Ekesodo 3:1-22
3 Mme Moshe a nna modisa wa letsomane la ga Jethero,+ moperesiti wa kwa Midiana, yo a neng a le mogwe wa gagwe.+ Fa a ne a kgweeletsa letsomane kwa ntlheng e e kwa bophirima ya naga, la bofelo a goroga mo thabeng ya Modimo wa boammaaruri,+ mo Horeba.+
2 Foo moengele wa ga Jehofa a bonala kwa go ene mo kgabong ya molelo mo gare ga setlhatshana se se mitlwa.+ E rile a ntse a lebile, bona, setlhatshana se se mitlwa sa bo se tuka molelo mme le fa go ntse jalo setlhatshana se se mitlwa seno se ne se sa she.
3 Foo Moshe a re: “Mma ke fapoge fela gore ke tle ke tlhatlhobe kgakgamatso e kgolo eno, gore ke ka ntlha yang fa setlhatshana se se mitlwa seno se sa she.”+
4 E rile Jehofa a bona gore o ne a fapoga gore a se tlhatlhobe, Modimo a akofa a mmitsa go tswa mo gare ga setlhatshana se se mitlwa a re: “Moshe! Moshe!” mme a re: “Ke fano.”+
5 Foo a re: “O se ka wa atamela fano. Rola bompaatšhane ba gago mo dinaong tsa gago, ka gonne lefelo le o emeng mo go lone ke mmu o o boitshepo.”+
6 Mme a tswelela a re: “Ke nna Modimo wa ga rrago, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe.”+ Foo Moshe a fitlha sefatlhego sa gagwe, ka gonne o ne a boifa go leba Modimo wa boammaaruri.
7 Mme Jehofa a oketsa a re: “Kwantle ga pelaelo ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto, e bile ke utlwile selelo sa bone ka ntlha ya bao ba ba gatelelang go dira; ka gonne ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.+
8 Mme ke a fologa go ya go ba golola mo seatleng sa Baegepeto+ le go ba ntsha mo lefatsheng leo ke ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le le bulegileng, kwa lefatsheng le le elang mashi le tswina ya dinotshe,+ kwa lefelong la Bakanana le Bahite le Baamore le Baperise le Bahife le Bajebuse.+
9 Mme jaanong, bona! selelo sa bomorwa Iseraele se gorogile mo go nna, e bile ke bone le kgatelelo e Baegepeto ba ba gatelelang ka yone.+
10 Mme jaanong tla mme mma ke go rome kwa go Faro, mme o ntshe batho ba me bomorwa Iseraele mo Egepeto.”+
11 Le fa go ntse jalo, Moshe a raya Modimo wa boammaaruri a re: “Nna ke mang gore ke ye kwa go Faro le gore ke ntshe bomorwa Iseraele kwa Egepeto?”+
12 Foo a re: “Ka gonne ke tla nna le wena,+ mme seno ke sesupo mo go wena sa gore ke nna ke go romileng:+ Fa o sena go ntsha batho kwa Egepeto, lo tla direla Modimo wa boammaaruri mo thabeng eno.”+
13 Le fa go ntse jalo, Moshe a raya Modimo wa boammaaruri a re: “A re tseye gore jaanong ke gorogile mo go bomorwa Iseraele mme ke ba raya ke re, ‘Modimo wa borraalonamogologolwane o nthomile kwa go lona,’ mme ba bo ba nthaya ba re, ‘Leina la gagwe ke mang?’+ Ke tla ba raya ke reng?”
14 Foo Modimo a raya Moshe a re: “KE TLA NNA SE KE TLA NNANG SONE.”+ Mme a oketsa a re: “O tla raya bomorwa Iseraele o re, ‘KE TLA NNA o nthomile kwa go lona.’”+
15 Foo Modimo a boa a raya Moshe a re:
“O tla raya bomorwa Iseraele o re, ‘Jehofa Modimo wa borraalonamogologolwane, Modimo wa ga Aborahame,+ Modimo wa ga Isake+ le Modimo wa ga Jakobe,+ o nthomile kwa go lona.’ Leno ke leina la me ka bosakhutleng,+ mme seno ke segopotso sa me go tswa kokomaneng go ya kokomaneng.+
16 Wena tsamaya, o phuthe banna ba bagolwane ba Iseraele, mme o ba reye o re, ‘Jehofa Modimo wa borraalonamogologolwane o bonetse kwa go nna,+ Modimo wa ga Aborahame, Isake le Jakobe, a re: “Ruri ke tla lo ela tlhoko+ le se lo se dirwang mo Egepeto.
17 Mme ka jalo ka re, ke tla lo ntsha mo go bogisiweng+ ke Baegepeto ke lo isa kwa lefatsheng la Bakanana le Bahite le Baamore+ le Baperise le Bahife le Bajebuse,+ kwa lefatsheng le le elang mashi le tswina ya dinotshe.”’+
18 “Mme ruri ba tla reetsa lentswe la gago,+ mme o tle, wena le banna ba bagolwane ba Iseraele, kwa kgosing ya Egepeto, mme lo e reye lo re, ‘Jehofa Modimo wa Bahebera+ o ikopantse le rona,+ mme jaanong re batla go tsamaya, tsweetswee, loeto lwa malatsi a le mararo re ye kwa nageng, re batla go ntshetsa Jehofa Modimo wa rona setlhabelo.’+
19 Mme nna, e leng nna, ke itse sentle gore kgosi ya Egepeto ga e kitla e lo naya tetla ya gore lo tsamaye fa e se ka seatla se se nonofileng.+
20 Mme ke tla tshwanelwa ke go otlolola seatla+ sa me ke iteye Egepeto ka ditiro tsotlhe tsa me tse di gakgamatsang tse ke tla di dirang mo gare ga yone; morago ga moo o tla lo lesa lo tsamaye.+
21 Mme ke tla naya setšhaba seno kamogelo mo matlhong a Baegepeto; mme ruri go tla diragala gore fa lo tsamaya, ga lo kitla lo tsamaya lo iphotlhere.+
22 Mme mosadi mongwe le mongwe a kope mo moagelaning wa gagwe le mo mosading yo o agileng e le moeng mo ntlong ya gagwe dilwana tsa selefera le dilwana tsa gouta le diaparo, mme lo di beye mo go bomorwaalona le bomorwadialona; lo amoge Baegepeto.”+