Ke Direng fa ke Tshwakgotswe ke Ditshwantsho Tse di Hepisang?
Se o ka se dirang
Lemoga se tota ditshwantsho tse di hepisang e leng sone. Ditshwantsho tse di hepisang ke maiteko fela a go leswefatsa sengwe se Modimo a se dirileng se tlotlega. Go lemoga gore ditshwantsho tse di hepisang ke sone seo go tla go thusa go ‘tlhoa se se bosula.’—Pesalema 97:10.
Akanya ka ditlamorago. Ditshwantsho tse di hepisang di diga seriti sa batho ba ba bontshiwang mo go tsone. Gape di leswefatsa motho yo o di lebang. Go a utlwala go bo Baebele e re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.”—Diane 22:3.
Ikemisetse. Monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ne a re: “Ke ikanne gore le ka motlha ke se ka ka leba mosetsana ka go mo eletsa.” (Jobe 31:1, Today’s English Version) Ano ke mangwe a ‘maikano’ a wena o ka a dirang:
Nka se dirise Internet fa ke le esi.
Fa lefelo lengwe le le sa siamang la Internet le bulega ke tla tswa ka bonako mo go lone.
Ke tla bua le tsala nngwe e e godileng fa nka boela mo mokgweng ono.
Ditshwantsho tse di hepisang di a tshwakgola—fa o ntse o di leba gangwe le gape, go nna boima go di tlogela
Rapela ka gone. Mopesalema o ne a kokotlela Jehofa Modimo jaana: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.” (Pesalema 119:37) Modimo o batla gore o atlege, mme fa o mo rapela a ka go naya maatla a go dira se se siameng!—Bafilipi 4:13.
Bua le mongwe. Gantsi go tlhopha mongwe yo o ka mo tshololelang mafatlha go thusa thata gore o latlhe mokgwa ono.—Diane 17:17.
Gopola seno: Nako le nako fa o tila tshedimosetso e e hepisang, o a bo o fentse tota. Bolelela Jehofa Modimo ka phenyo eo, mme o mo lebogele maatla a a go neileng one. Fa o tila ditshwantsho tse di hepisang, o ipedisa pelo ya gagwe!—Diane 27:11.