Ekesodo 35:1-35

35  Moragonyana Moshe a phutha phuthego yotlhe ya bomorwa Iseraele mme a ba raya a re: “Ano ke mafoko a Jehofa a a laotseng, gore a dirwe:+  Tiro e ka dirwa malatsi a le marataro,+ mme mo letsatsing la bosupa e tla nna selo se se boitshepo mo go lona, sabata wa boikhutso jo bo feletseng mo go Jehofa. Ope fela yo o dirang tiro ka lone o tla bolawa.+  Lo se ka lwa gotsa molelo mo go ape a mafelo a lona a bonno ka letsatsi la sabata.”  Mme Moshe a tswelela a raya phuthego yotlhe ya bomorwa Iseraele a re: “Leno ke lefoko le Jehofa a le laotseng, a re,  ‘Tseelang Jehofa+ moneelo o o tswang mo go lona. A mongwe le mongwe+ wa pelo e e ratang a o tlise jaaka moneelo wa ga Jehofa, e leng, gouta le selefera le kgotlho+  le tlhale e e bobududu le boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bohibitswana le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le leloba le le boleta le maodi+ a podi  le matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu le matlalo a manyebi le logong lwa mokala  le leokwane la sebonesi le leokwane la balema la leokwane le le tlotsang le la maswalo+ a a nkgisitsweng monate  le maje a onikise le maje a a tomelwang a khiba+ le a letlatla la sehuba.+ 10  “‘Mme a botlhe+ ba ba dipelo tse di botlhale mo gare ga lona ba tle mme ba dire sotlhe se Jehofa a se laotseng, 11  e leng, motlaagana ka mogope wa one le sebipo sa one, dikgoge tsa one le dimati tsa one, mephakalego ya one, dipilara tsa one le metheo ya tsone e e khuti; 12  Letlole+ le dikota+ tsa lone, sekhurumelo+ le sesiro+ sa sebipo; 13  tafole+ le dikota tsa yone le dilwana tsotlhe tsa yone le senkgwe sa tshupo;+ 14  le setlhomo sa lobone+ lo lo bonesang le dilwana tsa sone le dipone tsa sone le leokwane+ la go bonesa; 15  le sebeso sa maswalo+ le dikota tsa sone; le leokwane le le tlotsang le maswalo+ a a nkgisitsweng monate; le sesiro sa kgoro ya kgoro ya motlaagana; 16  sebeso+ sa tshupelo e e fisiwang le leiso la sone la kgotlho, dikota tsa sone le dilwana tsotlhe tsa sone; mogotšwana+ le setlhomo sa one; 17  matsela a a lepeletseng a lolwapa,+ dipilara tsa lone le metheo ya tsone e e khuti; le sesiro sa kgoro ya lolwapa; 18  dimapo tsa mogope tsa motlaagana le dimapo tsa mogope tsa lolwapa le megala+ ya tsone; 19  diaparo+ tse di logilweng tsa go direla mo lefelong le le boitshepo, diaparo+ tse di boitshepo tsa ga moperesiti Arone le diaparo tsa bomorwawe gore ba direle jaaka baperesiti.’” 20  Ka jalo phuthego yotlhe ya bomorwa Iseraele ya tswa fa pele ga ga Moshe. 21  Foo ba tla, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e neng e mo tlhotlheletsa,+ mme ba tlisa, mongwe le mongwe yo moya wa gagwe o neng o mo tlhotlheletsa, moneelo wa ga Jehofa wa tiro ya mogope wa bokopanelo le wa tirelo yotlhe ya one le wa diaparo tse di boitshepo. 22  Mme ba nna ba tla, banna mmogo le basadi, mongwe le mongwe wa pelo e e ratang. Ba tlisa dikgokelo tsa mokgabo le manyena le dipalamonwana le mekgabisa ya basadi, dilwana tsa mefuta yotlhe tsa gouta, ke gore, mongwe le mongwe yo o neng a tlisa tshupelo e e fokwang ya gouta kwa go Jehofa.+ 23  Mme botlhe ba go neng go fitlhelwa ba na le tlhale e e bobududu le boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bohibitswana le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le leloba le le boleta le maodi a podi le matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu le matlalo a manyebi, ba di tlisa.+ 24  Botlhe ba ba neng ba ntsha moneelo wa selefera le kgotlho ba tlisa moneelo wa ga Jehofa, mme botlhe ba go neng go fitlhelwa ba na le logong lwa mokala lwa tiro yotlhe ya tirelo ba lo tlisa. 25  Mme basadi botlhe ba ba neng ba na le pelo+ e e botlhale ba otlha ka diatla tsa bone, mme ba nna ba tlisa, jaaka thudi, tlhale e e bobududu le boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bohibitswana, letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le leloba le le boleta. 26  Mme basadi botlhe ba dipelo tsa bone di neng di ba tlhotlheletsa ka botlhale ba otlha maodi a podi. 27  Mme dikgosana tsa tlisa maje a onikise le maje a a tomelwang a khiba le letlatla la sehuba,+ 28  le leokwane la balema le leokwane la go bonesa le leokwane le le tlotsang le la maswalo+ a a nkgisitsweng monate. 29  Monna le mosadi mongwe le mongwe ba dipelo tsa bone di neng di ba tlhotlheletsa gore ba tlisetse tiro yotlhe sengwe e Jehofa a neng a e laotse ka Moshe gore e dirwe ba dira jalo; bomorwa Iseraele ba tlisetsa Jehofa+ moneelo ka go rata. 30  Foo Moshe a raya bomorwa Iseraele a re: “Bonang, Jehofa o biditse Besalele+ morwa Uri morwa Hure wa lotso lwa Juda ka leina. 31  Mme o ne a mo tlatsa ka moya wa Modimo mo botlhaleng, mo tlhaloganyong le mo kitsong le mo tirong ya mofuta mongwe le mongwe ya botswerere 32  gore a tlhame didirisiwa, gore a dire ka gouta le ka selefera le ka kgotlho,+ 33  le mo go direng ka maje gore a a gabe le mo go direng ka logong gore a dire dilwana tsa mofuta+ mongwe le mongwe tsa botlhalefi. 34  Mme o go tsentse mo pelong ya gagwe gore ene le Oholiabe,+ a rute morwa Ahisamake wa lotso lwa Dana. 35  O ba tladitse ka botlhale jwa pelo+ gore ba dire tiro yotlhe ya modiri yo o setswerere le ya mokgabisi+ le ya mologa ka tlhale e e bobududu le boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bohibitswana, ka letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le leloba le le boleta, le ya mologi, banna ba ba dirang tiro ya mofuta mongwe le mongwe le go tlhama didirisiwa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase