Ekesodo 19:1-25
19 Mo kgweding ya boraro morago ga bomorwa Iseraele ba sena go tswa kwa lefatsheng la Egepeto,+ mo letsatsing lone leo, ba ne ba tla mo nageng ya Sinai.+
2 Mme ba bolola ba tswa mo Refidime+ ba tla mo nageng ya Sinai mme ba thibelela mo nageng;+ mme Iseraele ya nna ya thibelela foo fa pele ga thaba.+
3 Moshe a tlhatlogela kwa Modimong wa boammaaruri, mme Jehofa a simolola go mmitsa go tswa mo thabeng,+ a re: “Seno ke se o tla se rayang ntlo ya ga Jakobe o bo o se bolelela bomorwa Iseraele,
4 ‘Lona ka bolona lo bone se ke se dirileng Baegepeto,+ gore ke tle ke lo tshole ka diphuka tsa bontsu ke lo tlise kwa go nna.+
5 Mme jaanong fa lo ka utlwa+ lentswe la me ka kelotlhoko lo bo lo boloka kgolagano+ ya me, ruri lo tla nna thuo ya me e e kgethegileng mo ditšhabeng+ tse dingwe tsotlhe, ka gonne lefatshe lotlhe ke la me.+
6 Mme lo tla nna bogosi jwa baperesiti mo go nna le setšhaba se se boitshepo.’ + Ano ke mafoko a o tla a bolelelang bomorwa Iseraele.”
7 Ka jalo Moshe a tla a bitsa banna ba bagolwane+ ba batho mme a baya mafoko ano otlhe fa pele ga bone a Jehofa a neng a a mo laoletse.+
8 Morago ga moo batho botlhe ba araba ka tumalano ba re: “Re iketleeleditse go dira sotlhe se Jehofa a se buileng.”+ Ka yone nako eo Moshe a busetsa mafoko a batho kwa go Jehofa.+
9 Foo Jehofa a raya Moshe a re: “Bona! Ke tla kwa go wena mo lerung le lentsho,+ gore batho ba tle ba utlwe fa ke bua le wena,+ le gore gape ba tle ba dumele mo go wena ka bosakhutleng.”+ Foo Moshe a begela Jehofa mafoko a batho.
10 Mme Jehofa a raya Moshe a re: “Ya kwa bathong, mme o ba itshepise gompieno le ka moso, mme ba tlhatswe diaparo tsa bone.+
11 Mme ba itshupe ba iketleeleditse letsatsi la boraro, ka gonne mo letsatsing la boraro Jehofa o tla fologela mo Thabeng ya Sinai+ fa pele ga matlho a batho botlhe.
12 Mme o beele batho melelwane mo tikologong yotlhe, o re, ‘Itiseng gore lo se ka lwa tlhatlogela mo thabeng, e bile lo se ka lwa ama ntlha ya yone. Ope fela yo o amang thaba ruri o tla bolawa.+
13 Seatla sepe se se ka sa mo ama, ka gonne o tla kgobotlediwa kgotsa o tla hulwa a phunyelediwa. E ka ne e le phologolo kgotsa motho, ga a kitla a tshela.’+ Ba ka tla mo thabeng fa go lediwa lonaka lwa phelefu.”+
14 Foo Moshe a fologa thaba a ya kwa bathong, mme a simolola go itshepisa batho; mme ba tlhatswa diaparo tsa bone.+
15 Ka jalo a raya batho a re: “Lo ipaakanye+ mo malatsing a mararo. Lona banna lo se ka lwa atamela mosadi.”+
16 Mme e rile go nna moso mo letsatsing la boraro ga diragala gore go nne le ditumo tsa maru le dikgadima,+ le leru le le boima+ mo thabeng le modumo o o kwa godimo thata wa lonaka,+ mo batho botlhe ba ba neng ba le mo bothibelelong ba neng ba simolola go roroma.+
17 Jaanong Moshe a ntshetsa batho ka kwa ntle ga bothibelelo go ya go kopana le Modimo wa boammaaruri, mme ba ema fa mohapheng wa thaba.+
18 Thaba ya Sinai ya kua mosi gotlhe fela,+ ka ntlha ya gore Jehofa o ne a fologetse mo go yone ka molelo;+ mosi wa yone wa nna wa tlhatloga jaaka mosi wa bobesetso,+ mme thaba yotlhe e ne e roroma fela thata.+
19 E rile modumo wa lonaka o ya o ntse o tlhatlogela kwa godimo o sa kgaotse, Moshe a simolola go bua, mme Modimo wa boammaaruri a simolola go mo araba ka lentswe.+
20 Jehofa a fologela jalo mo Thabeng ya Sinai kwa godimo ga thaba. Foo Jehofa a biletsa Moshe kwa godimo ga thaba, mme Moshe a tlhatloga.+
21 Jaanong Jehofa a raya Moshe a re: “Fologa, tlhagisa batho, gore ba se ka ba leka go tsenelela kwa go Jehofa ba tla go leba mme ga tshwanelwa ke gore go we+ ba le bantsi ba bone.
22 Mme a baperesiti ba ba atamelang Jehofa ka metlha le bone ba iitshepise,+ gore Jehofa a se ka a ba galefela.”+
23 Foo Moshe a raya Jehofa a re: “Batho ga ba kgone go tla mo Thabeng ya Sinai, ka gonne wena ka bowena o setse o re tlhagisitse, o re, ‘Beela thaba melelwane mme o e itshepise.’”+
24 Le fa go ntse jalo, Jehofa a mo raya a re: “Tsamaya, o fologe, mme o tlhatloge, wena mmogo le Arone; mme a baperesiti le batho ba se ka ba tsenelela ba tla kwa go Jehofa, gore a se ka a ba galefela.”+
25 Ka jalo Moshe a fologela kwa bathong mme a ba bolelela.+