Sekarea 13:1-9
13 “Mo letsatsing leo, ditlogolwana tsa ga Dafide le banni ba Jerusalema ba tla epelwa sediba gore ba phepafadiwe boleo ba bo ba itshekisiwe.”+
2 Jehofa wa masomosomo a re, “Mo letsatsing leo, ke tla phimola maina a medingwana ke a tlosa mo lefatsheng,+ mme ga a kitla a tlhola a gakologelwa; e bile ke tla tlosa baporofeti+ le ba ba rotloetsang gore go dirwe dilo tse di seng phepa.
3 Mme fa motho a ka porofeta gape, rraagwe le mmaagwe ba ba mmelegeng ba tla mo raya ba re, ‘Ga o kitla o tshela, ka gonne o buile maaka mo leineng la ga Jehofa.’ Mme rraagwe le mmaagwe ba ba mmelegeng ba tla mo tlhaba, ka gonne a porofeta.+
4 “Mo letsatsing leo, moporofeti mongwe le mongwe o tla tlhabisiwa ditlhong ke ponatshegelo ya gagwe fa a porofeta; e bile ga a kitla a apara seaparo se se boboa* se se mo tlhaolang+ gore a tsietse batho.
5 Mme o tla re, ‘Ga ke moporofeti. Ke molemi fela,* ka gonne motho mongwe o ne a ntheka ke sa ntse ke le monnye.’
6 Mme fa mongwe a mmotsa a re, ‘Dintho tseno tse di fa gare ga magetla a* gago ke tsa eng?’ o tla araba a re, ‘Ke tsa fa ke ne ke itewa kwa ntlong ya ditsala tsa me.’”*
7 Jehofa wa masomosomo a re, “Wena tšhaka, tlhasela modisa wa me,+Tlhasela monna yo e leng molekane wa me.
Itaya modisa,+ mme a letsomane* le gasame;+Mme tse e seng tsa sepe ke tla di tsholeletsa seatla sa me.”
8 Jehofa a re, “Mme mo lefatsheng lotlhe,Dikarolo di le pedi mo go lone di tla kgaolwa di bo di nyelela;*Mme karolo ya boraro e tla tlogelwa mo go lone.
9 Mme ke tla fetisa karolo eo ya boraro mo molelong;E bile ke tla ba itshekisa jaaka selefera,Ke bo ke ba tlhatlhoba fela jaaka fa go tlhatlhobiwa gauta.+
Ba tla bitsa leina la me,Mme ke tla ba araba.
Ke tla re, ‘Ke batho ba me,’+
Mme bone ba tla re, ‘Jehofa ke Modimo wa rona.’”
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “seaparo sa moporofeti.”
^ Seheb., “Ke monna yo o lemang mmu.”
^ Seheb., “fa gare ga diatla tsa.” Go tewa mo sehubeng kgotsa mo mokwatleng.
^ Kgotsa “ya ba ba nthatang.”
^ Kgotsa “dinku.”
^ Kgotsa “swa.”