Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikobele Badisa ba ga Jehofa

Ikobele Badisa ba ga Jehofa

“Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe, gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona.”—BAHEB. 13:17.

1, 2. Ke eng fa go tshwanela go bo Jehofa a itshwantshanya le modisa?

JEHOFA o ipapisa le modisa. (Esek. 34:11-14) Seo se botlhokwa ka gonne se re thusa go tlhaloganya botho jwa gagwe. Modisa yo o lorato o na le maikarabelo a go sireletsa letsomane le a le tlhokometseng. O le isa kwa mafulong a a nang le bojang jo bontsi le metsi a mantsi (Pes. 23:1, 2); o a le tlhokomela bosigo le motshegare (Luke 2:8); o le sireletsa mo dibataneng (1 Sam. 17:34, 35); o tshola dikwanyana tse di sa tswang go tsholwa (Isa. 40:11); o batla dinku tse di latlhegileng a bo a tlhokomela tse di gobetseng.—Esek. 34:16.

2 E re ka batho ba ga Jehofa ba bogologolo ba ne ba nna mo nageng e bontsi jwa batho ba yone e neng e le balemirui, ba ne ba tlhaloganya ka bonako lebaka la go bo Jehofa Modimo a tshwantshanngwa le modisa yo o lorato. Ba ne ba itse gore dinku di tlhoka go tlhokomelwa gore di kgone go gola sentle. Ka tsela e e tshwanang, batho le bone ba tlhoka kaelo ya semoya. (Mar. 6:34) Fa batho ba sa tlhokomelwe sentle semoyeng e bile ba se na moeteledipele yo o siameng, ba a sotlega. Ba ka tlhaselwa motlhofo e bile ba ka latlhegelwa ke maitsholo a a siameng—fela jaaka “dinku tse di se nang modisa” di gasama. (1 Dikg. 22:17) Le fa go ntse jalo, Jehofa o tlamela batho ba gagwe ka dilo tse ba di tlhokang.

3. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

3 Go na le lebaka le le utlwalang la go bo Jehofa a tshwantshanngwa le modisa mo motlheng wa rona. Jehofa o sa ntse a tlamela batho ba gagwe ba ba tshwantshanngwang le dinku. A re boneng kafa a kaelang ka gone dinku tsa gagwe le go di tlamela. Gape re tla sekaseka kafa dinku di tshwanetseng go itshwara ka gone gore di solegelwe molemo ke kaelo le tlhokomelo ya ga Jehofa.

MODISA YO O MOLEMO O TLHOMA BADISA BA BA BOTLANA

4. Seabe sa ga Jesu ke sefe mo go tlameleng dinku tsa ga Jehofa?

4 Jehofa o tlhomile Jesu gore e nne Tlhogo ya phuthego  ya Bokeresete. (Baef. 1:22, 23) E re ka Jesu e le “modisa yo o molemo,” o bontsha dinonofo tsa ga Rraagwe, maikaelelo a Gagwe le dilo tse Rraagwe a di ratang. Jesu o ne a bo a ‘neela moya wa gagwe mo boemong jwa dinku.’ (Joh. 10:11, 15) Ruri setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete se leretse batho masego! (Math. 20:28) Tota e bile, maikaelelo a ga Jehofa ke gore, “mongwe le mongwe yo o dumelang mo go [Jesu] a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng”!—Joh. 3:16.

5, 6. (a) Jesu o tlhomile bomang gore ba tlhokomele dinku tsa gagwe, mme dinku di tshwanetse go dira eng gore di solegelwe molemo ke thulaganyo eno? (b) Lebaka la konokono la go bo re batla go ikobela bagolwane mo phuthegong ke lefe?

5 Dinku di tsibogela jang kaelo ya Modisa yo o Molemo, e bong Jesu Keresete? Jesu o ne a re: “Dinku tsa me di reetsa lentswe la me, ke a di itse, mme di ntshala morago.” (Joh. 10:27) Go reetsa lentswe la Modisa yo o Molemo go kaya go latela kaelo ya gagwe mo dilong tsotlhe. Seno se akaretsa gore re dirisane sentle le badisa ba ba botlana ba semoya ba a ba tlhomileng. Jesu o ne a bontsha gore baaposetoloi ba gagwe le barutwa ba gagwe ba ne ba tshwanetse go tsweletsa pele tiro e a neng a e simolotse. Ba ne ba tshwanetse go ‘ruta’ le go ‘fepa dinku tse dinnye tsa ga Jesu.’ (Math. 28:20; bala Johane 21:15-17.) Fa dikgang tse di molemo di ntse di anama le palo ya barutwa e ntse e oketsega, Jesu o ne a rulaganya gore Bakeresete ba ba godileng sentle semoyeng ba dise diphuthego.—Baef. 4:11, 12.

6 Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua le balebedi ba phuthego ya mo lekgolong la ntlha la dingwaga ya Efeso, o ne a bontsha gore moya o o boitshepo o ba tlhomile go nna balebedi, gore ba “dise phuthego ya Modimo.” (Dit. 20:28) Go ntse fela jalo le ka balebedi ba Bakeresete gompieno, e re ka le bone ba tlhomilwe go dumalana le ditshwanelego tse di mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng ka moya o o boitshepo. Ka jalo, fa re ikobela balebedi ba Bakeresete, re bontsha gore re tlotla Jehofa le Jesu, Badisa ba babedi ba bagolo. (Luke 10:16) Ga go pelaelo gore leno e tshwanetse go nna lone lebaka la konokono la go bo re batla go ikobela bagolwane. Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a mangwe a go bo go le botlhale go dira jalo.

7. Bagolwane ba go thusa jang gore o nne o na le kamano e e molemo le Jehofa?

7 Fa bagolwane ba naya badumedimmogo le bone kgothatso le kgakololo, e a bo e theilwe mo Dikwalong kgotsa mo melaometheong ya Dikwalo. Boikaelelo jwa bone jwa go dira jalo ga se go laola matshelo a bakaulengwe ba bone. (2 Bakor. 1:24) Go na le moo, ke go naya Bakeresetemmogo le bone kaelo ya Dikwalo e e ba thusang gore ba dire ditshwetso tse di siameng le go dira gore go nne le kagiso mo phuthegong. (1 Bakor. 14:33, 40) Bagolwane ba ‘lebeletse meya ya rona’ ka gonne ba eletsa go thusa mongwe le mongwe mo phuthegong gore a tswelele a na le kamano e e molemo le Jehofa. Ka jalo, ba bonako go batla go thusa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi fa ba lemoga gore o batla go tsaya “kgato nngwe e e phoso” kgotsa o setse a e tsere. (Bagal. 6:1, 2; Jude 22) A ano ga se mabaka a a utlwalang a go bo re tshwanetse to ‘utlwa ba ba eteletseng pele’?—Bala Bahebera 13:17.

8. Bagolwane ba sireletsa letsomane la Modimo jang?

8 Moaposetoloi Paulo, yo le ene e neng e le modisa wa semoya, o ne a raya bakaulengwe ba kwa Kolosa a re: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.” (Bakol. 2:8) Tlhagiso eno e dira gore re lemoge lebaka lengwe la botlhokwa la go bo re tlhoka go tlhwaela tsebe kgakololo ya Dikwalo e bagolwane ba re nayang yone. Ba sireletsa letsomane ka go thusa bakaulengwe ba bone gore ba nne ba disitse gore ope a se ka a koafatsa tumelo ya bone. Moaposetoloi Petere o ne a naya tlhagiso ka ga “baporofeti ba maaka” le “barutisi ba maaka” ba ba tla lekang go “hepisa meya e e  sa nitamang” gore e dire se se phoso. (2 Pet. 2:1, 14) Bagolwane ba motlha ono ba tshwanetse go naya ditlhagiso tse di ntseng jalo fa go tlhokega. E re ka e le banna ba Bakeresete ba ba godileng sentle, ba na le maitemogelo a botshelo. Mo godimo ga moo, pele ga ba tlhomiwa, ba ile ba bontsha gore ba tlhaloganya Dikwalo sentle e bile ba tshwanelegela go ruta se se tshwanetseng. (1 Tim. 3:2; Tito 1:9) Go gola sentle ga bone, go nna tekatekano le go nna le botlhale jo bo theilweng mo Baebeleng, go dira gore ba kgone go kaela letsomane ka tsela e e molemo.

Fela jaaka modisa a sireletsa letsomane, bagolwane le bone ba sireletsa dinku tse ba di tlhokometseng (Bona serapa 8)

MODISA YO O MOLEMO O FEPA DINKU LE GO DI SIRELETSA

9. Jesu o kaela le go fepa phuthego ya Bokeresete jang gompieno?

9 Jehofa o dirisa phuthego ya gagwe go naya bakaulengwe ba lefatshe lotlhe letlepu la dijo tsa semoya. Bontsi jwa kgakololo ya Dikwalo e fitlhelwa mo dikgatisong tsa rona. Mo godimo ga moo, ka dinako dingwe, phuthego ya Modimo e naya bagolwane ditaelo, gongwe ka makwalo kgotsa go dirisiwa balebedi ba ba etang. Ka jalo, dinku di newa ditaelo tse di utlwalang ka tsone ditsela tseo.

10. Badisa ba semoya ba na le boikarabelo bofe malebana le ba ba katogetseng kgakala le letsomane?

10 Balebedi ba na le maikarabelo a go sireletsa le go tlhokomela botsogo jwa maloko a phuthego ka tsela ya semoya, segolobogolo ba ba itsentseng mo mathateng kgotsa ba ba lwalang semoyeng. (Bala Jakobe 5:14, 15.) Bangwe ba batho bano ba ka tswa ba katogetse kgakala le letsomane e bile ba sa tlhole ba nna le seabe mo ditirong tsa semoya. Fa go  ntse jalo, a mogolwane yo o lorato a ka se dire sotlhe se a ka se kgonang go bona nku nngwe le nngwe e e latlhegileng mme a e rotloetse gore e boele mo letsomaneng, ke gore mo phuthegong? Ga go pelaelo gore o tla dira jalo! Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Ga se selo se se eletsegang mo go Rre yo o kwa legodimong gore mongwe wa ba bannye bano a nyelele.”—Math. 18:12-14.

RE TSHWANETSE GO LEBA JANG DIPHOSO TSA BADISA BA BA BOTLANA?

11. Ke eng fa bangwe ba ka nna ba palelwa ke go latela kaelo ya bagolwane?

11 Jehofa le Jesu ke Badisa ba ba itekanetseng. Badisa ba ba botlana ba ba neilweng maikarabelo a go tlhokomela phuthego bone ga ba a itekanela. Seno se ka dira gore batho bangwe ba palelwe ke go latela kaelo ya bagolwane. Batho ba ba ntseng jalo ba ka nna ba bua jaana: ‘Ga ba a itekanela fela jaaka rona. Ke eng fa re tshwanetse go reetsa kgakololo ya bone?’ Ee, gone ke boammaaruri gore bagolwane ga ba a itekanela. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go leba makoa le diphoso tsa bone ka tsela e e tshwanetseng.

12, 13. (a) Go ka tweng ka makoa a batho bangwe ba Jehofa a ba dirisitseng gore ba etelele batho ba gagwe pele? (b) Ke eng fa mo Baebeleng go kwadilwe ka makoa a banna ba ba nang le maikarabelo?

12 Dikwalo di bua di sa tikatike ka diphoso tsa batho ba Jehofa a neng a ba dirisa go etelela pele batho ba gagwe mo nakong e e fetileng. Ka sekai, Dafide o ne a tloditswe go nna kgosi le moeteledipele wa Iseraele. Le fa go ntse jalo, o ne a wela mo tekong a bo a nna le molato wa boaka le wa go bolaya. (2 Sam. 12:7-9) Gape akanya ka moaposetoloi Petere. Le fa a ne a neilwe maikarabelo a magolo mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga, o ne a dira diphoso tse di masisi. (Math. 16:18, 19; Joh. 13:38; 18:27; Bagal. 2:11-14) Ga go na batho bape ba ba neng ba itekanetse morago ga ga Adame le Efa, fa e se Jesu fela.

13 Ke eng fa Jehofa a ne a dira gore bakwadi ba Baebele ba kwale dipego tse di buang ka makoa a banna ba a neng a ba tlhomile? Lengwe la mabaka a seo ke gore, Modimo o ne a batla go re bontsha gore a ka dirisa batho ba ba sa itekanelang go etelela pele batho ba gagwe. Tota e bile, o ntse a dira jalo ka metlha. Ka jalo, ga re a tshwanela go dirisa makoa a ba ba re eteletseng pele e le seipato sa gore re ngongorege kgatlhanong le bone kgotsa re se ka ra ikobela taolo ya bone. Jehofa o lebeletse gore re tlotle bakaulengwe bao le gore re ba ikobele.Bala  Ekesodo 16:2, 8.

14, 15. Re ka ithuta eng mo tseleng e Jehofa a ileng a buisana le batho ba gagwe ka yone mo nakong e e fetileng?

14 Go botlhokwa thata gore re ikobele ba ba re eteletseng pele gompieno. Akanya kafa Jehofa a neng a buisana ka gone le batho ba gagwe mo dinakong tse di thata tsa bogologolo. Fa Baiseraele ba ne ba tswa kwa Egepeto, Modimo o ne a dirisa Moshe le Arone go ba naya ditaelo. Gore Baiseraele ba falole petso ya bolesome, ba ne ba tshwanetse go ikobela ditaelo tsa gore ba je dijo tse di kgethegileng le gore ba kgatshe madi a nku e e tlhabilweng mo mephakwaneng le mo karolong e e kwa godimo ya kgoro ya matlo a bone. Ga go a ka ga tswa lentswe kwa legodimong le ba bolelela taelo eo. Ba ne ba tshwanetse go reetsa banna ba bagolwane ba Iseraele ba ba neng ba neilwe ditaelo ke Moshe. (Ekes. 12:1-7, 21-23, 29) Mo maemong ao, Moshe le banna ba bagolwane e ne e le bone ba tlisang ditaelo tsa ga Jehofa kwa bathong ba Gagwe. Gompieno bagolwane ba Bakeresete le bone ba na le seabe se se botlhokwa jalo.

15 O ka tswa o akanya ka makgetlo a le mmalwa mo hisitoring ya Baebele, a mo go one Jehofa a neng a dirisa baemedi ba gagwe ba batho kgotsa ba baengele, go naya batho ba gagwe ditaelo tse di bolokang botshelo. Mo makgetlong ano otlhe, Modimo o ne a bona go le botlhokwa gore a neye mongwe kabelo eo. Barongwa e ne e le babueledi ba  gagwe, mme ba ne ba bolelela batho se ba tshwanetseng go se dira gore ba falole mathata. A ga re akanye gore Jehofa a ka dira se se tshwanang le ka nako ya Haramagedona? Mme gone, boammaaruri ke gore gompieno bagolwane ba ba neilweng maikarabelo a go emela Jehofa kgotsa phuthego ya gagwe, ba tshwanetse go nna kelotlhoko thata gore taolo e ba e neilweng ga ba e dirise ka tsela e e sa siamang.

“LETSOMANE LE LE LENGWE, MODISA A LE MONGWE”

16. Re tshwanetse go reetsa “lefoko” lefe?

16 Batho ba ga Jehofa ke “letsomane le le lengwe” le le nang le “modisa a le mongwe” e leng Jesu Keresete. (Joh. 10:16) Jesu o ne a bontsha gore o tla nna le barutwa ba gagwe, “malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Math. 28:20) E re ka e le Kgosi kwa legodimong, ke ene a laolang ka botlalo ditiragalo tsotlhe tse di tla lebisang kwa go atlholweng ga lefatshe la ga Satane. Gore re kgone go nna re le seoposengwe e bile re babalesegile mo letsomaneng la Modimo, re tshwanetse go reetsa ‘lefoko kwa morago ga rona’ le le re bolelelang gore re tseye tsela efe. “Lefoko” leno le akaretsa se moya o o boitshepo wa Modimo o se buang, se se kwadilweng mo Baebeleng le se Jehofa le Jesu ba se buang ba dirisa ba ba ba tlhomileng e le badisa ba ba botlana.—Bala Isaia 30:21; Tshenolo 3:22.

17, 18. (a) Letsomane le lebane le kotsi efe, mme gone re ka tlhomamisega ka eng? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

17 Baebele ya re Satane o tsamayatsamaya “jaaka tau e e kurutlang e e batlang go kometsa mongwe.” (1 Pet. 5:8) Fela jaaka sebatana se se gagolakang e bile se tshwerwe ke tlala thata, o kukunela letsomane, a letetse fela go bona tshono ya gore a kgogogele ba ba seng kelotlhoko kgotsa ba ba katogetseng kgakala le letsomane. Leo ke lebaka le legolo la go bo re tshwanetse go nna gaufi thata le letsomane, le ‘modisa le molebedi wa meya ya rona.’ (1 Pet. 2:25) Fa Tshenolo 7:17 e bua malebana le bafalodi ba pitlagano e kgolo, ya re: “Kwana [Jesu ] . . . o tla ba disa, e bile o tla ba kaela go ya kwa metsweding ya metsi a botshelo. Mme Modimo o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.” Ruri ga go na tsholofetso e e molemo go gaisa eno!

Bagolwane ba batla go sireletsa malapa a motsadi a le mongwe kgatlhanong le ditlhotlheletso tse di kotsi (Bona serapa 17 le 18)

18 E re ka jaanong re sekasekile seabe se se botlhokwa se bagolwane ba Bakeresete ba nang le sone e le badisa ba ba botlana ba semoya, go tla bo go le molemo go ipotsa gore, Banna bano ba ba tlhomilweng ba ka tlhomamisa jang gore ba tshwara dinku tsa ga Jesu ka tsela e e tshwanetseng? Karabo ya potso eno e tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.