Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

A re Ditsala Kgotsa re a Ratana?—Karolo 1: Ke Eng Se ke Se Bonang?

A re Ditsala Kgotsa re a Ratana?—Karolo 1: Ke Eng Se ke Se Bonang?

O rata motho yono wa bong bo sele e bile o tlhomamisegile gore le ene o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Lo romelelana melaetsa ka dinako tsotlhe, lo tlhola lo le mmogo kwa dikokoanong . . . , e bile mengwe ya melaetsa ya gagwe e bontsha gore o a go kgatlhegela.

Ka jalo, o mmotsa gore tota go diragalang magareng ga lona gore o tlhomamisege gore loobabedi lo leba dilo ka go tshwana. O go araba a reng? A re: “Ke go tsaya o le tsala fela e seng sepe gape.”

 Kafa o ikutlwang ka gone

“Ke ne ke galefile thata, ke mo galefetse e bile le nna ke ikgalefetse! Re ntse re romelelana melaetsa letsatsi le letsatsi e bile o ne a bontsha gore o a nkgatlhegela. Ke ile ka feleletsa ke mo rata.”—Jasmine.

“Nna le mosetsana yono re ne re tlhola re tsamaya le banyalani bangwe pele ba nyalana. Ka dinako dingwe, go ne go lebega e kete le rona re a ratana. Nna le ene re ne re tlhola re tlotla thata mme re ne ra simolola go romelelana melaetsa. Ke ne ka utlwa botlhoko tota fa a mpolelela gore o ne a ntsaya ke le tsala fela le go utlwa gore nako eno yotlhe o ntse a ratana le mongwe o sele.”—Richard.

“Mosimane mongwe o ne a tlhola a nthomelela melaetsa letsatsi le letsatsi e bile ka dinako tse dingwe re ne re bontshana gore re a kgatlhegelana. Mme fa ke mmolelela gore ke ikutlwa jang ka ene, o ne a tshega a bo a nthaya a re: ‘Nna ga ke batle go ratana le ope gone jaanong!’ Ke ne ka lela lobaka lo loleele.”—Tamara.

Sa botlhokwa: Fa o akanya gore wena le motho yo mongwe lo a kgatlhegelana mme moragonyana o bo o lemoga gore ke wena fela o ikutlwang jalo ka ene, go tlwaelegile go ikutlwa o galefile, o tlhabilwe ke ditlhong e bile o tsieditswe. Lekawana lengwe le le bidiwang Steven la re: “Ke ne ke gamaregile tota fa seo se direga e bile se ne sa nkutlwisa botlhoko thata. Go ne ga ntsaya lobaka gore ke tshepe motho yo mongwe.”

 Lebaka la go bo go direga

Go romelelana melaetsa le go dirisa metswedi ya Internet go dira gore go nne motlhofo go nna le maikutlo a lorato mo mothong yo tota a sa go kgatlhegeleng. Ela tlhoko se basha bangwe ba se buang.

“Motho a ka go romelela melaetsa e le fela go intsha bodutu mme wena o bo o akanya gore o a go kgatlhegela. Mme fa a go romelela melaetsa letsatsi le letsatsi, o ka nna wa akanya gore o go tsaya o le botlhokwa thata.”—Jennifer.

“Motho yo mongwe a ka tswa a batla yo a ka ratanang le ene mme yo mongwe ene a batla motho yo a ka tlotlang le ene fela, mongwe yo a ka dirang gore a itshepe.”—James.

“Go romela molaetsa fela o o reng o ‘robale sentle’ go ka dira gore motho yoo a akanye gore o a mo kgatlhegela mme wena o ka tswa o ne o o romela fela.”—Hailey.

Emoticon ya smiley face e ka tswa e raya gore, ‘ke nna botsalano fela’ kgotsa ‘ke a go kgatlhegela.’ Ka dinako tse dingwe, motho yo o romelelwang molaetsa oo a ka tswa a akanya gore o a kgatlhegelwa.”—Alicia.

Sa botlhokwa: O se ka wa akanya gore motho o a go kgatlhegela fa tota ene a le botsalano fela.

A go motlhofo? Le e seng! Baebele ya re: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jeremia 17:9) Pelo e ka dira gore o akanye gore motho o a go kgatlhegela mme tota go sa nna jalo.

 Se o ka se dirang

  • Akanyetsa dilo sentle. Iphe nako ya go akanya ka botsalano jwa lona. Ipotse jaana: ‘A ke na le mabaka a a utlwalang a go akanya gore motho yono o dirisana le nna fela ka tsela e e kgethegileng?’ O se ka wa letla maikutlo a gago gore a hupetse ‘maatla a gago a go akanya.’—Baroma 12:1.

  • Nna kelotlhoko. Go na le go tlhoma mogopolo thata mo matshwaong a a ka tswang a dira gore o akanye gore ga lo ditsala fela, ela tlhoko matshwao a a ka dirang gore o belaele kgang eo. O se ka wa akanya gore fa o kgatlhegela motho yo mongwe, seo se raya gore le ene o ikutlwa jalo.

  • Nna pelotelele. Go fitlha motho yoo a go bolelela gore o batla gore lo ratane, se fetse nako e ntsi mo botsalanong joo jwa lona ka gonne o ka tla wa utlwa botlhoko.

  • Ikanyege. Baebele ya re go na le “nako ya go bua.” (Moreri 3:7) Fa o batla go itse gore a motho o a go kgatlhegela, mmotse! Lekgarebe lengwe le le bidiwang Valerie la re: “Fa motho a sa go kgatlhegele, go botoka go utlwa botlhoko ka nako eo go na le go fetsa dikgwedi pele o lemoga gore motho yoo o ne a sa go kgatlhegele kwa tshimologong.”

Sa botlhokwa: Diane 4:23 ya re: “Dibela pelo ya gago.” Fa o kgatlhegela mongwe, batlisisa gore a le ene o a go kgatlhegela. Fa o leta go fitlha o nna le maikutlo a lorato mo mothong pele o mmotsa, go tshwana le go jala semela mo lejeng.

Fa o itse gore motho o a go rata, mme gone o setse o godile sentle e bile o siametse go ratana, go tswa mo go wena gore a o batla go tsweletsa maikutlo ao kana jang. Se lebale, lenyalo le le nonofileng le nna gone fa monna le mosadi ba na le mekgele e e tshwanang ya semoya e bile ba bua ka maikutlo a bone le go ikanyega. (1 Bakorintha 7:39) Tota e bile, ba simolola e le ditsala tse di molemo, le fa ba sena go nyalana, ba tswelela e ntse e le ditsala tse di molemo.—Diane 5:18.