Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Tlogela Jang go Akanya ka Dilo Tse di Nkgobang Marapo?

Nka Tlogela Jang go Akanya ka Dilo Tse di Nkgobang Marapo?

 O akanya gore o motho yo o ntseng jang?

  •   Go nna le tsholofelo

     “Ke leka go nna ke itumetse e bile ke ritibetse. Ke leka go nna ke nyenya e bile ke itumetse letsatsi le letsatsi.”—Valerie.

  •   Go akanya ka dilo tse di kgobang marapo

     “Fa go direga sengwe se sentle ke akanya gore ke phoso kgotsa ga se boammaaruri.”—Rebecca.

  •   Leba dilo ka tsela e e tshwanetseng

     “Fa ke solofetse gore sengwe se tla direga, se bo se sa direge, ke kgobega marapo. Fa ke akanya ka dilo tse di nkgobang marapo, ke nna fela ke sa itumela. Go akanya sentle go dira gore ke lebe dilo ka fa di ntseng ka teng.”—Anna.

 Goreng seno se le botlhokwa?

 Baebele ya re “Yo o nang le pelo e e thamileng o nna le modiro ka metlha.” (Diane 15:15) Batho ba ba tilang go akanya ka dilo tse di sa siamang tse di diregang mo botshelong mme ba nna ba akanya ka dilo tse dintle tse batho ba bangwe ba ba direlang tsone ba nna ba itumetse. Gape go motlhofo gore ba dire ditsala tse dintsi. Tota ke mang yo o ka itumelelang go nna le motho yo o nnang fela a sa itumela e bile a kgobegile marapo?

 Le fa o leka go nna le tsholofelo, go na le dilo dingwe tse di diregang mo botshelong tse di tla go kgobang marapo. Ka sekai:

  •   O ka nna wa utlwa dikgang di bua ka borukhutlhi, dintwa le bokebekwa.

  •   O ka tshwanelwa ke go lebana le mathata mo lapeng.

  •   Boammaaruri ke gore o na le makoa e bile ga o a itekanela.

  •   Tsala ya gago e ka tswa e go utlwisitse botlhoko.

 Go na le gore o itlhokomolose mathata ao, kgotsa o tlhome mogopolo thata mo go one leka go a leba ka tsela e e siameng. Go leba dilo sentle go tla go thusa go tila go akanya ka dilo tse di tla go kgobang marapo.

O ka itshokela matshwenyego a botshelo o itse gore letsatsi lengwe go tla nna botoka

 Se o ka se dirang

  •   Leba diphoso tsa gago ka tsela e e siameng.

     Baebele ya re: “Ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo mme a sa leofe.” (Moreri 7:20) Kgang fela ya gore o dira diphoso e bontsha gore le wena o motho, e seng gore ga o a siama.

     O ka leba dilo jang ka tsela e e siameng: Leka go dira dilo ka tsela e e siameng mme o gopole gore ga o a itekanela. Caleb a re: “Ke leka gore ke se ka ka tlhoma mogopolo mo diphosong tsa me, go na le moo ke ithuta mo go tsone ke bo ke bona gore nka tokafatsa kae.”

  •   O se ka wa ipapisa le batho ba bangwe.

     Baebele ya re: “A re se ikgogomoseng, re gaisana, re fufegelana.” (Bagalatia 5:26) Go leba dinepe tsa diphathi tsotlhe fela tse o neng o sa lalediwa kwa go tsone, go ka dira gore o kgobege marapo le gore o galefe. O ka utlwa botlhoko thata mo o ka simololang go akanya gore ditsala tsa gago ga di go rate.

     O ka leba dilo jang ka tsela e e siameng: Amogela gore o ka se lalediwe kwa diphathing tsotlhe. Gape gopola gore dinepe tse o di bonang mo social media ga di go bontshe sengwe le sengwe ka botshelo jwa motho. Alexis a re: “Gantsi batho ba bontsha fela dinepe tsa fa ba itumetse le fa go le monate. Go tlwaelegile gore batho ba se ka ba baya dinepe tsa dilo tse di diregang mo matshelong a bone letsatsi le letsatsi.”

  •   Lwela go dira kagiso mo lapeng.

     Baebele ya re: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.” (Baroma 12:18) O ka se kgone go laola tsela e batho ba bangwe ba dirang dilo ka yone mme o ka kgona go laola se wena o se dirang. O ka tlhopha go nna motho yo o dirang kagiso.

     O ka leba dilo jang ka tsela e e siameng: Lwela go dira gore go nne le kagiso mo lapeng, fela jaaka o ne o ka batla gore go nne le kagiso magareng ga gago le ditsala tsa gago. Melinda a re: “Rotlhe ga re a itekanela, ka jalo re tlile go nna re utlwisana botlhoko. Ke boikarabelo jwa rona gore re tla dira kagiso kgotsa jang.”

  •   Ithute go leboga.

     Baebele ya re: “Itshupeng lo na le tebogo.” (Bakolosa 3:15) Fa o leboga, o tla kgona go lemoga dilo tse dintle tse di diregang mo botshelong jwa gago e bile ga o kitla o tlhoma mogopolo mo dilong tse di sa itumediseng tse di diregang.

     O ka leba dilo jang ka tsela e e siameng: Amogela gore mathata a tla nna a le teng mme o se ka wa itlhokomolosa dilo tse dintle tse di diregang mo botshelong jwa gago. Rebecca a re o na le buka e a kwalang sengwe le sengwe se se diregang mo botshelong jwa gagwe mo go yone. A re: “Letsatsi le letsatsi ke kwala sengwe le sengwe se ke se itumeletseng se se diregileng mo letsatsing leo. Ke batla go ikgopotsa gore le fa ke na le mathata go nna go na le sengwe se sentle se nka akanyang ka sone.”

  •   Ela tlhoko gore o itsalanya le bomang.

     Baebele ya re: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) Fa o fetsa nako e ntsi le batho ba ba ratang go ngongorega gape ba rata go tshwayatshwaya diphoso, le wena o ka feleletsa o tshwana le bone.

     O ka leba dilo jang ka tsela e e siameng: Ka dinako dingwe fa ditsala tsa gago di nna le mathata, ba tlile go ikutlwa ba gateletswe mo maikutlong e bile ba utlwile botlhoko. Ba thuse, mme o se ka wa letla mathata a bone a go ama thata. Michelle a re: “Ga re a tshwanela go itsalanya fela le batho ba ba nnang ba akantse ka dilo tse di kgobang marapo.”

 Bala thata ka dilo tse di ka dirang gore o se ka wa kgobega marapo

 Re tshela mo nakong e Baebele e e bitsang “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) A o fitlhela go le thata go akanya ka dilo tse di itumedisang, ka gonne go tletse mathata mo lefatsheng? Bala setlhogo se se reng “Ke Eng fa Batho ba Boga Thata Jaana?