Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Dira Jang fa ke Tshwenngwa ka Tsa Tlhakanelodikobo?

Nka Dira Jang fa ke Tshwenngwa ka Tsa Tlhakanelodikobo?

 Go tshwenngwa ka tsa tlhakanelodikobo ke eng?

Go tshwenngwa ka tsa tlhakanelodikobo go akaretsa go patelediwa go dira dilo dipe fela tse di amanang le tlhakanelodikobo o sa batle—go akaretsa go tshwaratshwara kgotsa le e leng go bua ka tlhakanelodikobo ka tsela e e sa tshwanelang. Mme gone, ka dinako dingwe go ka nna thata go lemoga pharologano magareng ga go rumolwa, go tshameka ka maikutlo a lorato le go tshwenngwa ka tsa tlhakanelodikobo.

A o itse pharologano ya dilo tseno? Bona  dipotso tse di kaga go tshwenngwa ka tsa tlhakanelodikobo go bona karabo!

Ka maswabi, ga se ka metlha go tshwenngwa ka tsa tlhakanelodikobo go kgaotsang fa o fetsa sekolo. Le fa go ntse jalo, fa gone jaanong o ithuta kafa o ka itshwarang ka gone fa o tshwenngwa ka tsa tlhakanelodikobo, o tla bo o ipaakanyeditse go lebana le gone kwa tirong. Tota e bile o ka bo wa thibela motho yo o go tshwenyang ka tsa tlhakanelodikobo gore a se ka a utlwisa ba bangwe botlhoko!

 Ke tshwanetse go dira eng fa ke tshwenngwa ka tsa tlhakanelodikobo?

Go tshwenngwa ka tsa tlhakanelodikobo go ka nna ga fela fa o itse gore go kaya eng le gore o tshwanetse go dira eng ka gone! Sekaseka maemo ano a mararo le kafa o ka lebanang le boemo bongwe le bongwe ka gone.

BOEMO:

“Kwa tirong, banna bangwe ba ba neng ba mpheta thata ka dingwaga ba ne ba a tle ba mpolelele gore ke montle le gore ba eletsa e kete ba ka bo ba le bannye ka dingwaga di le 30. Mongwe wa bone o ne a bo a tla kafa morago ga me a dupa moriri wa me!”—Tabitha, 20.

Tabitha o ne a ka akanya jaana: ‘Fa nka itlhokomolosa seno ke bo ke itshoka, gongwe o tla kgaotsa.’

Ke eng fa seo se ka nna sa se ka sa thusa: Baitse ba re fa batho ba ba tshwenngwang ka tsa tlhakanelodikobo ba go itlhokomolosa, gantsi batho ba ba ba tshwenyang ga ba kgaotse e bile ba ba tshwenya le go feta.

Go na le go dira jalo leka seno: Ikemele mme o ritibetse e bile o tlhomame bolelela motho yo o go tshwenyang gore ga o rate tsela e a buang ka yone kgotsa e a itshwarang ka yone. Taryn, wa dingwaga di le 22 a re: “Fa mongwe a ntshwaratshwara ka tsela e e sa tshwanelang ke mmolelela ke tlhomame gore a se ka a bo a ntshwara jalo gape. Gantsi seo se dira gore motho yo o go tshwenyang a gamarege.” Fa motho yo o go tshwenyang a sa kgaotse, tlhomama mme o se ka wa ineela. Fa Baebele e bua ka go nna re bolokile melao ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo ya re: “Nitama, tlhomama o bo o nne pelokgale.”—Bakolosa 4:12, The New Testament in Contemporary Language.

Go tweng fa motho yo o go tshwenyang a go tshosetsa ka gore o tla go gobatsa? Mo boemong joo, o se ka wa ngangisana le ene. Tswa moo ka bonako jo bo kgonegang mme o kope thuso ya motho yo mogolo yo o ikanyegang.

BOEMO:

Fa ke ne ke le mo grade ya borataro, basetsana bangwe ba babedi ba ne ba ntshwara mo phashiting. Mongwe wa bone e ne e le lesbian, mme o ne a batla gore ke intshe le ene. Le fa ke ne ke gana, ba ne ba nna ba ntshwenya letsatsi le letsatsi fa re tswa mo tlelaseng e nngwe re ya kwa go e nngwe. Nako nngwe ba ne ba nkgoromeletsa mo loboteng!”—Victoria, 18.

Victoria a ka tswa a ile akanya jaana: ‘Fa nka bolelela mongwe ka gone, batho ba tla akanya gore ke bokoa gongwe e bile ga go ope yo o ka dumelang seo.’

Lebaka la go bo go akanya jalo go ne go ka se ka ga thusa: Fa o sa bolelele ope, motho yo o go tshwenyang a ka nna a tswelela a go tshwenya a bo a tshwenya le ba bangwe.—Moreri 8:11.

Go na le go dira jalo leka seno: Kopa thuso. Batsadi le barutabana ba ka go thusa go dira gore motho yo o go tshwenyang a kgaotse go go tshwenya. Mme go tweng fa e le gore batho ba o ba bolelelang ga ba go tseye tsia? Leka seno: Nako le nako fa o tshwenngwa kwala seo fa fatshe. Kwala letlha, nako le lefelo le tiragalo nngwe le nngwe e diragetseng kwa go lone mmogo le se motho yo o go tshwenyang a se buileng. Go tswa foo, naya motsadi kgotsa morutabana se o se kwadileng. Batho ba le bantsi ba tsibogela thata se motho a se kwadilweng go na le se a se buang.

BOEMO:

Ruri ke ne ke tshaba mosimane mongwe yo o neng a le mo setlhopheng sa rugby. O ne a ka nna dimetara di le pedi ka boleele, boima jwa gagwe jwa mmele e le dikilogerama tse 135! O ne a ipoleletse gore o tla tlhakanela dikobo le nna. O ne a ntshwenya mo e batlang e le letsatsi lengwe le lengwe—ngwaga otlhe. Ka letsatsi lengwe e ne e le rona fela mo phaposing mme a simolola go nkatamela thata. Ke ne ka tswa ka lobelo mo kgorong mme ka sia.”—Julieta, 18.

Julieta o ne a ka akanya jaana: ‘Waitse gore basimane ba ntse jang.’

Ke eng fa seo se ka nna sa se ka sa thusa: Go ka direga gore motho yo o go tshwenyang ka tsa tlhakanelodikobo a se ka a fetoga fa mongwe le mongwe a tsaya gore tsela e a itshwarang ka yone e a amogelesega.

Go na le go dira jalo leka seno: O se ka wa itetla go raelesega gore seo ga se re sepe kgotsa go araba o nyenya. Go na le moo, tlhomamisa gore tsela e o itshwarang ka yone—go akaretsa le tsela e o lebegang ka yone mo sefatlhegong—e bontsha motho yo o go tshwenyang gore ga o letlelele sengwe le sengwe.

 Ke ne ke tla dira eng?

SENGWE SE SE DIRAGETSENG 1:

Ga ke rate go bifela batho. Ka jalo, tota le fa batho ba ne ba nna ba ntshwenya, ke ne ke tle ke ba bolelele gore ba emise—mme ke ne ke sa tlhomama e bile gantsi ke ne ke nyenya fa ke ntse ke bua le bone. Ba ne ba akanya gore ke tshameka ka maikutlo a bone a lorato.”—Tabitha.

  • Nkabo o le Tabitha, o ne o ka dira eng fa batho bao ba ne ba go tshwenya? Ka ntlha yang?

  • Ke eng se se ka dirang gore motho yo o go tshwenyang a akanye gore o tshameka ka maikutlo a gagwe a lorato?

SENGWE SE SE DIRAGETSENG 2:

Go simolotse ka gore basimane bangwe mo tlelaseng ya rona ya go ikatisa ba bue dilo tse di maswe. Ka dibeke di le mmalwa ke ne ka itlhokomolosa se ba neng ba se bua mme dilo di ne tsa nna maswe le go feta. Go tswa foo basimane bano ba ne ba simolola go bapa le nna ba bo ba baya matsogo a bone mo magetleng a me. Ke ne ka ba kgorometsa mme ba ne ba nna ba tswelela. Kgabagare, mongwe wa basimane bao o ne a nnaya pampitshana e e neng e na le molaetsa o o kgopisang. Ke ne ka e naya morutabana wa me. Mosimane yoo o ne a lelekwa ka nakwana kwa sekolong. Ke ne ka lemoga gore go tloga kwa tshimologong ke tshwanetse nkabo ke ile ka ya kwa morutabaneng!”—Sabina.

  • O akanya gore ke eng fa Sabina a sa ya kwa morutabaneng go tloga fela kwa tshimologong? A o akanya gore o dirile tshwetso e e molemo? Goreng o rialo?

SENGWE SE SE DIRAGETSENG 3:

Mosimane mongwe o ne a latela kgaitsadiake e bong Greg kwa ntlwaneng. Mosimane yoo o ne a atametsa sefatlhego sa gagwe mo go Greg a bo a mo raya a re, ‘Nkatle.’ Greg o ne a gana mme mosimane yoo ga a ka a tsamaya. Tota e bile, Greg o ne a tshwanelwa ke go mo kgorometsa.”—Suzanne.

  • A o akanya gore Greg o ne a tshwenngwa ka tsa tlhakanelodikobo? Goreng o rialo?

  • Ke eng fa o akanya gore basimane bangwe ba okaoka go bua fa ba tshwenngwa ka tsa tlhakanelodikobo ke basimane ba bangwe?

  • A o dumalana le tsela e Greg a neng a dira dilo ka yone? Wena o ka bo o dirile eng?

Ithute mo go oketsegileng: Bona kgaolo 32, “Nka Itshireletsa Jang mo Bathong ba ba Sotlang Bana ka Tlhakanelodikobo?” mo bukeng Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo ya 1.