Ekesodo 13:1-22
13 Mme Jehofa a bua gape le Moshe, a re:
2 “Intshepisetse leitibolo lengwe le lengwe le le tonanyana le le bulang sebopelo sengwe le sengwe mo go bomorwa Iseraele, mo bathong le mo diphologolong. Ke la me.”+
3 Mme Moshe a raya batho a re: “A go gakologelweng letsatsi leno le lo duleng mo Egepeto ka lone,+ mo ntlong ya makgoba, ka gonne Jehofa o lo ntshitse fano ka seatla se se nonofileng.+ Ka jalo go se ka ga jewa sepe se se bedisitsweng.+
4 Gompieno lo a tswa mo kgweding ya Abibe.+
5 Mme go tla diragala gore fa Jehofa a tla bo a go tsentse mo lefatsheng la Bakanana le Bahite le Baamore le Bahife le Bajebuse,+ le a neng a ikanela borragomogologolwane gore o tla le go naya,+ lefatshe le le elang mashi le tswina ya dinotshe,+ foo o dire tirelo eno mo kgweding eno.
6 O je dikuku tse di sa bedisiwang+ malatsi a le supa, mme mo letsatsing la bosupa ke moletlo wa ga Jehofa.+
7 Dikuku tse di sa bedisiwang di tshwanetse go jewa mo malatsing ao a a supa;+ mme ga go na sepe se se bedisitsweng se se tshwanetseng sa bonwa se na le wena,+ e bile ga go a tshwanelwa go bonwa sebediso sepe se na le wena mo melelwaneng yotlhe ya gago.+
8 Mme o bolelele morwao mo letsatsing leo, o re, ‘Ke ka ntlha ya se Jehofa a se ntiretseng fa ke ne ke tswa kwa Egepeto.’+
9 Mme e tla nna sesupo mo seatleng sa gago le segopotso fa gare ga matlho a gago,+ gore molao wa ga Jehofa o itshupe o le mo molomong wa gago;+ ka gonne Jehofa o go ntshitse kwa Egepeto ka seatla se se nonofileng.+
10 Mme o boloke molao ono mo nakong ya one e e tlhomilweng ngwaga le ngwaga.+
11 “Mme go tla diragala gore fa Jehofa a go tlisa mo lefatsheng la Bakanana,+ fela jaaka a ikanetse wena le borragomogologolwane,+ le fa a le go naya,
12 foo o neele Jehofa mongwe le mongwe yo o bulang sebopelo,+ le leitibolo lengwe le lengwe, e leng ngwana wa phologolo,+ yo e tla nnang wa gago. Tse ditonanyana ke tsa ga Jehofa.+
13 O golole esele nngwe le nngwe ya leitibolo ka nku, mme fa o sa e golole, o e robe molala.+ Gape o golole leitibolo lengwe le lengwe la motho mo go bomorwao.+
14 “Mme go tla diragala gore fa morwao a ka go botsa moragonyana,+ a re, ‘Seno se kayang?’ o mo reye o re, ‘Jehofa o ne a re ntsha kwa Egepeto+ ka seatla se se nonofileng, mo ntlong ya makgoba.+
15 Mme go ne ga diragala gore Faro a bontshe botlhogoethata ka ga go re lesa re tsamaya,+ mme Jehofa a bolaya leitibolo lengwe le lengwe mo lefatsheng la Egepeto,+ go simolola ka leitibolo la motho go fitlha ka leitibolo la phologolo.+ Ke gone ka moo ke ntshetsang Jehofa setlhabelo sa gotlhe mo go tonanyana mo go bulang sebopelo,+ mme leitibolo lengwe le lengwe la bomorwaake lone ke a le golola.’+
16 Mme e tshwanetse go nna sesupo mo seatleng sa gago le jaaka moitlamo wa phatlha fa gare ga matlho a gago,+ ka gonne Jehofa o ne a re ntsha kwa Egepeto ka seatla se se nonofileng.”+
17 Mme go ne ga diragala ka nako ya fa Faro a ne a lesa batho ba tsamaya gore Modimo a se ka a ba goga ka tsela ya lefatshe la Bafilisitia fela ka gore e ne e le gaufi, gonne Modimo o ne a re: “Go ka nna ga diragala gore batho ba ikutlwe ba ikwatlhaya fa ba bona ntwa mme ruri ba boele kwa Egepeto.”+
18 Ka gone Modimo a dira gore batho ba dikologe ka tsela ya kwa nageng ya Lewatle le Lehibidu.+ Mme bomorwa Iseraele ba ne ba tswa mo lefatsheng la Egepeto+ ba tlhomagane kafa thulaganyong ya tlhabano.
19 Mme Moshe o ne a tshotse marapo a ga Josefa, ka gonne o ne a dirile gore bomorwa Iseraele ba ikane ka masisi, a re: “Ruri Modimo o tla lebisa tlhokomelo ya gagwe kwa go lona,+ mme lo tseye marapo a me lo tswe ka one fano.”+
20 Mme ba tloga kwa Sukothe mme ba thibelela kwa Ethame fa dintlheng tsa naga.+
21 Jehofa o ne a tsamaya kwa pele ga bone mo pilareng ya leru motshegare gore a ba goge mo tseleng,+ mme bosigo mo pilareng ya molelo gore a ba neye lesedi la go tsamaya motshegare le bosigo.+
22 Pilara ya leru e ne e sa tswe fa pele ga batho motshegare le fa e le pilara ya molelo bosigo.+