BASHA BA BOTSA JAANA
Ke Direng fa Tsala Ya me E Nkutlwisitse Botlhoko?
Se o tlhokang go se itse
Ga go na ditsala tse di se nang mathata. Rotlhe re dira diphoso, ka jalo, tsala ya gago e ka nna ya bua kgotsa ya dira sengwe se se ka go utlwisang botlhoko. Nnete ke gore le wena o kile wa utlwisa mongwe botlhoko.—Jakobe 3:2.
Internet e ka dira gore go nne motlhofo go utlwa botlhoko. Ka sekai, lekawana lengwe le le bidiwang David la re: “Fa o le mo Internet o bo o bona difotho tsa tsala ya gago a le kwa phathing, o ka nna wa ipotsa gore goreng wena o sa lalediwa. Seo se ka go utlwisa botlhoko le go dira gore o se ka wa tlhola o tshepa tsala ya gago.”
O ka ithuta go baakanya bothata.
Se o ka se dirang
Ipotse gore o motho wa mofuta mang. Baebele ya re: “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega . . . gonne go kgopisega go nna mo sehubeng sa dimatla.”—Moreri 7:9.
“Ka dinako tse dingwe o lemoga gore selo se se go utlwisitseng botlhoko ga se botlhokwa go le kalo.”—Alyssa.
Ipotse jaana: A ke kgopisega ka bonako? A nka ithuta go itshokela batho ba bangwe?—Moreri 7:21, 22.
Go itshwarela ba bangwe go a thusa. Baebele ya re: “Ke bontle . . . go tlhokomologa tlolo.”—Diane 19:11.
“Fa motho a go utlwisitse botlhoko, mo itshwarele mme o se ka wa mo tshwara ka pelo le go batla gore a nne a kopa maitshwarelo nako le nako fa kgang eo e tlhaga gape. Fa o itshwaretse motho, lebala ka se a go dirileng sone.”—Mallory.
Ipotse jaana: A selo se a se dirileng se maswe go le kalo? A nka mo itshwarela gore go nne le kagiso?—Bakolosa 3:13.
Go bua ka bothata bongwe le bongwe, go tshwana le go nnela go bula kgoro o tsenya phefo e e tsididi mo kamoreng e e bothito
Akanyetsa motho yo mongwe. Baebele ya re: “Lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”—Bafilipi 2:4.
“Fa ditsala di ratana e bile di tlotlana, go nna motlhofo gore ba baakanye dilo ka bonako ka gonne boobabedi ga ba batle gore botsala jwa bone bo fele.”—Nicole.
Ipotse jaana: A nka leka go tlhaloganya tsela e tsala ya me e ikutlwang ka yone?—Bafilipi 2:3.
Ntlha ya botlhokwa ke gore: Go ithuta gone jaanong gore o tshwanetse go dirang fa motho a go utlwisitse botlhoko, go tla go thusa le fa o setse o godile.