Dipalo 31:1-54

  • Ba ipusolosetsa mo Bamidianeng (1-12)

    • Balaame o a bolawa (8)

  • Ditaelo tse di amanang le dilo tse di gapilweng kwa ntweng (13-54)

31  Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: 2  “Otlhaya+ Bamidiana ka ntlha ya se ba se dirileng Baiseraele.+ Morago ga moo, o tla phuthelwa kwa bathong ba gaeno.”*+ 3  Ka jalo, Moshe o ne a bua le batho a re: “Rulaganyang banna go tswa mo go lona gore ba ye ntweng* ba ye go tlhabana le Bamidiana ba bo ba diragatse pusoloso ya ga Jehofa mo Bamidianeng. 4  Go tswa mo lotsong longwe le longwe lwa ditso tsotlhe tsa Iseraele, lo romele banna ba le 1 000 gore ba ye bosoleng.” 5  Ka jalo, go tswa mo diketeng tsa Iseraele+ go ne ga ntshiwa banna ba le 1 000 mo lotsong longwe le longwe, banna ba le 12 000 ba ba neng ba ipaakanyeditse ntwa.* 6  Foo Moshe o ne a romela banna ba le 1 000 go tswa mo lotsong longwe le longwe gore ba ye bosoleng, mmogo le Finease+ morwa moperesiti Eliasare gore a tsamaye le masole, yo o neng a tshotse dilwana tse di boitshepo le diterompeta tsa go naya sesupo.+ 7  Ba ne ba tlhabana le Bamidiana, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe, mme ba bolaya monna mongwe le mongwe. 8  Mo go ba ba neng ba bolailwe, ba ne ba bolaile le dikgosi tsa Bamidiana e bong, Efi, Rekeme, Sure, Hure le Reba, dikgosi di le tlhano tsa Bamidiana. Gape ba ne ba bolaya Balaame+ morwa Beore ka tšhaka. 9  Mme Baiseraele ba ne ba isa basadi le bana ba Bamidiana botshwarwa. Gape ba ne ba gapa diruiwa tsotlhe tsa bone, leruo lotlhe la bone le dithoto tsotlhe tsa bone. 10  Mme ba ne ba fisa metse yotlhe e ba neng ba nna mo go yone le dikampa* tsotlhe tsa bone. 11  Ba ne ba tsaya dilo tsotlhe tse batho ba neng ba na le tsone le diphologolo tsotlhe tsa bone, gape ba ne ba tsaya batho gore e nne magolegwa. 12  Go tswa foo, ba ne ba tla kwa kampeng kwa go Moshe le moperesiti Eliasare le phuthego ya Baiseraele kwa sekakeng sa Moabe+ gaufi le Joredane kwa Jeriko, mme ba ne ba tlisa batshwarwa le dilo tse ba di gapileng. 13  Moshe le moperesiti Eliasare le dikgosana tsotlhe tsa phuthego ba ne ba tswa ba ya go ba kgatlhantsha kwa ntle ga kampa. 14  Mme Moshe o ne a galefela banna ba ba tlhomilweng ba mephato ya sesole, baokamedi ba dikete le baokamedi ba makgolo ba ba neng ba goroga ba tswa kwa ntweng. 15  Moshe o ne a ba raya a re: “A lo tlogetse basadi botlhe ba tshela? 16  Ke bone ba ba neng ba tlhotlheletsa Baiseraele gore ba direle Jehofa ka go tlhoka boikanyegi+ go ya ka lefoko la ga Balaame mo tiragalong e e amanang le Peore,+ mo petso e neng ya wela phuthego ya ga Jehofa.+ 17  Jaanong bolayang ngwana mongwe le mongwe wa mosimane lo bo lo bolaye mosadi mongwe le mongwe yo o kileng a tlhakanela dikobo le monna. 18  Mme gone, lo ka nna lwa tlogela basetsana botlhe ba bannye ba ba iseng ba tlhakanele dikobo le monna ope.+ 19  Mme lo nne kwa ntle ga kampa malatsi a le supa. Mongwe le mongwe wa lona yo o bolaileng motho le mongwe le mongwe wa lona yo o kgomileng motho yo o bolailweng,+ a iitshekise+ mo letsatsing la boraro le mo letsatsing la bosupa, lona le batshwarwa ba lona. 20  Mme seaparo sengwe le sengwe, sengwe le sengwe se se dirilweng ka letlalo, sengwe le sengwe se se dirilweng ka boboa jwa dipodi le sengwe le sengwe se se dirilweng ka logong, lo se phepafatse.” 21  Go tswa foo, moperesiti Eliasare o ne a raya banna ba masole ba ba neng ba ile ntweng a re: “Ono ke molao o Jehofa a neng a o laela Moshe, 22  ‘Gauta, selefera, kopore, tshipi, thini le lloto, 23  sengwe le sengwe se se sa senngweng ke molelo, lo se fetise mo molelong mme se tla nna phepa. Mme gape se tlhatswiwe ka metsi.*+ Sengwe le sengwe se se senngwang ke molelo, lo se tlhatswe ka metsi. 24  Mme lo tlhatswe diaparo tsa lona mo letsatsing la bosupa, lo nne phepa, go tswa foo lo ka nna lwa tsena mo kampeng.’”+ 25  Morago ga moo, Jehofa o ne a bolelela Moshe jaana: 26  “Bala dilo tsotlhe tse di gapilweng, o bale batho ba ba dirilweng batshwarwa le diphologolo; o dire seno le moperesiti Eliasare le ditlhogo tsa dikgotla tsa bone tsa phuthego. 27  O kgaoganye se se gapilweng ka dikarolo di le pedi gore se kgaoganyediwe ba ba mo sesoleng ba ba neng ba nna le seabe mo ntweng le phuthego yotlhe.+ 28  Go tswa mo masoleng a a neng a ile ntweng, o tseye motho a le mongwe mo setlhopheng sa batho ba le 500, kgomo e le nngwe mo dikgomong di le 500, tonki e le nngwe mo ditonking di le 500 le nku e le nngwe mo dinkung di le 500 gore e nne lekgetho la ga Jehofa. 29  Lo le tseye mo karolong e ba e neilweng mme lo le neye moperesiti Eliasare e le moneelo wa ga Jehofa.+ 30  Go tswa mo karolong e e neilweng Baiseraele, lo tseye motho a le mongwe mo go ba le 50, kgomo e le nngwe mo dikgomong di le 50, tonki e le nngwe mo ditonking di le 50, nku e le nngwe mo dinkung di le 50 le seruiwa sa mofuta mongwe le mongwe, mme lo di neye Balefi+ ba ba dirang maikarabelo a a amanang le motlaagana wa ga Jehofa.”+ 31  Ka jalo, Moshe le moperesiti Eliasare ba ne ba dira fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 32  Dilo tsotlhe tse di gapilweng tse batho ba ba neng ba dule letsholo ba neng ba di tsere, e ne ya nna dinku di le 675 000, 33  dikgomo di le 72 000 34  le ditonki di le 61 000. 35  Basadi ba ba neng ba ise ba tlhakanele dikobo le monna ope+ ba ne ba le 32 000. 36  Karolo e e neng e le kabelo ya ba ba neng ba ile ntweng e ne ya nna dinku di le 337 500. 37  Lekgetho le le ntshediwang Jehofa e ne e le dinku di le 675. 38  Mme dikgomo di ne di le 36 000, mme go ne ga ntshiwa di le 72 mo go tsone gore e nne lekgetho la ga Jehofa. 39  Mme ditonki di ne di le 30 500, mme go ne ga ntshiwa di le 61 mo go tsone gore e nne lekgetho la ga Jehofa. 40  Mme batho ba ne ba le 16 000, mme go ne ga ntshiwa batho ba le 32 mo go bone gore e nne lekgetho la ga Jehofa. 41  Go tswa foo, Moshe o ne a naya moperesiti Eliasare+ lekgetho leno e le moneelo wa ga Jehofa, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 42  Go tswa mo karolong e e abetsweng Baiseraele, e Moshe a neng a e kgaogantse le karolo ya banna ba ba neng ba ile ntweng, 43  mo karolong eo go ne go na le dinku di le 337 500, 44  le dikgomo di le 36 000, 45  le ditonki di le 30 500, 46  le batho ba le 16 000. 47  Foo Moshe o ne a tsaya motho a le mongwe mo go ba le 50 le phologolo e le nngwe mo go di le 50 go tswa mo karolong e e neng e le ya Baiseraele a bo a di naya Balefi+ ba ba nang le boikarabelo jwa go tlhokomela motlaagana wa ga Jehofa,+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 48  Go tswa foo, banna ba ba tlhomilweng ba ba neng ba okametse dikete tsa mophato wa sesole,+ baokamedi ba dikete le baokamedi ba makgolo, ba ne ba atamela Moshe, 49  mme ba ne ba raya Moshe ba re: “Rona batlhanka ba gago re badile banna ba re ba okametseng ba ba neng ba ile ntweng, mme ga go ope wa bone yo go begilweng gore ga a yo.+ 50  Ka jalo, mma mongwe le mongwe wa rona a ntshe se a se boneng gore e nne mpho ya ga Jehofa, dilwana tsa gauta, dibaga tsa maoto, maseka, dipalamonwana tse di tshwayang, manyena le dibenyane tse dingwe gore Jehofa a kgone go re itshwarela maleo.” 51  Ka jalo, Moshe le moperesiti Eliasare ba ne ba amogela gauta go tswa mo go bone, dibenyane tseo tsotlhe. 52  Gauta yotlhe e ba neng ba e ntshetsa Jehofa e le moneelo e ne ya fitlha go dishekele* di le 16 750, e tswa mo balaoding ba dikete le mo balaoding ba makgolo. 53  Mongwe le mongwe wa banna ba mophato wa sesole o ne a itseetse se se gapilweng. 54  Moshe le moperesiti Eliasare ba ne ba amogela gauta go tswa mo balaoding ba dikete le ba makgolo, mme ba ne ba e tlisa mo tenteng ya bokopanelo gore e nne segopotso* mo bathong ba Iseraele fa pele ga ga Jehofa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Eno ke puo ya poko e e tlhalosang loso.
Kgotsa “bosoleng.”
Kgotsa “bosoleng.”
Kgotsa “dikampa tse di nang le dipota.”
Go tewa metsi a a dirang gore batho le dilo di nne phepa mo matlhong a Modimo.
Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “sengwe se se lo gopotsang.”