Sekarea 4:1-14

  • Ponatshegelo 5: Setlhomo sa dipone le ditlhare tsa motlhware di le pedi (1-14)

    • ‘Ka moya wa me, e seng ka maatla a batho’ (6)

    • O se ka wa nyatsa letsatsi la dilo tse di simologileng di le dinnye (10)

4  Moengele yo o neng a ntse a bua le nna o ne a tla gape mme a ntsosa, jaaka e kete o tsosa mongwe mo borokong. 2  Go tswa foo, o ne a nthaya a re: “O bona eng?” Ka jalo, ke ne ka re: “Ke bona setlhomo sa dipone se se dirilweng ka gauta gotlhe+ fela se se nang le sekotlele mo godimo ga sone. Go na le dipone di le supa mo go sone,+ mme dipone tse di kwa godimo ga sone di na le diphaepe di le supa. 3  Mme gaufi le sone go na le ditlhare tsa motlhware di le pedi,+ se sengwe se ka fa mojeng wa sekotlele mme se sengwe se ka fa molemeng.” 4  Foo ke ne ka botsa moengele yo o neng a bua le nna ka re: “Morena wa me, dilo tseno di kaya eng?” 5  Ka jalo, moengele yo o neng a bua le nna o ne a mpotsa jaana: “A ga o itse gore dilo tseno di kaya eng?” Ke ne ka araba ka re: “Ga ke itse, morena wa me.” 6  Go tswa foo, o ne a nthaya a re: “Ono ke molaetsa wa ga Jehofa o o yang kwa go Serubabele: ‘“Dilo tseno di tla direga ka moya wa me,+ e seng ka mophato wa masole kgotsa ka maatla a batho,”+ go bua Jehofa wa masomosomo. 7  O mang, wena thaba e kgolo? O tla nna naga e e lebala fela+ fa pele ga ga Serubabele.+ Mme ene o tla tlisa leje le le kwa godimo go ntse go goelediwa go twe: “Ruri le a kgatlha! Ruri le a kgatlha!”’” 8  Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 9  “Serubabele o thaile motheo wa ntlo eno ka diatla tsa gagwe,+ mme o tla e wetsa ka diatla tsa gagwe.+ Mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore Jehofa wa masomosomo o nthomile kwa go lona. 10  Gonne ke mang yo o nyaditseng letsatsi la dilo tse di simologileng di le dinnye?*+ Gonne ba tla itumela fa ba bona mogala o o tlhamalatsang lobota* mo seatleng sa ga Serubabele. Matlho a a supa ano ke a ga Jehofa, mme a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe.”+ 11  Go tswa foo, ke ne ka mmotsa jaana: “Ditlhare tseno tse pedi tsa motlhware di kaya eng, se se ka fa mojeng le se se ka fa molemeng wa setlhomo sa dipone?”+ 12  Ke ne ka mmotsa lekgetlo la bobedi ka re: “Dikalana* tsa ditlhare tse pedi tsa motlhware tse di tshololang leokwane la mmala wa gauta ka ditšhupu tse pedi tsa gauta di kaya eng?” 13  Ka jalo, o ne a mpotsa jaana: “A ga o itse gore dilo tseno di kaya eng?” Ke ne ka araba ka re: “Ga ke itse, morena wa me.” 14  O ne a re: “Dilo tseno di emela batlodiwa ba babedi ba ba emeng fa thoko ga Morena wa lefatshe lotlhe.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “dilo tse dinnye?”
Seheb., “fa ba bona leje.”
Go tewa dikalana tsa setlhare tse di tletseng maungo.