Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Bontshitse Jang Gore O a Re Rata?

Jehofa o Bontshitse Jang Gore O a Re Rata?

“Bonang gore ke lorato lwa mofuta ofe lo Rara a lo re neileng!”—1 JOHANE 3:1.

PINA: 91, 13

1. Moaposetoloi Johane o re kgothaletsa go akanya ka eng, mme ka ntlha yang?

MOAPOSETOLOI JOHANE o re kgothaletsa gore re akanyetse kwa teng ka lorato lwa ga Jehofa. Re bala jaana mo go 1 Johane 3:1: “Bonang gore ke lorato lwa mofuta ofe lo Rara a lo re neileng!” Fa re akanyetsa kwa teng ka lorato lo Jehofa a re ratang ka lone le kafa a re le bontshang ka teng, re atamalana le ene fela thata e bile re mo rata le go feta.

2. Ke eng fa go le thata gore batho bangwe ba tlhaloganye gore Modimo o a ba rata?

2 Ka maswabi, batho bangwe ga ba kgone go tlhaloganya kgang ya gore Modimo o a ba rata. Ba akanya gore Modimo ga a na sepe le batho. Ba ka tswa ba akanya gore Modimo o baya melao fela mme o otlhaya ba ba e tlolang. E re ka bangwe ba rutilwe maaka ka Modimo, ba akanya gore Modimo o setlhogo le gore ga go kgonege go ka mo rata. Ba bangwe ba tsaya gore Modimo o rata batho botlhe go sa kgathalesege gore ba dira eng. Mme wena Baebele e go thusitse go itse boammaaruri ka Jehofa. O ithutile gore lorato ke nonofo ya gagwe ya konokono le gore o ile a ntsha Morwawe gore a go swele. (Johane 3:16; 1 Johane 4:8) Mme gone, dilo tse di go diragaletseng mo botshelong di ka nna tsa dira gore go nne thata go dumela gore Jehofa o a go rata.

3. Ke eng se se tla re thusang go tlhaloganya gore Jehofa o a re rata?

3 Pele ga re ka tlhaloganya gore Jehofa o a re rata, sa ntlha re tshwanetse go tlhaloganya gore ke ene a re bopileng. O re neile botshelo. (Bala Pesalema 100:3-5.) Ke ka moo Baebeleng e bitsang motho wa ntlha e re ke “morwa Modimo.” (Luke 3:38) Jesu o ile a re ruta gore re bitse Jehofa re re ke “Rraarona yo o kwa magodimong.” (Mathaio 6:9) Ka jalo, Jehofa ke Rraarona mme fela jaaka rre a rata bana ba gagwe le ene o re rata fela jalo.

4. (a) Jehofa ke Rre yo o ntseng jang? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno le se se latelang?

4 Bangwe ga ba itse gore fa go twe rre ke motho yo o lorato go buiwa ka eng. Ba ka tswa ba akanya ka dilo tse di botlhoko tse di ba diragaletseng fa e ne e le bana ka gonne borraabone ba ne ba ba tshwara setlhogo. Jehofa ga a kitla a tsamaya a tshwara bana ba gagwe ka tsela eo. Ke Rre yo o ba gaisang botlhe. (Pesalema 27:10) O re rata fela thata e bile o re tlhokomela ka ditsela tse di farologaneng. Fa re itse gore Jehofa o a re rata, le rona re tla mo rata le go feta. (Jakobe 4:8) Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka ditsela di le nnè tse Jehofa a re bontshang ka tsone gore o a re rata. Mme mo go se se latelang, re tla bona ditsela di le nnè tse rona re ka mmontshang ka tsone gore re a mo rata.

JEHOFA O LORATO E BILE O PELOTSHWEU

5. Modimo o naya batho botlhe eng?

5 Fa moaposetoloi Paulo a le kwa Athena kwa Gerika, o ne a lemoga gore batho ba koo ba ne ba na le medimo e mentsi e ba neng ba akanya gore ke yone e ba neileng botshelo. O ne a ba bolelela ka “Modimo yo o neng a dira lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone.” Gape a ba bolelela gore Modimo “o naya batho botlhe botshelo le mohemo le dilo tsotlhe” le gore “ka ene re na le botshelo mme re a tshikhinyega e bile re gone.” (Ditiro 17:24, 25, 28) Jehofa o re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang gore re kgone go itumelela botshelo. Akanya ka dilo dingwe tse a re neileng tsone go re bontsha gore o a re rata.

6. Jehofa o re agetse legae le le ntseng jang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

6 Ka sekai, Jehofa o re agetse legae le lentle. (Pesalema 115:15, 16) Polanete ya rona e farologane thata le dipolanete tse dingwe. Baitsesaense ba ile ba ya kwa dipolaneteng tse dingwe mme le gompieno ga ba ise ba bone polanete epe e batho ba ka kgonang go tshela mo go yone. Jehofa ga a re tlamela fela ka dilo tse re di tlhokang gore re tswelele re tshela, go na le moo, o ile a re agela lefatshe le lentle, le le phuthologileng e bile le babalesegile gore re ka kgona go nna mo go lone re itumetse. (Isaia 45:18) Fa re akanya ka legae le Rraarona Jehofa a re agetseng lone, ga go pelaelo gore re kgona go lemoga gore o a re rata.—Bala Jobe 38:4, 7; Pesalema 8:3-5.

7. Tsela e Jehofa a re bopileng ka yone e bontsha jang gore ruri o a re rata?

7 Tsela nngwe e Jehofa a re bontshitseng ka yone gore o a re rata, ke ka go re bopa re na le bokgoni jwa go mo etsa. (Genesise 1:27) Seo se raya gore re kgona go lemoga fa a re rata e bile le rona re kgona go mo rata. Modimo o a itse gore seo ke sone se se re itumedisang. Kana tota, bana ba itumela thata fa ba itse gore batsadi ba bone ba a ba rata. Se lebale gore Jesu o ile a re ruta gore fa re atamalana gaufi le Rraarona Jehofa, re tla itumela. (Mathaio 5:3) Modimo o re naya “dilo tsotlhe . . . gore re di ipelele.” Ga go pelaelo gore Jehofa o lorato e bile o pelotshweu.—1 Timotheo 6:17; Pesalema 145:16.

JEHOFA O RE RUTA BOAMMAARURI

8. Ke ka ntlha yang fa re batla go rutwa ke Jehofa?

8 Borre ba rata bana ba bone e bile ga ba batle gore ba tsiediwe ke ope. Mme batsadi ba le bantsi ga ba latele se Baebele e se rutang malebana le gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Seo se dira gore ba se ka ba thusa bana ba bone sentle mme bana ba feleletsa ba sa itumela e bile ba tlhakane tlhogo. (Diane 14:12) Mme Jehofa ene o naya bana ba gagwe kgakololo e e molemo thata ka gonne ke “Modimo wa boammaaruri.” (Pesalema 31:5) O itumelela go re ruta boammaaruri ka ene. Gape o re bontsha kafa re tshwanetseng go mo obamela ka gone le go re bontsha tsela e e molemolemo e re tshwanetseng go tshela ka yone. (Bala Pesalema 43:3.) Ka jalo, ke eng se Jehofa a re rutileng sone se se re bontshang gore o a re rata?

Borre ba Bakeresete ba etsa Jehofa ka go ruta bana ba bone Baebele le go ba thusa go nna ditsala tsa Rraabone yo o kwa legodimong (Bona serapa 8-10)

9, 10. (a) Ke eng fa Jehofa a re ikitsise? (b) O re ruta eng ka se a se ikaeletseng ka rona?

9 Sa ntlha, Jehofa o batla gore re mo itse. (Jakobe 4:8) Ke ka moo a re bolelelang leina la gagwe. Tota e bile, Baebele e umaka leina la gagwe go feta leina lepe fela. Gape Jehofa o re bolelela gore ke Modimo yo o ntseng jang. Dilo tse a di bopileng di re bontsha gore o botlhale e bile o maatla. (Baroma 1:20) Baebele e re ruta gore o tekatekano e bile o a re rata. Fa re ntse re ithuta ka botho jwa ga Jehofa, re mo rata le go feta.

Fa re ntse re ithuta ka botho jwa ga Jehofa, re mo rata le go feta

10 Gape Jehofa o re ruta ka se a ikaeletseng go se dira. O re ruta gore re karolo ya lelapa la gagwe. O re tlhalosetsa se a se solofetseng mo go rona gore re kgone go dirisana sentle ka kagiso le maloko a mangwe a lelapa. Baebele e bontsha sentle gore Modimo ga a re bopa re na le tshwanelo ya go baya melao ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. (Jeremia 10:23) Jehofa o itse se se re siametseng. Mme fa re batla go nna le kagiso e bile re itumetse, re tshwanetse go mo ikobela. Jehofa o re rutile dilo tseno tsotlhe ka gonne a re rata.

11. Rraarona yo o lorato o re boleletse eng ka isagwe?

11 Rre yo o lorato o akanya thata ka bokamoso jwa bana ba gagwe. O batla gore ba itumelele botshelo. Ka maswabi, batho ba le bantsi ba tshwenyegile thata ka isagwe mme ba bangwe ba fetsa nako e ntsi ba berekela dilo tse di se nang mosola. (Pesalema 90:10) Re itumela tota go bo Rraarona Jehofa a re ruta kafa re ka itumelelang botshelo ka teng le go re solofetsa isagwe e e itumedisang!

JEHOFA O KAELA BANA BA GAGWE E BILE O A BA KGALEMELA

12. Jehofa o ile a leka jang go thusa Kaine le Baruke?

12 Fa Jehofa a ne a lemoga gore Kaine o tloga a dira phoso e e masisi, o ne a leka go mo thusa ka go mmotsa a re: “Ke ka ntlha yang fa o tuka bogale e bile ke ka ntlha yang fa sefatlhego sa gago se tlhontse? Fa o simolola go dira molemo, a ga o kitla o godisiwa?” (Genesise 4:6, 7) Kaine ga a ka a reetsa mme o ne a roba se a se jadileng. (Genesise 4:11-13) Nako nngwe Jehofa o ne a lemoga gore tsela e e phoso e Baruke a neng a akanya ka yone e ne e dira gore Baruke a feleletse a lapile e bile a kgobegile marapo. Ka jalo, Jehofa o ne a mmolelela gore tsela eo ya go akanya e ne e le phoso le gore o tlhoka go e fetola. Baruke o ne a reetsa Jehofa mme a bolokwa.—Jeremia 45:2-5.

13. Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ile ba ithuta eng mo ditekong tsa bone?

13 Jehofa o a re kaela e bile o a re kgalemela ka gonne a re rata. Ga a re kgalemele fela fa a bona re dira diphoso, go na le moo o a re thapisa. (Bahebera 12:6) Baebele e na le dikai tsa batlhanka ba ba ikanyegang ba Jehofa a ileng a ba thapisa gore e nne batho ba ba botoka. Ka sekai, Josefa, Moshe le Dafide ba ile ba diragalelwa ke dilo tse di botlhoko thata. Jehofa o ne a ba ema nokeng ka dinako tsotlhe. Mme se ba ithutileng sone ka dinako tseo tsa diteko, se ba thusitse thata ka nako ya fa Jehofa a ne a ba naya maikarabelo a magolo. Fa re bala Baebele mme re bona kafa Jehofa a tshegetsang le go thapisa batlhanka ba gagwe ka gone, re kgona go lemoga gore ruri o a re rata.—Bala Diane 3:11, 12.

14. Jehofa o re bontsha jang gore o a re rata fa re dira sengwe se se phoso?

14 Le fa re dira sengwe se se phoso, Jehofa ga a emise go re rata. Fa a re kgalemela re bo re reetsa le go ikwatlhaya, o tla re itshwarela “ka tsela e kgolo.” (Isaia 55:7) Seo se kaya eng? Mafoko ano a ga Dafide a a malebana le tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone a re thusa go lemoga gore Rraarona o kutlwelobotlhoko tota: “Ene yo o itshwarelang tlolo ya gago yotlhe, yo o fodisang matlhoko a gago otlhe, yo o namolang botshelo jwa gago mo kgatamping, yo o go rwesang serwalo sa bopelonomi jwa lorato le mautlwelobotlhoko, fela jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, o beile ditlolo tsa rona kgakala le rona fela jalo.” (Pesalema 103:3, 4, 12) Jehofa o re kaela le go re kgalemela ka ditsela tse di farologaneng. A o bonako go dira diphetogo? Re tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa o re kgalemela ka gonne a re rata.—Pesalema 30:5.

JEHOFA O A RE SIRELETSA

15. Ke tsela efe e nngwe e Jehofa a re bontshang ka yone gore o a re rata?

15 Rre yo o lorato o sireletsa lelapa la gagwe. Rraarona Jehofa le ene o dira fela jalo. Mopesalema o bua jaana ka Jehofa: “O disitse meya ya batho ba gagwe ba ba ikanyegang; o ba golola mo seatleng sa ba ba boikepo.” (Pesalema 97:10) Akanya ka seno: Fela jaaka o le bonako go sireletsa matlho a gago ka gonne a le botlhokwa, Jehofa le ene o bonako go sireletsa batho ba gagwe ka gonne ba botlhokwa thata mo go ene.—Bala Sekarea 2:8.

Jehofa o bonako go sireletsa batho ba gagwe ka gonne ba botlhokwa thata mo go ene

16, 17. Jehofa o ile a sireletsa batho ba gagwe jang mo nakong e e fetileng le mo metlheng ya rona?

16 Tsela nngwe e Jehofa a sireletsang batho ba gagwe ka yone, mo nakong e e fetileng le mo metlheng ya rona, ke ka go dirisa baengele ba gagwe. (Pesalema 91:11) Moengele a le mongwe o ne a boloka batho ba Modimo ka go bolaya masole a Baasiria a le 185 000 mo bosigong bo le bongwe. (2 Dikgosi 19:35) Nako nngwe baengele ba ne ba golola Petere, Paulo le ba bangwe mo kgolegelong. (Ditiro 5:18-20; 12:6-11) Bosheng jaana, go ne ga runya ntwa e e matlho mahibidu golo gongwe mo Afrika. E ne e le tlhakatlhakano fela ka gonne go ne go lowa, go utswiwa, go betelelwa e bile go bolawa batho. Le fa go se ope wa bakaulengwe ba rona yo o ileng a bolawa, bontsi bo ile jwa latlhegelwa ke dithoto tsa bone. Mme ba ne ba itse gore Jehofa o a ba rata le gore o ne a ba tlhokometse. Ba ne ba itumetse le fa gone ba ne ba boga. Fa moemedi wa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa a ba etetse mme a ba botsa gore ba tsoga jang, ba ne ba re: “Re leboga Jehofa ka gonne tsotlhe di apere tshiamo!”

17 Ke boammaaruri gore batlhanka bangwe ba ga Jehofa, ba ba jaaka Setefane le ba bangwe, ba ile ba bolawa ka gonne ba ikanyega mo go Jehofa. Ka dinako tse dingwe, Jehofa o letlelela dilo tse di ntseng jalo go direga. Mme gone, o sireletsa batho ba gagwe ka go ba tlhagisa ka ditsela tse Satane a di dirisang go leka go ba raela. (Baefeso 6:10-12) Ditlhagiso tseno di teng mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa phuthego ya ga Jehofa. Ka sekai, re ithuta ka dikotsi tsa Internet, tsa go rata tšhelete, tsa boitsholo jo bo leswe le tsa go leba difilimi kgotsa go bala dibuka le metshameko ya thubakanyo. Go bonala sentle fela gore Jehofa o a re rata e bile o batla go re sireletsa.

A TLOTLA E KGOLO RURI!

18. O ikutlwa jang go bo o itse gore Jehofa o a go rata?

18 Fa Moshe a akanya ka dingwaga tsotlhe tse a di feditseng a direla Jehofa, o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o a mo rata. O ne a re: “Re kgotsofatse mo mosong ka bopelonomi jwa gago jwa lorato, gore re goe ka boipelo mme re ipele mo malatsing otlhe a rona.” (Pesalema 90:14) Re motlotlo tota go bo re kgona go tlhaloganya e bile re lemoga gore Jehofa o a re rata. A tlotla e e seng kana ka sepe go bo re ratwa ke Jehofa! Re ikutlwa fela jaaka moaposetoloi Johane yo o ileng a re: “Bonang gore ke lorato lwa mofuta ofe lo Rara a lo re neileng!”—1 Johane 3:1.