Dipalo 23:1-30

  • Polelo ya seane ya ga Balaame ya ntlha (1-12)

  • Polelo ya seane ya ga Balaame ya bobedi (13-30)

23  Go tswa foo, Balaame o ne a raya Balake a re: “Nkagela dibeso di le supa+ mo lefelong leno o bo o mpaakanyetse dipoo di le supa le diphelefu di le supa.” 2  Ka yone nako eo, Balake o ne a dira fela jaaka Balaame a ne a buile. Mme Balake le Balaame ba ntsha setlhabelo ka poo le phelefu mo sebesong sengwe le sengwe.+ 3  Morago ga moo, Balaame o ne a raya Balake a re: “Nna fano fa setlhabelong sa gago se se fisiwang, mme nna ke tla tsamaya. Gongwe Jehofa o tla ikgolaganya le nna. Sepe fela se a se ntshenolelang, ke tla se go bolelela.” Ka jalo, o ne a ya kwa thoteng e e se nang sepe. 4  Modimo o ne a ikgolaganya le Balaame,+ mme Balaame o ne a mo raya a re: “Ke tlhomile dibeso di le supa, mme ke ne ka ntsha setlhabelo ka poo le phelefu mo sebesong sengwe le sengwe.” 5  Jehofa o ne a tsenya lefoko leno mo molomong wa ga Balaame:+ “Boela kwa go Balake mme seno ke se o tla se buang.” 6  Ka jalo, o ne a boa mme a fitlhela Balake le dikgosana tsotlhe tsa Moabe ba eme fa setlhabelong sa gagwe se se fisiwang. 7  Go tswa foo, o ne a bua polelo eno ya seane:+ “Balake kgosi ya Moabe o ne a ntsaya kwa Arame,+Go tswa kwa dithabeng tsa botlhaba: ‘Tla kwano gore o mphutsetse Jakobe. Ee, tla o atlhole Iseraele.’+  8  Nka hutsa jang ba Modimo a sa ba hutsang? E bile nka atlhola jang ba Jehofa a sa ba atlholang?+  9  Ke ba bona ke le mo godimo ga mafika,E bile ke ba bona ke le mo dithoteng. Ba nna koo ba le bosi e le setšhaba;+Ga ba ipalele mo gare ga ditšhaba.+ 10  Ke mang yo o ka balang lorole lwa ga Jakobe+Kgotsa yo o ka balang le karolo ya bonê ya Iseraele? Mma ke swe loso lwa ba ba siameng,Mme a bokhutlo jwa me bo nne jaaka jwa bone.” 11  Go tswa foo, Balake o ne a raya Balaame a re: “O ntirile eng? Ke go bileditse gore o tle go hutsa baba ba me, mme jaanong ke fano o ba segofaditse.”+ 12  O ne a araba a re: “A ga ke a tshwanela go bua sepe fela se Jehofa a se tsenyang mo molomong wa me?”+ 13  Balake o ne a mo raya a re: “Tsweetswee, tla le nna kwa lefelong le lengwe le o ka ba bonang o le kwa go lone. O tla bona fela karolo ya bone; ga o kitla o ba bona botlhe. Ba mphutsetse o le koo.”+ 14  Foo o ne a mo isa kwa nageng ya Sofime, kwa godimo ga Pisega,+ mme o ne a aga dibeso di le supa a bo a ntsha setlhabelo ka poo le phelefu mo sebesong sengwe le sengwe.+ 15  Ka jalo, Balaame o ne a raya Balake a re: “Nna fano fa setlhabelong sa gago se se fisiwang fa ke sa ntse ke ya go ikgolaganya le Modimo fale.” 16  Mme Jehofa o ne a ikgolaganya le Balaame a bo a tsenya lefoko leno mo molomong wa gagwe:+ “Boela kwa go Balake, mme seno ke se o tla se buang.” 17  Ka jalo, o ne a tla fa go ene mme a mo fitlhela a letile fa setlhabelong sa gagwe se se fisiwang, mme dikgosana tsa Moabe di ne di na le ene. Balake o ne a mmotsa a re: “Jehofa o go reile a reng?” 18  Ene o ne a bua polelo eno ya seane:+ “Ema Balake, mme o reetse. Ntheetsa, wena morwa Sipore. 19  Modimo ga se motho gore a ka bua maaka,+E bile ga se morwa motho gore a ka fetola mogopolo.*+ Fa a bua sengwe, a ga a kitla a se dira? Fa a solofetsa sengwe, a ga a kitla a se diragatsa?+ 20  Ke tseetswe go tla go segofatsa;Jaanong Ene o segofaditse,+ mme nka se kgone go fetola seo.+ 21  Ga a letlelele maatla ape a boselamose a a ka dirisediwang Jakobe,E bile ga a letle matshwenyego ape a a ka dirisediwang Iseraele. Jehofa, Modimo wa gagwe, o na le bone,+E bile ba mmaka e le kgosi ka lentswe le le kwa godimo. 22  Modimo o ba ntshitse kwa Egepeto.+ O ntse jaaka dinaka tsa poo ya naga mo go bone.+ 23  Gonne ga go na ditshupo dipe tsa bomadimabe tse di ka direlwang Jakobe,+Le fa e le boitseanape bope jo bo ka direlwang Iseraele.+ Mo nakong eno go ka buiwa ka Jakobe le Iseraele go twe: ‘Bona se Modimo a se dirileng!’ 24  Seno ke setšhaba se se tla tsogang jaaka tau,Se tla itsholetsa fela jaaka tau.+ Ga se kitla se rapama go fitlha se ja se se se tsomileng,Se bo se nwa madi a ba ba bolailweng.” 25  Foo Balake o ne a raya Balaame a re: “Fa e le gore ka fa letlhakoreng le lengwe ga o kgone go mo hutsa ka gope, ka jalo, le ka fa letlhakoreng le lengwe, o se ka wa mo segofatsa.” 26  Balaame o ne a araba Balake a re: “A ga ke a go raya ka re, ‘Ke tla dira sotlhe se Jehofa a se buang’?”+ 27  Balake o ne a raya Balaame a re: “Tsweetswee, tla kwano mme mma ke go ise kwa lefelong le lengwe gape. Gongwe Modimo wa boammaaruri o tla bona go siame gore o mphutsetse setšhaba seno o le koo.”+ 28  Ka jalo, Balake o ne a isa Balaame kwa godimo ga Peore, e e lebileng ntlheng ya Jeshimone.*+ 29  Go tswa foo, Balaame o ne a raya Balake a re: “Nkagela dibeso di le supa mo lefelong leno o bo o mpaakanyetse dipoo di le supa le diphelefu di le supa.”+ 30  Ka jalo, Balake o ne a dira fela jaaka Balaame a ne a buile, mme o ne a ntsha setlhabelo ka poo le phelefu mo sebesong sengwe le sengwe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “gore a ka ikwatlhaya.”
Kgotsa gongwe “sekaka; naga.”