Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

A Motho O a Bo a Robalana fa a Tsenya Loleme Kgotsa Molomo mo Dirweng Tsa yo Mongwe Tsa Thobalano?

A Motho O a Bo a Robalana fa a Tsenya Loleme Kgotsa Molomo mo Dirweng Tsa yo Mongwe Tsa Thobalano?

 Go ya ka pego ya U.S. ya Lefapha la go Laola Malwetse Le go A Thibela, mo e ka nnang halofo ya batho ba ba ileng ba botsolodiwa ba dingwaga tse di fa gare ga 15 le 19 ba re ba kile ba nna le seabe mo thobalanong e e dirwang ka molomo. Mokwadi wa buka ya Oral Sex Is the New Goodnight Kiss e bong Sharlene Azam a re: “Fa o bua le basha [ka thobalano e e dirwang ka molomo] ba tla go bolelela gore ke selo se se sa reng sepe. Tota e bile ga ba e tseye e le thobalano.”

 O akanya eng?

 Araba dipotso tse di latelang ka ee kgotsa nnyaa.

  1.   A thobalano e e dirwang ka molomo e ka dira gore mosetsana a ime?

    1.   Ee

    2.   Nnyaa

  2.   A thobalano e e dirwang ka molomo e baka malwetse?

    1.   Ee

    2.   Nnyaa

  3.   A motho o a bo a robalana fa a tsenya loleme kgotsa molomo mo dirweng tsa yo mongwe tsa thobalano?

    1.   Ee

    2.   Nnyaa

 Boammaaruri ke eng?

 Bapisa dikarabo tsa gago le tse di latelang.

  1.   A thobalano e e dirwang ka molomo e ka dira gore mosetsana a ime?

     Karabo: Nnyaa. Ke lone lebaka le le dirang gore batho ba le bantsi ba akanye gore thobalano e e dirwang ka molomo ga e kotsi mme gone go akanya jalo go phoso.

  2.   A thobalano e e dirwang ka molomo e baka malwetse?

     AKarabo: Ee. Motho yo o dirang thobalano ka molomo a ka tsenwa ke malwetsi a a jaaka hepatitis (A kgotsa B), go nna le diso mo dirweng tsa thobalano, gonorrhea, herpes, HIV le syphilis.

  3.   A motho o a bo a robalana fa a tsenya loleme kgotsa molomo mo dirweng tsa yo mongwe tsa thobalano?

     Karabo: Ee. Go dirisa molomo mo dirweng tsa yo mongwe tsa thobalano, thobalano ya marago le go tshwaratshwara dirwe tsa yo mongwe tsa thobalano ke thobalano ka bogone.

 Goreng go le botlhokwa?

 Akanya ka ditemana di le mmalwa tsa Baebele tse di amanang le thobalano e e dirwang ka molomo.

 Baebele ya re: “Gonne seno ke se Modimo o se ratang . . . gore lo ithibe mo kgokafalong.”—1 Bathesalonika 4:3.

 Lefoko la ntlhantlha le le ranotsweng e le “kgokafalo” le kaya thobalano ya mofuta ope fela e e dirwang ke batho ba ba sa nyalanang, go akaretsa le go dirisa molomo mo dirweng tsa thobalano, thobalano ya marago le go tshwaratshwara dirwe tsa yo mongwe tsa thobalano. Motho yo o dirang kgokafalo a ka nna le diphelelo tse di botlhoko mme e e botlhoko go di gaisa tsotlhe ke go sa amogelwe ke Modimo.—1 Petere 3:12.

 Baebele ya re: “Yo o dirang kgokafalo o leofela mmele wa gagwe.”—1 Bakorintha 6:18.

 Thobalano ya molomo e ka tsenya botshelo jwa gago mo kotsing le go go kgaoganya le Modimo. Gape e ka nna ya go ama le mo maikutlong. Buka ya Talking Sex With Your Kids ya re: “Go robalana go ka dira gore o ikutlwe o se motho wa sepe, o ikwatlhaya kgotsa o sa ratiwe. Maikutlo ao a a sa siamang a ka tlela motho yo o robalanang mo maemong a a sa siamang e bile a ka diragalela le motho yo o nnang le seabe mo mofuteng ope fela wa thobalano o o dirwang mo maemong a a sa siamang. Thobalano ke thobalano.”

 Baebele ya re: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo.”—Isaia 48:17.

 A o dumela gore melao ya Modimo e e malebana le thobalano e ka go solegela molemo? Kgotsa a o akanya gore e a go kgoreletsa? Go go thusa go araba dipotso tseo, akanya ka tsela e e nang le pharakano, matshwao a a laolang lobelo, pharakano le a a go laelang gore o eme. A o tsaya matshwao ano a go kgoreletsa kgotsa a go sireletsa? Go ka diragalang fa wena le bakgweetsi ba bangwe lo ka itlhokomolosa matshwao ao?

Melao ya tsela e go thibela go kgweetsa jaaka o batla mme gone e a go sireletsa. Ka tsela e e tshwanang, melao ya Modimo e go thibela go dira dilo dingwe mme gone a go sireletsa

 Go ntse fela jalo le ka melao ya Modimo. Fa o e itlhokomosa, o tla roba se o se jalang. (Bagalatia 6:7) Buka ya Sex Smart ya re: “Fa o nna o itlhokomolosa se o se dumelang o bo o dira dilo tse o itseng gore ga di a siama, o feleletsa o sa tlhole o itlotla.” Mme fa o tshela ka melao ya Modimo, o tla bontsha seo ka boitsholo jo bo siameng. Mo godimo ga moo, o tla nna le segakolodi se se siameng.—1 Petere 3:16.