Ekesodo 8:1-32
8 Foo Jehofa a raya Moshe a re: “Tsena kwa go Faro, mme o mo reye o re, ‘Jehofa o buile jaana: “Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba tle ba ntirele.+
2 Mme fa o nna o gana go ba lesa ba tsamaya, bona, ke lere sebetso sa digogwane+ mo karolong yotlhe ya naga ya gago.
3 Mme Noka ya Nile e tla nyeuma digogwane fela thata, mme di tla tla di bo di tsena mo teng ga ntlo ya gago le mo phaposing ya gago e e kwa teng ya borobalo le mo sekanamelong sa gago le mo teng ga matlo a batlhanka ba gago le mo bathong ba gago le mo teng ga dipesetso tsa gago le mo teng ga megopo ya gago ya go dubela.+
4 Mme digogwane di tla tla mo go wena le mo bathong ba gago le mo batlhankeng botlhe ba gago.”’”+
5 Moragonyana Jehofa a raya Moshe a re: “Raya Arone o re, ‘Otlololela seatla sa gago ka thobane+ ya gago mo godimo ga dinoka, mesele ya Nile le megobe e e tletseng lotlhaka mme o dire gore digogwane di tlhatlogele mo lefatsheng la Egepeto.’”
6 Foo Arone a otlololela seatla sa gagwe mo godimo ga metsi a Egepeto, mme digogwane tsa simolola go tlhatloga mme tsa bipa lefatshe la Egepeto.
7 Le fa go ntse jalo, baperesiti ba ba dirang maselamose ba dira se se tshwanang ka bokgoni jwa bone jwa sephiri mme ba dira gore digogwane di tlhatlogele mo lefatsheng la Egepeto.+
8 Fa nako e ntse e tsamaya Faro a bitsa Moshe le Arone mme a re: “Rapelang Jehofa+ gore a tlose digogwane mo go nna le mo bathong ba me, e re ka ke batla go lesa batho ba tsamaye gore ba tle ba ntshetse Jehofa setlhabelo.”+
9 Foo Moshe a raya Faro a re: “Ke go tlogelela kgalalelo ya go mpolelela gore ke go rapelele leng wena le batlhanka ba gago le batho ba gago gore digogwane di fedisiwe mo go wena le mo matlong a gago. Di tla sala mo Nokeng ya Nile fela.”
10 Foo a re: “Ka moso.” Ka jalo a re: “Go tla nna kafa lefokong la gago, gore o tle o itse gore ga go ope o sele yo o tshwanang le Jehofa Modimo wa rona,+
11 ka gonne ruri digogwane di tla tswa mo go wena le mo matlong a gago le mo batlhankeng ba gago le mo bathong ba gago. Di tla sala mo Nokeng ya Nile fela.”+
12 Ka jalo Moshe le Arone ba tswa mo go Faro, mme Moshe a goela kwa go Jehofa+ ka ntlha ya digogwane tse A neng a di beile mo go Faro.
13 Foo Jehofa a dira kafa lefokong la ga Moshe,+ mme digogwane tsa swa mo matlong, mo malwapeng le mo masimong.
14 Mme ba di koaganya, tsa nna mekoakoa, mme lefatshe la simolola go nkga sebodu.+
15 E rile Faro a bona gore kgololo e ne e diragetse, a dira pelo ya gagwe logwadi;+ mme a se ka a ba reetsa, fela jaaka Jehofa a ne a buile.+
16 Jaanong Jehofa a raya Moshe a re: “Raya Arone o re, ‘Otlolola thobane+ ya gago o iteye lorole lwa lefatshe, mme lo tla nna mentsana mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.’”
17 Mme ba dira jalo. Ka jalo Arone a otlolola seatla sa gagwe ka thobane ya gagwe mme a itaya lorole lwa lefatshe, mme mentsana ya nna mo bathong le mo diphologolong. Lorole lotlhe lwa lefatshe lwa nna mentsana mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.+
18 Mme baperesiti ba ba dirang maselamose ba leka go dira se se tshwanang ka bokgoni jwa bone jwa sephiri,+ gore ba tle ba tlise mentsana, mme ba ne ba sa kgone.+ Mme mentsana ya nna mo bathong le mo diphologolong.
19 Ka gone baperesiti ba ba dirang maselamose ba raya Faro ba re: “Ke monwana+ wa Modimo!”+ Mme pelo ya ga Faro ya tswelela go thatafala,+ mme a se ka a ba reetsa, fela jaaka Jehofa a ne a buile.
20 Foo Jehofa a raya Moshe a re: “Tsoga go sa le phakela mme o eme fa pele ga ga Faro.+ Bona! O tswela kwa metsing! Mme o mo reye o re, ‘Jehofa o buile jaana: “Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba tle ba ntirele.+
21 Mme fa o sa lese batho ba me ba tsamaya, bona, ke romela diboba+ mo go wena le mo batlhankeng ba gago le mo bathong ba gago le mo teng ga matlo a gago; mme matlo a Egepeto a tla tlala diboba fela thata, le mmu o a leng mo go one.
22 Mme mo letsatsing leo ruri ke tla dira gore lefatshe la Goshene le batho ba me ba emeng mo go lone e nne le le farologaneng, gore go se ka ga nna le diboba mo go lone;+ gore o tle o itse gore ke nna Jehofa mo gare ga lefatshe.+
23 Mme ruri ke tla baya tomologano fa gare ga batho ba me le batho ba gago.+ Sesupo seno se tla diragala ka moso.”’”
24 Mme Jehofa a dira jalo; mme metshitshi e megolo ya diboba ya simolola go tlhasela ntlo ya ga Faro le matlo a batlhanka ba gagwe le lefatshe lotlhe la Egepeto.+ Lefatshe la senyega ka ntlha ya diboba.+
25 Labofelo Faro a bitsa Moshe le Arone mme a re: “Tsamayang, lo ntshetse Modimo wa lona setlhabelo mo lefatsheng leno.”+
26 Mme Moshe a re: “Ga go letlelesege gore re dire jalo, ka gonne re ne re tla ntshetsa Jehofa Modimo wa rona setlhabelo sa selo se se makgapha mo Baegepetong.+ A re tseye gore re ne re tla ntsha selo se se makgapha setlhabelo mo Baegepetong fa pele ga matlho a bone; a ba ne ba se kitla ba re kgobotletsa?
27 Re tla tsamaya loeto lwa malatsi a le mararo re ya kwa nageng mme ruri re tla ntshetsa Jehofa Modimo wa rona setlhabelo fela jaaka a re boleletse.”+
28 Jaanong Faro a re: “Nna—ke tla lo lesa lo tsamaye,+ mme ruri lo tla ntshetsa Jehofa Modimo wa lona setlhabelo kwa nageng.+ Mme fela lo se ka lwa tsamaela kgakala thata. Lo nthapelele.”+
29 Foo Moshe a re: “Bona, ke a tswa mo go wena, mme ruri ke tla rapela Jehofa, mme diboba di tla tswa mo go Faro, mo batlhankeng ba gagwe le mo bathong ba gagwe ka moso. Fela, a Faro a se ka a tsietsa gape ka go sa lese batho ba tsamaya ba ya go ntshetsa Jehofa setlhabelo.”+
30 Morago ga moo Moshe a tswa mo go Faro mme a rapela Jehofa.+
31 Ka jalo Jehofa a dira kafa lefokong la ga Moshe,+ mme diboba tsa tswa mo go Faro, mo batlhankeng ba gagwe le mo bathong ba gagwe.+ Ga se ka ga sala sepe.
32 Le fa go ntse jalo, Faro a dira pelo ya gagwe logwadi le mo nakong eno gape mme a se ka a lesa batho ba tsamaya.+