BASHA BA BOTSA JAANA
Popo Kgotsa Thutotlhagelelo?—Karolo 4: Nka Tlhalosa Jang Mabaka A go Bo ke Dumela Gore Dilo di Bopilwe?
O dumela gore dilo di bopilwe mme gone o etsaetsega go bolelela ba bangwe kwa sekolong. Gongwe buka ya gago ya sekolo e buelela thuto ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe mme o tshwenyegile ka gore morutabana kgotsa baithuti ka wena ba tla go tshega. O ka nna pelokgale jang mme o tlhalose mabaka a go bo o dumela mo popong?
Go a kgonega!
O ka tswa o akanya jaana: ‘Ga ke botlhale jaana mo nka tlhalosang dilo tsa saense le go bua kgatlhanong le thutotlhagelelo.’ Nako nngwe Danielle o ne a na le boikutlo joo. A re: “Ke ne ke sa rate go ganetsana le morutabana le baithuti ka nna.” Diana a re: “Ba ne ba dirisa mafoko a saense a ke sa a itseng.”
Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa gago ga se go fenya kganetsano. Mme se se itumedisang ke gore ga o tlhoke go nna kgeleke mo dilong tsa saense gore o kgone go tlhalosa mabaka a go bo o dumela gore go na le mmopi yo o bopileng dilo tsotlhe tse di mo lefatsheng.
Kakantsho: Dirisa mafoko a a mo go Bahebera 3:4: “Ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.”
Lekgarebe lengwe le le bidiwang Carol le tlhalosa mafoko a a mo go Bahebera 3:4 jaana: “A re re o tsamaya mo sekgweng se go bonalang go ise go tsamaye go nne motho mo go sone. Mme fa o leba fa fatshe o bona letlhokwa la mmetšhise. O tla akanyang? Batho ba le bantsi ba ne ba tla re, ‘Go na le motho yo o fetileng fano.’ Fa e le gore selo se sennye jaana se dira gore o dumele gore mongwe o fetile fano, go tweng jaanong ka selo se segolo jaaka lobopo le dilo tsotlhe tse di mo go lone!”
Fa mongwe a re: “Fa e le gore kgang ya popo e boammaaruri, jaanong ke mang yo o bopileng Mmopi?”
O ka araba ka go re: “Fela ka gonne re sa tlhaloganye sengwe le sengwe ka Mmopi ga go reye gore ga a yo. Ka sekai, o ka tswa o sa itse botshelo jotlhe jwa motho yo o tlhamileng founo ya selula e o e dirisang, mme gone o a dumela gore go na le mongwe yo o e tlhamileng, a go jalo?” [Mo letle gore a arabe.] “Go gontsi mo re ka go ithutang ka Mmopi. Fa o kgatlhegela go itse, nka itumelela go go bolelela se ke se ithutileng ka ene.”
Nna o Ipaakantse
Baebele ya re o tshwanetse go nna o “iketleeleditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang lebaka la tsholofelo e e mo go lona, mme lo dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:15) Ka jalo, ela tlhoko dintlha tse pedi—se o se buang le kafa o se buang ka teng.
Se o se buang. Go rata Modimo go botlhokwa e bile go ka go tlhotlheletsa gore o bue ka bopelokgale. Mme go bolelela batho fela kafa o ratang Modimo ka gone go ka tswa go sa lekana go ba tlhotlheletsa go dumela gore Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe. Go ka nna molemo thata gore o dirise dikai tsa dilo tsa tlhago go ba bontsha lebaka la go bo go utlwala go dumela mo popong.
Kafa o se buang ka gone. Bontsha gore o a itlhaloganya mme gone o se ka wa nna lenyatso kgotsa wa itira e kete o botoka mo go ba bangwe. Batho ba ka akanyetsa se o se buang fa o bua le bone ka tsela e e bontshang gore o tlotla dilo tse ba di dumelang le gore o tlhaloganya gore ba na le tshwanelo ya go itirela tshwetso ya se ba se dumelang.
“Ke akanya gore go botlhokwa gore o se ka wa ba nyatsa kgotsa wa itira maitsegotlhe. Ga o kitla o fitlhelela sepe fa tsela e o buang ka yone e bontsha gore o ba tseela kwa tlase.”—Elaine.
Didirisiwa tse di ka go thusang go tlhalosa se o se dumelang
Go ipaakanyetsa go buelela se o se dumelang go tshwana le go ipaakanyetsa maemo a bosa a a ka nnang a fetoga
Mosha mongwe yo o bidiwang Alicia a re: “Fa re sa ipaakanyetsa, re tla didimala go tila go itsenya matlho a batho.” Jaaka Alicia a bontsha, ditlamelwana tsa pula di baakanngwa go sa le gale. Jenna a re: “Ke ikutlwa ke phuthologile thata fa e re ke bua ka popo ke bo ke akanyeditse go sa le gale ka sekai se se motlhofo se nka se dirisang go tshegetsa se ke se dumelang.”
O ka bona kae dikai tseno? Basha ba le bantsi ba ile ba atlega fa ba dirisa didirisiwa tse di latelang:
The Origin of Life—Five Questions Worth Asking
The Wonders of Creation Reveal God’s Glory (bidio)
Motseletsele wa ditlhogo tse di reng “A di Tlhamilwe?” mo makasineng wa Tsogang! (Thaepa mafoko jaaka a ntse fano, “a e tlhamilwe” mo LAEBORARI YA MO INTERNET.)
Dirisa LAEBORARI YA MO INTERNET go bona tshedimosetso e e oketsegileng.
Gape o ka fitlhela go thusa go sekaseka ditlhogo tse di fetileng tse di mo motseletseleng ono o o reng, “Popo kgotsa Thutotlhagelelo?”
Karolo 2: Goreng o Tshwanetse go Ganetsa Thutotlhagelelo?
Karolo 3: Gore o Tshwanetse go Dumela mo Popong?
Kakantsho: Tlhopha dikai tse o tlhomamisegileng ka tsone. Go tla nna motlhofo gore o di gopole mme o ka kgona go di bua o tlhatswegile pelo. Leka go ikatisa kafa o tla tlhalosang mabaka a se o se dumelang ka gone.