Ekesodo 31:1-18
31 Mme Jehofa a tswelela go bua le Moshe, a re:
2 “Bona, ke bitsa Besalele+ morwa Uri morwa Hure wa lotso lwa Juda+ ka leina.
3 Mme ke tla mo tlatsa ka moya wa Modimo mo botlhaleng le mo tlhaloganyong le mo kitsong le mo tirong ya mofuta mongwe le mongwe ya botswerere,+
4 gore a tlhame didirisiwa, gore a dire ka gouta le selefera le kgotlho,+
5 le mo go direng ka maje gore a a gabe+ le mo go direng ka logong go dira dilwana tsa mofuta mongwe le mongwe.+
6 Fa e le nna, bona! ke mo tlhoma le Oholiabe morwa Ahisamake wa lotso lwa ga Dana,+ mme ke tsenya botlhale mo pelong ya mongwe le mongwe yo o pelo e botlhale, gore ruri ba dire sengwe le sengwe se ke se go laetseng:+
7 mogope wa bokopanelo+ le Letlole+ la tshupo le sekhurumelo se se mo godimo ga lone,+ le dilwana tsotlhe tsa mogope,
8 le tafole le dilwana tsa yone,+ le setlhomo sa lobone sa gouta e e itshekileng le dilwana tsotlhe tsa sone,+ le sebeso sa maswalo,+
9 le sebeso sa tshupelo e e fisiwang le dilwana tsotlhe tsa sone,+ le mogotšwana le setlhomo sa one,+
10 le diaparo tse di logilweng le diaparo tse di boitshepo tsa ga moperesiti Arone le diaparo tsa bomorwawe gore ba direle e le baperesiti;+
11 le leokwane le le tlotsang le maswalo a a nkgisitsweng monate a lefelo le le boitshepo.+ Ba tla dira go ya kafa go sotlhe se ke se go laetseng.”
12 Mme Jehofa a tswelela a raya Moshe a re:
13 “Fa e le wena, bua le bomorwa Iseraele, o re, ‘Lo boloke segolobogolo bosabata ba me,+ gonne ke sesupo fa gare ga me le lona mo nakong ya dikokomana tsa lona gore lo tle lo itse gore nna Jehofa ke a lo itshepisa.+
14 Mme lo boloke sabata, gonne ke selo se se boitshepo mo go lona.+ Yo o e itshepololang ruri o tla bolawa.+ Fa go direga gore ope a dire tiro ka yone, a moya oo o kgaolwe mo bathong ba gaone.+
15 Tiro e ka nna ya dirwa malatsi a le marataro, mme mo letsatsing la bosupa ke sabata wa boikhutso jo bo feletseng.+ Ke selo se se boitshepo mo go Jehofa. Ope fela yo o dirang tiro mo letsatsing la sabata ruri o tla bolawa.
16 Mme bomorwa Iseraele ba tshwanetse go boloka sabata, gore ba tle ba diragatse sabata mo nakong ya dikokomana tsa bone. Ke kgolagano ka bosakhutleng.+
17 Ke sesupo ka bosakhutleng+ fa gare ga me le bomorwa Iseraele, ka gonne Jehofa o ne a dira magodimo le lefatshe mo malatsing a le marataro mme mo letsatsing la bosupa a ikhutsa a ba a itapolosa.’”+
18 Jaanong e rile fela fa a fetsa go bua le ene mo Thabeng ya Sinai a naya Moshe dikwalelo tse pedi tsa leje tsa Tshupo,+ dikwalelo tsa leje di kwadilwe ka monwana wa Modimo.+