Sekarea 3:1-10

  • Ponatshegelo 4: Moperesiti yo mogolo o apesiwa diaparo tse dingwe (1-10)

    • Satane o ganetsana le Moperesiti yo Mogolo e bong Joshua (1)

    • ‘Ke tla tlisa motlhanka wa me e leng Letlhogela!’ (8)

3  Mme o ne a mpontsha Joshua+ moperesiti yo mogolo a eme fa pele ga moengele wa ga Jehofa, mme Satane+ o ne a eme ka fa seatleng sa gagwe sa moja gore a ganetsane le ene.  Foo moengele wa ga Jehofa o ne a raya Satane a re: “A Jehofa a go kgaleme wena Satane,+ ruri a Jehofa yo o tlhophileng Jerusalema,+ a go kgaleme! A Joshua ga se kota e e tukang e e swatotsweng mo molelong?”  Jaanong Joshua o ne a apere diaparo tse di leswe mme a eme fa pele ga moengele yoo.  Moengele yoo o ne a raya ba ba emeng fa pele ga gagwe a re, “Mo apoleng diaparo tse di leswe.” Go tswa foo, o ne a mo raya a re, “Bona, ke ntshitse molato wa gago mo go wena, mme o tla apesiwa diaparo tse dintle.”*+  Ka jalo, ke ne ka re: “A a rwesiwe tuku e e kgethegileng e e phepa.”+ Mme ba ne ba mo rwesa tuku e e kgethegileng e e phepa ba bo ba mo apesa diaparo; mme moengele wa ga Jehofa o ne a eme foo.  Go tswa foo, moengele wa ga Jehofa o ne a raya Joshua a re:  “Jehofa wa masomosomo a re, ‘Fa e le gore o tla tsamaya mo ditseleng tsa me e bile o tla diragatsa maikarabelo a ke go a neileng, foo o tla nna moatlhodi mo ntlong ya me+ e bile o tla tlhokomela* malwapa a me; mme ke tla dira gore o tsene ka kgololesego mo go ba ba emeng fano.’  “‘Tsweetswee, reetsa wena Joshua Moperesiti yo Mogolo, wena le baperesiti ba gago ba ba nnang fa pele ga gago, ka gonne banna bano ke sesupo; ke tlisa motlhanka wa me+ e leng Letlhogela!+  Bona leje le ke le beileng fa pele ga ga Joshua! Mo lejeng leno go na le matlho a le supa; jaanong ke gaba mokwalo mo go lone,’ go bua Jehofa wa masomosomo, ‘mme ke tla tlosa molato wa lefatshe leo mo letsatsing le le lengwe.’+ 10  “Jehofa wa masomosomo a re, ‘Mo letsatsing leo, mongwe le mongwe wa lona o tla laletsa moagelani wa gagwe gore a tle go nna le ene ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa morara* le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “diaparo tse ditelele tse di kgethegileng.”
Kgotsa “ikarabelela ka; disa.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”