Bahebera 5:1-14

  • Jesu o feta baperesiti ba bagolo ba batho (1-10)

    • O tshwana le Melekisedeke (6, 10)

    • O ne a ithuta go nna kutlo mo dilong tse di botlhoko tse di neng tsa mo diragalela (8)

    • Batho ba tla newa botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya gagwe (9)

  • Batho ba tlhagisiwa gore ba gatele pele (11-14)

5  Gonne moperesiti mongwe le mongwe yo mogolo yo o tswang mo bathong o tlhomiwa gore a dire tirelo ya Modimo mo boemong jwa batho,+ gore a ise dimpho le ditlhabelo a di ntshetsa maleo.+  O kgona go tlhomogela pelo* ba ba se nang kitso le ba ba fapogang ka gonne o a lemoga gore le ene o na le makoa,  mme ka ntlha ya seo o tshwanelwa ke go ntshetsa maleo a gagwe ditlhabelo fela jaaka a di ntshetsa maleo a batho ba bangwe.+  Motho ga a ka ke a nna moperesiti yo mogolo ka boene, mme Modimo ke ene a mo tlhomang gore a nne moperesiti yo mogolo, fela jaaka a ile a tlhoma Arone.+  Ka jalo, Keresete le ene ga a ka a ikgalaletsa+ ka go nna moperesiti yo mogolo, mme o ne a galalediwa ke yo o neng a bua jaana ka ene: “O morwaake; jaanong gompieno ke rrago.”+  Gape golo gongwe a re, “O moperesiti ka bosakhutleng yo o tshwanang le Melekisedeke.”+  Fa Keresete a ne a le mo lefatsheng,* o ne a rapela ka tlhoafalo a rapela Ene yo o neng a kgona go mmoloka a mo ntsha mo losong, a kopa ka lentswe le le kwa godimo e bile a lela,+ mme dithapelo tsa gagwe di ne tsa utlwiwa ka gonne a boifa Modimo.  Le fa e ne e le morwa, o ne a ithuta go nna kutlo mo dilong tse di botlhoko tse di neng tsa mo diragalela.+  Mme fa a sena go nna kutlo mo go sengwe le sengwe,*+ botlhe ba ba mo utlwang ba ka bolokwa ba bo ba newa botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya gagwe,+ 10  ka gonne Modimo o mo tlhomile gore a nne moperesiti yo mogolo yo o tshwanang le Melekisedeke.+ 11  Re na le dilo tse dintsi tse re ka di buang ka ene mme go thata go di lo tlhalosetsa, ka gonne lo tsaya nako go tlhaloganya. 12  Gone jaanong* lo tshwanetse go ka bo lo le barutisi, mme lo tlhoka mongwe go lo ruta dilo tsa ntlha+ tse di tswang mo lefokong la Modimo le le boitshepo; e bile lo tlhoka mashi jaaka bana, e seng dijo tse di tiileng. 13  Gonne mongwe le mongwe yo o nnang a nwa mashi ga a a tlwaelana le lefoko la Modimo le le re rutang se se siameng, ka gonne ke ngwana.+ 14  Mme dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng, ba ba katisitseng bokgoni jwa bone jwa go lemoga ka go bo dirisa, gore bo kgone go farologanya se se siameng le se se sa siamang.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “go nna bonolo mo go.”
Seger., “Mo malatsing a fa a le mo nameng.”
Seger., “go itekanedisiwa.”
Seger., “Ka ntlha ya nako.”