Ekesodo 32:1-35

32  Fa go sa ntse go ntse jalo batho ba bona gore Moshe o ne a tsaya nako e telele go fologa mo thabeng.+ Ka jalo batho ba phuthega go dikologa Arone mme ba mo raya ba re: “Nanoga, re direle modimo o o tla re etelelang pele, ka gonne fa e le Moshe yono,+ monna yo o neng a re ntsha kwa lefatsheng la Egepeto,+ ruri ga re itse gore o diragaletswe ke eng.”  Foo Arone a ba raya a re: “Kgomolang manyena a gouta+ a a mo ditsebeng tsa basadi ba lona, tsa bomorwaalona le tsa bomorwadialona mme lo a tlise kwa go nna.”  Mme batho botlhe ba kgomola manyena a gouta a a neng a le mo ditsebeng tsa bone ba a tlisa kwa go Arone.  Foo a tsaya gouta mo diatleng tsa bone, mme a e bopa+ ka seseta a e dira sefikantswe se se thetsweng sa namane.+ Mme ba simolola go re: “Yono ke Modimo wa gago, wena Iseraele, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.”+  E rile Arone a bona seno, a aga sebeso fa pele ga yone. Labofelo Arone a tlhaeletsa a re: “Ka moso go na le moletlo wa ga Jehofa.”  Ka jalo ba tsoga go sa le phakela mo letsatsing le le latelang, mme ba isa ditshupelo tse di fisiwang le go isa ditlhabelo tsa kabalano. Morago ga moo batho ba nna fa fatshe gore ba je ba bo ba nwe. Morago ga moo ba nanoga ba ijesa monate.+  Jaanong Jehofa a raya Moshe a re: “Tsamaya, fologa, ka gonne batho ba gago ba o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto ba sentse.+  Ba itlhaganetse ba fapoga mo tseleng e ke ba laetseng gore ba tsamaye ka yone.+ Ba itiretse sefikantswe se se thetsweng sa namane mme ba nna ba se ikobela ba se ntshetsa ditlhabelo ba re, ‘Yono ke Modimo wa gago, wena Iseraele, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.’”+  Mme Jehofa a raya Moshe a re: “Ke lebile batho bano mme bona, ke batho ba ba thamoethata.+ 10  Ka jalo ntlogele jaanong, gore bogale jwa me bo ba tukele mme ke ba fedise,+ mme mma ke go dire setšhaba se segolo.”+ 11  Mme Moshe a nolofatsa sefatlhego sa ga Jehofa Modimo wa gagwe+ a re: “Ke ka ntlha yang, tlhe Jehofa, fa bogale jwa gago+ bo tshwanetse go tukela batho ba gago ba o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto ka maatla a magolo le ka seatla se se nonofileng? 12  Ke ka ntlha yang fa Baegepeto+ ba tshwanetse go re, ‘O ba ntshitse ka boikaelelo jo bo bosula gore a ba bolaele mo gare ga dithaba le go ba fedisa mo godimo ga lefatshe’?+ Boa mo bogaleng jwa gago jo bo tukang mme o ikwatlhaele+ bosula kgatlhanong le batho ba gago. 13  Gakologelwa Aborahame, Isake le Iseraele batlhanka ba gago, ba o neng wa ba ikanela ka wena,+ ka gonne o ne wa ba raya wa re, ‘Ke tla ntsifatsa losika lwa lona jaaka dinaledi tsa magodimo,+ mme lefatshe leno lotlhe le ke le tlhaotseng ke tla le naya losika lwa lona,+ gore ruri ba le rue ka bosakhutleng.’”+ 14  Mme Jehofa a ikwatlhaela bosula jo a neng a buile gore o tla bo direla batho ba gagwe.+ 15  “Morago ga moo Moshe a retologa mme a fologa mo thabeng+ a tshotse dikwalelo tse pedi tsa Tshupo+ ka seatla, dikwalelo tse di kwadilweng mo matlhakoreng oomabedi. Di ne di kwadile kafa letlhakoreng leno le kafa go lele. 16  Mme dikwalelo tseno di ne di dirilwe ke Modimo, le mokwalo e ne e le mokwalo wa Modimo o gabilwe mo dikwalelong+ tseo. 17  Mme Joshua a utlwa modumo wa batho ka ntlha ya go goa ga bone, mme a raya Moshe a re: “Go na le modumo wa tlhabano+ mo bothibelelong.” 18  Mme a re: “Ga se modumo wa go opela ka ntlha ya tiro e e maatla,+E bile ga se modumo wa go opela ga phenyo;Ke utlwa modumo wa go opela mo gongwe.” 19  Ka jalo ga diragala gore fela fa a atamela bothibelelo mme a kgona go bona namane+ le go bina, bogale jwa ga Moshe jwa simolola go tuka, mme gone fela foo a latlha dikwalelo mo diatleng tsa gagwe a di tšhwetlakanya fa mohapheng wa thaba.+ 20  Mme a tsaya namane e ba neng ba e dirile a e fisa ka molelo a ba a e thubaganya go fitlha e nna boleta,+ morago ga moo a e kgatshetsa mo godimo ga metsi+ mme a dira gore bomorwa Iseraele ba e nwe.+ 21  Morago ga moo Moshe a raya Arone a re: “Setšhaba seno se go dirileng go bo o tlisitse boleo jo bogolo mo go sone?” 22  Foo Arone a re: “A bogale jwa morena wa me bo se ka jwa tuka. Wena ka bowena o itse batho bano gore ba sekametse kwa bosuleng.+ 23  Ka jalo ba ne ba nthaya ba re, ‘Re direle modimo yo o tla re etelelang pele,+ ka gonne fa e le Moshe yono, monna yo o neng a re ntsha kwa lefatsheng la Egepeto, ruri ga re itse gore o diragaletswe ke eng.’ 24  Ka gone ke ne ka ba raya ka re, ‘A go na le bangwe ba ba nang le gouta? A ba e kgomole mo go bone ba e nneye.’ Mme ka e latlhela mo molelong mme ga tswa namane eno.” 25  Mme Moshe a bona gore batho ba ne ba sa ithibe, ka gonne Arone o ne a ba letlile go tswelela ba sa ithibe+ gore ba dire matlhabisa ditlhong mo gare ga baganetsi ba bone.+ 26  Moshe a ema mo kgorong ya bothibelelo mme a re: “Ke mang yo o kafa letlhakoreng la ga Jehofa? A a tle kwa go nna!”+ Mme bomorwa Lefi botlhe ba phuthegela kwa go ene. 27  Jaanong a ba raya a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana, ‘A mongwe le mongwe wa lona a tsenye tšhaka ya gagwe kafa letlhakoreng la gagwe. Ralalang mme lo boe go tswa kgorong e nngwe go ya go e nngwe mo bothibelelong mme mongwe le mongwe a bolaye morwarraagwe le mongwe le mongwe mongwe ka ene le mongwe le mongwe motho yo a tlwaelaneng thata le ene.’”+ 28  Mme bomorwa Lefi+ ba dira jaaka Moshe a ne a buile, mo go neng ga wa batho ba ka nna dikete di le tharo mo letsatsing leo. 29  Mme Moshe a tswelela a re: “Thatafaletsang Jehofa seatla sa lona gompieno,+ ka gonne mongwe le mongwe wa lona o kgatlhanong le morwawe le morwarraagwe,+ gore a tle a lo neye tshegofatso gompieno.”+ 30  Mme ga diragala gore fela mo letsatsing le le latelang Moshe a reye batho a re: “Lona—lo leofile ka boleo jo bogolo,+ mme jaanong ke tla tlhatlogela kwa go Jehofa. Gongwe nka direla maleo a lona tetlanyo.”+ 31  Ka jalo Moshe a boela kwa go Jehofa a re: “Aa, mme gone batho bano ba leofile ka boleo jo bogolo, ka gonne ba ne ba itirela modimo wa gouta!+ 32  Mme jaanong fa o ka itshwarela boleo jwa bone,+—mme fa o sa dire jalo, mphimole+ tsweetswee, mo bukeng+ ya gago e o e kwadileng.” 33  Le fa go ntse jalo, Jehofa a raya Moshe a re: “Le fa e le mang yo o nteofetseng, ke tla mo phimola mo bukeng+ ya me. 34  Mme jaanong tla, isa batho kwa lefelong le ke go boleletseng ka lone. Bona! Moengele wa me o tla go etelela pele,+ mme mo letsatsing la go tlisa kotlhao ke tla ba tlisetsa kotlhao ka ntlha ya boleo jwa bone.”+ 35  Mme Jehofa a simolola go leretse batho sebetso ka gonne ba ne ba dirile namane, e Arone a neng a e dirile.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase