Ekesodo 27:1-21
27 “Mme o dire sebeso sa logong lwa mokala, boleele jwa sone e nne dikubita di le tlhano le boatlhamo jwa sone dikubita di le tlhano. Sebeso+ seno se nne le matlhakore a le manè a a lekalekanang, mme bogodimo jwa sone e nne dikubita di le tharo.
2 Mme o dire dinaka+ tsa sone mo dikhutlong tsa sone tse nnè. Dinaka tsa sone di ntshe ntlha mo go sone, mme o se manege kgotlho.+
3 Mme o dire dikane tsa sone tse go ntshiwang melora ya sone e e mafura ka tsone, le digarawe tsa sone, le megopo ya sone, le diforoko tsa sone, le ditsholamolelo tsa sone; mme o dire dilwana tsotlhe tsa sone go nna tsa kgotlho.+
4 O se direle leiso, letlowa+ la kgotlho; mme mo letloweng o dire mehiri e le menè ya kgotlho mo dintlheng tsa sone tse nnè.
5 O le beye kafa tlase ga losi lwa sebeso kwa tlase mo teng, mme letlowa le ele kwa bogareng jwa sebeso.+
6 O direle sebeso dikota, dikota tsa sone e nne tsa logong lwa mokala, mme o di manege kgotlho.+
7 Dikota tsa sone di tsenngwe mo teng ga mehiri, mme dikota di nne mo matlhakoreng a mabedi a sebeso fa se tsholediwa.+
8 O se dire letlole le le khuti la dipolanka. Fela jaaka a go bontshitse mo thabeng, ba se dire jalo.+
9 “Mme o dire lolwapa lwa motlaagana.+ Kafa letlhakoreng le le kafa Negebe, kafa borwa, lolwapa lo na le matsela a a lepeletseng a leloba le le boleta le le otlhilweng,+ boleele jwa letlhakore le le lengwe e le dikubita di le lekgolo.
10 Mme dipilara tsa lone tse di masome a mabedi le metheo ya tsone e e khuti e e masome a mabedi ke ya kgotlho. Dimapo tsa dipilara le ditomagano tsa tsone ke tsa selefera.+
11 Go ntse jalo le ka boleele jwa letlhakore le le kafa bokone, matsela a a lepeletseng a le boleele jwa dikubita di le lekgolo, mme dipilara tsa lone tse di masome a mabedi le metheo ya tsone e e khuti e e masome a mabedi e le ya kgotlho, dimapo tsa dipilara le ditomagano tsa tsone e le tsa selefera.+
12 Fa e le boatlhamo jwa lolwapa, kafa letlhakoreng la bophirima matsela a a lepeletseng ke a dikubita di le masome a matlhano, dipilara tsa one di le lesome le metheo ya tsone e e khuti e le lesome.+
13 Mme boatlhamo jwa lolwapa kafa letlhakoreng la botlhaba go ela kwa botlhaba ke dikubita di le masome a matlhano.+
14 Mme go na le matsela a a lepeletseng a dikubita di le lesome le botlhano kafa letlhakoreng le lengwe, dipilara tsa one di le tharo le metheo ya tsone e e khuti e le meraro.+
15 Mme kafa letlhakoreng le lengwe go na le matsela a a lepeletseng a dikubita di le lesome le botlhano, dipilara tsa one di le tharo le metheo ya tsone e e khuti e le meraro.+
16 “Mme kgoro ya lolwapa e na le sesiro sa boleele jwa dikubita di le masome a mabedi, sa tlhale e e bobududu le boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bohibitswana le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le leloba le le boleta le le otlhilweng, tiro ya mologi,+ dipilara tsa one di le nnè le metheo ya tsone e e khuti e le menè.+
17 Dipilara tsotlhe tsa lolwapa go dikologa di na le dikgokedi tsa selefera, dimapo tsa tsone ke tsa selefera mme metheo ya tsone e e khuti ke ya kgotlho.+
18 Boleele jwa lolwapa ke dikubita di le lekgolo, mme boatlhamo dikubita di le masome a matlhano,+ mme bogodimo dikubita di le tlhano, jwa leloba le le boleta le le otlhilweng, mme metheo ya tsone e e khuti e le ya kgotlho.
19 Mme dilwana tsotlhe tsa motlaagana mo tirelong yotlhe ya one, le dimapo tsotlhe tsa one tsa mogope, le dimapo tsotlhe tsa lolwapa ke tsa kgotlho.+
20 “Mme wena, o laele bomorwa Iseraele gore ba go tlele leokwane la lobone le le itshekileng la motlhware o o kgobilweng, gore o tle o tshube dipone ka metlha.+
21 Mo mogopeng wa bokopanelo, ka kwa ntle ga sesiro+ se se fa Tshupong, Arone le bomorwawe ba se beye sentle fa pele ga ga Jehofa go simolola mo maitseboeng go fitlha mo mosong.+ Ke molao wa dikokomana tsa bone ka bosakhutleng,+ gore o dirwe ke bomorwa Iseraele.+