Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Eng Se se Ka Nthusang go Ikatisa?

Ke Eng Se se Ka Nthusang go Ikatisa?

 Goreng ke tshwanetse go ikatisa?

Kwa mafatsheng a mangwe basha ga ba rate go ikatisa, mme seo se tsenya matshelo a bone mo kotsing. Baebele ya re: “Go ikatisa go tswela mosola.” (1 Timotheo 4:8) Ela tlhoko dintlha tse di latelang:

  • Go ikatisa go ka dira gore o lebege sentle le gore o ikutlwe botoka. Go ikatisa go dira gore boboko jwa gago bo ntshe dikhemikale tse di bidiwang di-endorphin tse di dirang gore o itumele le gore o ritibale. Bangwe ba re go ikatisa go tshwana le melemo e e ritibatsang maikutlo.

    “Fa nka simolola letsatsi la me ka go taboga ke tlhola ke le matlhagatlhaga e bile ke itumetse. Go taboga go dira gore ke itumele.”—Regina.

  • Go Ikatisa go ka dira gore o lebege botoka. Go ikatisa ka metlha go tla dira gore o itekanele sentle mo mmeleng, le gore o se ka wa inyatsa.

    “Ke itumelela gore ke kgona go dira di pull up di le 10, ka gore mo ngwageng o o fetileng ke ne ke sa kgone go dira le fa e le nngwe! Sa botlhokwa ke gore ke tlhokomela mmele wa me.”—Olivia.

  • Go ikatisa go ka dira gore o tshele lobaka lo loleele. Go ikatisa go solegela pelo le mafatlha a gago molemo. Go dira di Aerobic go ka dira gore re se ka ra tsenwa ke malwetse a pelo, a a bolayang batho.

    “Fa re ikatisa ka metlha re bontsha Mmopi wa rona gore re lebogela mmele o a re fileng one.”—Jessica.

Sa botlhokwa: Go ikatisa go tla go solegela molemo gone jaanong le mo nakong e e tlang. Tonya a re: “Ga o ka ke wa ba wa re , ‘ke ikwatlhaela go bo ke ile ka taboga.’ Fa ke tlogela go dira diipato, ke bo ke ikatisa ke sala ke itumetse.”

Koloi e a senyega fa e sa tlhokomelwe, ka tsela e tshwanang seo se ka re diragalela fa re sa ikatise

 Ke eng se se dirang gore ke se ka ka ikatisa?

Ano ke mabaka a le mmalwa a a ka nkgoreletsang:

  • Ga ke rotloediwe ke sepe. “Batho ba akanya gore fa ba santse ba le basha ba ka se lwale. Ga se gantsi o akanya gore o tla nna le bothata jwa botsogo. O akanya gore batho ba ba godileng ke bone fela ba ba lwalang.”—Sophia.

  • Ga ke na nako. “Ke nna fela ke tshwaregile, ke tlhoka go dira nako ya go ja le go robala, mme go thata go dira nako ya go ikatisa.”—Clarissa.

  • Ga ke kgone go duelela gym. “Ga go motlhofo go duela gym ka gonne go a tura!”—Gina.

Se o ka akanyang ka sone:

Ke eng se tota se dirang gore o palelwe ke go ikatisa? Fa o ka kgona go fenya selo seo se se go kgoreletsang, o tla solegelwa molemo.

 Ke ikatise jang?

Ela tlhoko dikakantsho tse di latelang:

  • Tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela botsogo jwa gago.—Bagalatia 6:5.

  • Tlogela go dira diipato. (Moreri 11:4) Ka sekai, ga o tlhoke gym gore o kgone go ikatisa. Batla sengwe se o ka itumelelang go se dira o bo o se dira ka metlha.

  • Botsa batho ba bangwe gore bone ba ikatisa jang.—Diane 20:18.

  • Itirele thulaganyo. Ipeele mekgele o bo o kwala se o se fitlheletseng gore o kgone go nna o kgothetse.—Diane 21:5.

  • Batla mongwe yo o ka ikatisang le ene. O tla go kgothatsa a bo a go thusa go fitlhelela mokgele wa gago.—Moreri 4:9, 10.

  • Fa o sa fitlhelele mokgele wa gago, o se ka wa itlhoboga.—Diane 24:10.

 Nna tekatekano

Baebele ya re banna le basadi ba tshwanetse go nna “tekatekano mo mekgweng.” (1 Timotheo 3:2, 11) Ka jalo, nna tekatekano fa o ikatisa. Batho ba ba ikatisang go feta selekanyo ga ba solegelwe molemo. Julia a re: “Fa lekau le na le dipotongwane tse ditona, mme a se na tlhaloganyo ga a kgatlhe.”

Gape ikele tlhoko gore o se ka wa iphitlhela o rotloediwa ke mekwalo e e tshwanang le e batho ba tlholang ba e kwala, ba bo ba e baya mo dipoteng, jaaka o o reng: “Fa o utlwa e kete o feletswe, dira tse 10 tsa bofelo.” Go reetsa kgakololo e e ntseng jalo go ka go itaya tsebe mme ga dira gore o se ka wa tlhoma mogopolo mo dilong tse di botlhokwa thata.—Bafilipi 1:10.

Mo godimo ga moo, dikgakololo tse dingwe di ka go kgoba marapo. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Vera a re: “Basetsana ba le bantsi ba tsaya dinepe tsa batho ba ba batlang go tshwana le bone, mme fa ba kgobegile marapo ba lebelela dinepe tseo. Go botoka gore o dire botsogo jwa gago mokgele, e seng tsela e o lebegang ka yone.”