Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa re ka Thusang ba Bangwe ka Gone ka Dilo Tse ba di Tlhokang

Kafa re ka Thusang ba Bangwe ka Gone ka Dilo Tse ba di Tlhokang

MOGOLWANE mongwe wa kwa nageng e e tlhabologang e bong François, o ne a re: “Go ne ga tsoga dikhuduego morago ga ditlhopho e re ka bangwe ba ne ba sa di kgotsofalela, mme seno sa dira gore Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete ba tlogele magae a bone ba tshabe. Dijo le melemo di ne di tlhaela, mme tse di neng di le gone di ne di tura thata. Dibanka di ne tsa tswalwa le metšhini e e ntshang madi e ne e se na madi kgotsa e sa bereke.”

Bakaulengwe kwa ofising ya lekala ba ne ba simolola go isetsa Basupi ba ba se nang magae ba ba neng ba tshabetse mo Diholong tsa Bogosi, madi le dilwana tsa thuso ya potlako. Makoko a a lwantshanang a ne a thiba ditsela, le fa go ntse jalo, e re ka makoko ao oomabedi a ne a itse gore Basupi ga ba tseye letlhakore mo dipolotiking, gantsi ba ne ba letla dikoloi tsa ofisi ya lekala gore di fete.

François a re: “Fa re ne re le mo tseleng e e yang kwa Holong ya Bogosi, batho ba ba neng ba iphitlhile ba ne ba thuntsha koloi ya rona. Le fa go ntse jalo, marumo a tlhobolo a ne a feta fa gare ga rona. Fa re bona lesole lengwe le tabogela kwa go rona le tshotse tlhobolo, re ne ra busetsa koloi kwa morago ka bonako, ra e retolosa mme ra boela kwa lekaleng. Re ne ra leboga Jehofa go bo re tshela. Mo letsatsing le le latelang, bakaulengwe ba le 130 ba ba neng ba le mo Holong eo ya Bogosi, ba ne ba goroga kwa lefelong le le sireletsegileng. Bangwe ba bone ba ne ba tla kwa ofising ya lekala, kwa re neng ra ba tlamela gone ka dilo tse ba neng ba di tlhoka le ka dilo tsa semoya go fitlha dikhuduego di fela.”

François a re: “Moragonyana ofisi ya lekala e ne ya amogela makwalo a mantsi a a tswang kwa bakaulengweng go ralala naga, ba bontsha gore ba leboga tota. Go lemoga kafa bakaulengwe ba bone ba kwa mafelong a mangwe ba neng ba ba thusa ka gone, go ne ga dira gore ba tshepe Jehofa le go feta.”

Ka dinako tsa masetlapelo a tlholego le a a bakilweng ke batho, re thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba tlhokang, go na le gore re ba reye re re ba ‘nne ba thuthafetse e bile ba fepiwa sentle.’ (Jak. 2:15, 16) Go ne go ntse fela jalo le mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa barutwa ba sena go utlwa tlhagiso ya gore go tla nna le leuba, “ba ne ba swetsa, kafa mongwe le mongwe wa bone a neng a ka kgona ka gone, go romela thuso ya go namola kwa bakaulengweng ba ba nnang mo Judea.”—Dit. 11:28-30.

E re ka re le batlhanka ba ga Jehofa, re iketleeleditse go thusa batho ka dilo tse ba di tlhokang. Le fa go ntse jalo, gape batho ba tlhoka dilo tsa semoya. (Math. 5:3) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire barutwa, gore ba thuse batho go lemoga gore ba tlhoka dilo tsa semoya, mme ba ba neye tsone. (Math. 28:19, 20) Mongwe le mongwe wa rona o dirisa nako ya gagwe, maatla le dilo tse a nang le tsone gore a diragatse taelo eo. Phuthego ya Modimo e dirisa meneelo e mengwe go thusa batho ka se ba se tlhokang, le fa go ntse jalo, meneelo e dirisiwa segolobogolo mo dilong tse di direlwang Bogosi le go anamisa dikgang tse di molemo. Ka go dira jalo, re bontsha gore re rata Modimo le baagelani.—Math. 22:37-39.

Batho ba ba emang nokeng tiro eno ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa, ba ka tlhomamisega gore meneelo ya bone e dirisiwa sentle le ka tsela e e molemo. A o ka kgona go thusa bakaulengwe ba gago ba ba tlhokang? A o eletsa go ema nokeng tiro ya go dira barutwa? Fa go ntse jalo, “o se ka wa gana ka molemo mo go ba o ba tshwanetseng, fa go le mo maatleng a seatla sa gago go o dira.”—Dia. 3:27.