. Seno se raya gore fa ngwana a sotliwa ka thobalano ga se molato wa gagwe.

  • Bana ba tshepa bagolo e bile ga ba kgone go lemoga maano a batho ba ba bosula, e leng selo se se ka ba tsenyang mo kotsing. Buka ya The Right to Innocence ya re: “Batho ba ba sotlang bana ka thobalano ke maferefere a mmatota e bile bana ga ba ka ke ba kgona go emelana le matlhale a bone.”

  • Ngwana o kgona go nna le maikutlo a thobalano fa a ntse a sotliwa ka thobalano. Fa e le gore o kile wa diragalelwa ke seno, tlhomamisega gore ke tsela e mmele o tsibogang ka yone fa o tshwarwa ka tsela nngwe e e rileng. Ga se gore o dumalane le motho yo o neng a go sotla kgotsa ke molato wa gago go bo seo se diragetse.

Kakantsho: Akanya ka ngwana yo o mo dingwageng tse o neng o le mo go tsone fa o sotliwa. Ipotse gore, ‘A go tla bo go siame go pega ngwana yoo molato fa a ka bo a sotlilwe ke mongwe?’

Karen o ne a akanya ka seo nako nngwe fa a ne a tlhokometse bana ba le bararo, ba mongwe wa bone a neng a tloga a tshwara dingwaga di le thataro—dingwaga tse Karen a neng a simolola go sotliwa ka thobalano a le mo go tsone. Karen a re: “Ke lemogile gore ngwana yo o mo dingwageng tseo ga a kgone go itshireletsa—ruri go ne go se na sepe se nka se dirang ka nako eo.”

Boammaaruri: Molato ke wa motho yo o go sotlileng ka thobalano. Baebele ya re: “Boikepo jwa moikepi bo tla nna mo go ene [motho yoo] ka esi.”Esekiele 18:20.

 Botlhokwa jwa go bulela mongwe mafatlha

Go bua ka kgang eno le motho yo o mo tshepang go ka go imolola. Baebele ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.

Go a utlwala gore o ka nna wa bona go le botoka go didimala fela ka se se go diragaletseng. Gongwe o tsaya go didimala ka kgang go go sireletsa gore o se ka wa utlwa botlhoko le go feta. Mme gone, ela tlhoko gore le fa go didimala go ka go thusa gore o se ka wa utlwa botlhoko, gape go ka dira gore o se ka wa bona thuso.

Le fa go didimala go ka go thusa gore o se ka wa utlwa botlhoko, gape go ka dira gore o se ka wa bona thuso

Lekgarebe lengwe le le bidiwang Janet le lemogile gore go bua ka go sotliwa ka thobalano go mo thusitse thata. A re: “Fa ke sa ntse ke le mmotlana ke ne ka sotliwa ka thobalano ke mongwe yo ke mo itseng e bile ke mo tshepa mme ke ne ka fetsa dingwaga ke sa bue sepe ka kgang eo. Mme fa ke sena go bolelela mama ka yone, ke ne ka utlwa e kete ke rotse morwalo o o bokete tota.”

Fa Janet a gopola se se mo diragaletseng, o tlhaloganya sentle gore ke eng fa go ka nna thata gore batho ba bue ka se se ba diragaletseng. Janet a re: “Go bua ka go sotliwa ka thobalano go tlhabisa ditlhong tota. Le fa go ntse jalo, go didimala ka se se ntiragaletseng go ne go nkutlwisa botlhoko tota. Go botoka go bo ke ile ka bolelela mongwe ka bonako go na le go tsaya lobaka lo loleele ke sa bue ka gone.”

 ‘Nako ya go fola’

Go sotliwa ka thobalano go ka tswa go dirile gore o itebe ka tsela e e sa siamang. Ka sekai, gongwe o bona e kete o golafetse, ga o na mosola wa sepe fa e se go kgotsofatsa batho ba bangwe ka thobalano. Gone jaanong o na le tshono ya go itse boammaaruri le go solegelwa molemo ke ‘nako ya go fola.’ (Moreri 3:3) O ka thusiwa ke eng fa o ntse o dira maiteko a go fola?

Go ithuta Baebele. Baebele e na le dikakanyo tsa Modimo tse ‘di maatla . . . go ka pitikolola dilo tse di nweleletseng kwa teng thata’—go akaretsa le go ipona o se motho wa sepe. (2 Bakorintha 10:4, 5) Ka sekai bala ditemana tse di latelang o bo o akanye ka tsone: Isaia 41:10; Jeremia 31:3; Malaki 3:16, 17; Luke 12:6, 7; 1 Johane 3:19, 20.

Thapelo. Fa o fekeediwa ke go ipona molato kgotsa go ikutlwa o se motho wa sepe, “latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa” ka thapelo. (Pesalema 55:22) Ga a kitla a go latlha!

Bagolwane ba phuthego. Banna bano ba Bakeresete ba thapiseditswe go nna “jaaka lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu.” (Isaia 32:2) Ba ka go thusa go iteba ka tsela e e siameng le go tswelela o itumelela go tshela.

Ditsala tse di siameng. Ela tlhoko banna le basadi ba Bakeresete ba ba tlhomang sekao se se molemo. Ela tlhoko kafa ba tshwaranang ka teng. Fa nako e ntse e ya, o tla lemoga gore ga se batho botlhe ba ba reng ba a go rata ba ba ka go sotlang.

Lekgarebe lengwe le le bidiwang Tanya le ithuta thuto eo e e botlhokwa. O ne a sotliwa ka thobalano ke banna ba le mmalwa go tloga fa a sa le monnye. A re: “Banna botlhe ba ke neng ke atamalane thata le bone, ba nkutlwisitse botlhoko.” Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya Tanya o ne a lemoga gore go na le banna ba ba nang le lorato lwa mmatota. O lemogile seo jang?

Tanya o ne o fetola kafa a akanyang ka gone morago ga go itsalanya le banyalani ba Bakeresete ba ba tlhomang sekao mo tseleng e ba tshelang ka yone. A re: “Ke ne ke ka bona ka ditiro tsa monna yoo gore ga se banna botlhe ba ba sotlang ka thobalano. Monna yoo o ne a sireletsa mosadi wa gagwe e bile tota ke sone se Modimo a se batlang.” *Baefeso 5:28, 29.

^ ser. 27 Fa o na le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong, go sa je sentle, go ikgobatsa, go dirisa diritibatsi, go sa robale sentle kgotsa go nna o akanya ka go ipolaya, go ka nna botoka gore o kope thuso ya ngaka.