Ekesodo 34:1-35
34 Foo Jehofa a raya Moshe a re: “Itshetele dikwalelo di le pedi tsa leje tse di tshwanang le tsa ntlha,+ mme ke tla kwala mo dikwalelong tseno mafoko a a neng a le mo dikwalelong tsa ntlha,+ tse o di thubileng.+
2 Mme ipaakanyetse moso, e re ka mo mosong o tshwanetse go tlhatlogela kwa Thabeng ya Sinai mme o eme fa go nna koo mo godimo ga thaba.+
3 Mme ope a se ka a tlhatloga le wena, gape, a go se ka ga bonwa ope mo thabeng+ yotlhe. Go feta moo, go se ka ga nna le letsomane lepe kgotsa motlhape ope o o fulang fa pele ga thaba+ eo.”
4 Ka gone Moshe a seta dikwalelo tse pedi tsa leje tse di tshwanang le tsa ntlha mme a tsoga go sa le phakela a tlhatlogela mo Thabeng ya Sinai, fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse, mme o ne a tshotse dikwalelo tse pedi tsa leje mo seatleng.
5 Mme Jehofa a fologa+ a le mo lerung mme a ema le ene koo a bolela leina la ga Jehofa.+
6 Mme Jehofa a feta fa pele ga sefatlhego sa gagwe a bolela a re: “Jehofa, Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko+ le yo o pelontle,+ yo o bonya go galefa+ le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato+ le boammaaruri,+
7 yo o bolokelang dikete bopelonomi jwa lorato,+ yo o itshwarelang phoso le tlolo le boleo,+ mme a se kitla a golola mo kotlhaong+ ka gope, yo o tlisang kotlhao ya ditlolo tsa borre mo go bomorwabone le mo go bomorwa bana ba bone, mo kokomaneng ya boraro le mo kokomaneng ya bonè.”+
8 Ka bonako Moshe a itlhaganela a ikobela fa fatshe a bo a obama.+
9 Foo a re: “Jaanong, fa ke bone kamogelo mo matlhong a gago, wena Jehofa, tsweetswee, a Jehofa a tsamaye le rona mo gare ga rona,+ ka gonne ke batho ba ba thamoethata,+ mme o itshwarele tlolo ya rona le boleo jwa rona,+ mme o re tseye jaaka thuo ya gago.”+
10 Mme ene a re: “Bona, ke dira kgolagano: Ke tla dira dilo tse di gakgamatsang fa pele ga batho botlhe ba gago tse di iseng di ke di dirwe mo lefatsheng lotlhe kgotsa mo gare ga ditšhaba tsotlhe;+ mme batho botlhe ba o leng mo gare ga bone ruri ba tla bona tiro ya ga Jehofa, ka gonne ke selo se se boitshegang se ke se dirang ka wena.+
11 “Fa e le wena, boloka se ke se go laolelang gompieno.+ Bona, ke leleka Baamore fa pele ga gago le Bakanana le Bahite le Baperise le Bahife le Bajebuse.+
12 Itise gore o se ka wa dira kgolagano le banni ba lefatshe le o yang kwa go lone,+ e se re kgotsa ya itshupa e le seru mo gare ga gago.+
13 Mme lo rutle dibeso tsa bone, le dipilara tsa bone tse di boitshepo lo di tšhwetlakanye, mme lo reme dikota tsa bone tse di boitshepo.+
14 O se ka wa obama fa modimong+ yo mongwe, ka gonne Jehofa, yo leina la gagwe e leng Lefufa, ke Modimo yo o lefufa;+
15 e se re kgotsa wa dira kgolagano le banni ba lefatshe, e re ka ruri ba tla akafala le medimo ya bone+ ba bo ba ntshetsa medimo+ ya bone ditlhabelo, mme mongwe a go laletsa, mme wa ja sengwe sa setlhabelo+ sa gagwe.
16 Mme wa tseela bomorwao+ bangwe ba bomorwadiabone, mme bomorwadiabone ba akafale le medimo ya bone ba bo ba dira gore bomorwao ba akafale le medimo ya bone.+
17 “O se ka wa itirela medingwana e e thetsweng.+
18 O boloke moletlo wa dikuku tse di sa bedisiwang.+ O je dikuku tse di sa bedisiwang, fela jaaka ke go laetse, malatsi a le supa ka nako e e tlhomilweng mo kgweding ya Abibe,+ ka gonne o ne wa tswa kwa Egepeto mo kgweding ya Abibe.
19 “Sengwe le sengwe se se bulang sebopelo pele ke sa me,+ le diruiwa tsotlhe tsa gago, leitibolo le letonanyana la poo le la nku.+
20 Mme o golole leitibolo la esele ka nku.+ Mme fa o sa le golole, o robe molala wa lone. O golole leitibolo lengwe le lengwe la bomorwao.+ Mme ba se ka ba tlhaga fa pele ga me ba iphotlhere+ fela.
21 “O dire ka natla malatsi a le marataro, mme mo letsatsing la bosupa o boloke sabata.+ O boloke sabata mo nakong ya go lema le mo nakong ya thobo.+
22 “Mme o tsweletse moletlo wa gago wa dibeke ka maungo a mabutswapele a thobo ya korong,+ le moletlo wa go kgobokanya fa ngwaga o simologa.+
23 “Motho mongwe le mongwe wa gago wa monna a tlhage+ fa pele ga Morena wa boammaaruri Jehofa, Modimo wa Iseraele, gararo mo ngwageng.
24 Gonne ke tla leleka ditšhaba fa pele ga gago,+ mme ke tla dira gore karolo ya gago ya naga e nne e e bulegileng;+ mme ope ga a kitla a eletsa lefatshe la gago fa o tlhatloga o ya go bona sefatlhego sa ga Jehofa Modimo wa gago gararo mo ngwageng.+
25 “Madi a setlhabelo sa me, o se ka wa a ntsha setlhabelo a na le sengwe se se nang le sebediso.+ Mme setlhabelo sa moletlo wa tlolaganyo se se ka sa lala bosigo jotlhe go fitlha mo mosong.+
26 “O tlise maungo a mabutswapele ao a a gaisang otlhe+ a mmu wa gago kwa ntlong ya ga Jehofa Modimo wa gago.+
“O se ka wa bedisa potsane ka mashi a mmaayone.”+
27 Mme Jehofa a tswelela a raya Moshe a re: “Ikwalele mafoko ano,+ ka gonne ke dira kgolagano le wena le Iseraele+ tumalanong le mafoko ano.”
28 Mme a nna koo le Jehofa malatsi a le masome a manè le masigo a le masome a manè. O ne a se ka a ja senkgwe le fa e le go nwa metsi.+ Mme a kwala mafoko a kgolagano mo dikwalelong, Mafoko a le Lesome.+
29 Mme go ne ga diragala gore fa Moshe a fologa mo Thabeng ya Sinai dikwalelo tse pedi tsa Tshupo tsa bo di le mo seatleng sa ga Moshe fa a ne a fologa mo thabeng,+ mme Moshe o ne a sa itse gore letlalo la sefatlhego sa gagwe le ne le ntsha marang ka gonne a ne a buile le ene.+
30 E rile Arone le bomorwa Iseraele botlhe ba bona Moshe, bona! letlalo la sefatlhego sa gagwe+ le ne le ntsha marang mme ba boifa go mo atamela.
31 Mme Moshe a ba bitsa. Ka jalo Arone le dikgosana tsotlhe mo kopanong ba boela kwa go ene, mme Moshe a simolola go bua le bone.
32 Sa ntlha morago ga moo, bomorwa Iseraele botlhe ba mo atamela, mme a simolola go ba laolela sotlhe se Jehofa a neng a se buile le ene mo Thabeng ya Sinai.+
33 E ne e re fa Moshe a fetsa go bua le bone, a bo a baya lesire mo sefatlhegong+ sa gagwe.
34 Mme e ne e re fa Moshe a tsena fa pele ga ga Jehofa a ya go bua le ene, o ne a ntsha lesire go fitlha a tswa.+ Mme o ne a tswa a bo a bua le bomorwa Iseraele se a neng a se laetswe.+
35 Mme bomorwa Iseraele ba bona sefatlhego sa ga Moshe, gore letlalo la sefatlhego sa ga Moshe le ne le ntsha marang;+ mme Moshe a busetsa lesire mo sefatlhegong sa gagwe go fitlha a tsena a ya go bua le ene.+