Samuele wa Ntlha 23:1-29
23 Fa nako e ntse e tsamaya, Dafide o ne a bolelelwa jaana: “Bafilisitia ba lwa le Keila+ e bile ba tlhasela mafelo a go phothelwang mo go one.”
2 Ka jalo, Dafide o ne a botsa Jehofa+ a re: “A ke tsamaye mme ke ye go kgemetha Bafilisitia bano?” Jehofa o ne a raya Dafide a re: “Tsamaya o kgemethe Bafilisitia mme o golole Keila.”
3 Le fa go ntse jalo, banna ba ga Dafide ba ne ba mo raya ba re: “Re boifa re ntse re le fano mo Juda;+ ruri re tla boifa le go feta fa re ka ya kwa Keila go ya go lwantsha mola wa tlhabano wa Bafilisitia!”+
4 Ka jalo, Dafide o ne a botsa Jehofa gape.+ Jaanong Jehofa o ne a mo araba a re: “Tsamaya; ya kwa Keila ka gonne ke tla tsenya Bafilisitia mo seatleng sa gago.”+
5 Ka jalo, Dafide o ne a tsamaya le banna ba gagwe kwa Keila mme a tlhabana le Bafilisitia; o ne a tsaya leruo la bone a bo a ba kgemetha ba le bantsi thata, mme Dafide o ne a golola banni ba Keila.+
6 Jaanong fa Abiathare+ morwa Ahimeleke a ne a tshabela kwa go Dafide kwa Keila, o ne a tshotse khiba.
7 Saulo o ne a bolelelwa jaana: “Dafide o tlile mo Keila.” Foo Saulo o ne a re: “Modimo o mo nneile,*+ ka gonne o itsentse mo seraing ka go tsena mo motseng o o nang le ditswalo le mephakalego.”
8 Ka jalo, Saulo o ne a bitsa batho botlhe gore ba ye ntweng, ba ye kwa Keila mme ba tlhasele Dafide le banna ba gagwe.
9 E rile Dafide a utlwa gore Saulo o mo logela leano, o ne a raya moperesiti Abiathare a re: “Tlisa khiba kwano.”+
10 Go tswa foo, Dafide o ne a re: “Ao tlhe Jehofa, Modimo wa Iseraele, ruri nna motlhanka wa gago ke utlwile gore Saulo o ikaeletse go tla mo Keila gore a tle go senya motse ono ka ntlha ya me.+
11 A baeteledipele* ba Keila ba tla ntsenya mo seatleng sa gagwe? A Saulo o tla tla fela jaaka ke utlwile? Ao tlhe Jehofa, Modimo wa Iseraele, tsweetswee ke kopa gore o mpolelele.” Fa a rialo, Jehofa o ne a re: “O tla tla.”
12 Dafide o ne a botsa jaana: “A baeteledipele ba Keila ba tla tsenya nna le banna ba me mo seatleng sa ga Saulo?” Jehofa o ne a araba a re: “Ba tla lo tsenya.”
13 Ka yone nako eo, Dafide o ne a tsamaya le banna ba gagwe, ba ka nna 600,+ mme ba ne ba tswa mo Keila ba bo ba ya gongwe le gongwe kwa ba neng ba ka ya teng. E rile Saulo a bolelelwa gore Dafide o tshabile kwa Keila, ga a ka a tswa a ya go mo lelekisa.
14 Dafide o ne a nna mo nageng mo mafelong a go leng thata go ya kwa go one, mo kgaolong e e dithaba kwa nageng ya Siife.+ Saulo o ne a mmatla ka metlha,+ le fa go ntse jalo Jehofa o ne a se ka a mo tsenya mo seatleng sa gagwe.
15 Fa Dafide a ntse a le kwa nageng ya Siife kwa Horeshe, o ne a itse gore* Saulo o ne a dule letsholo a batla go mmolaya.
16 Jaanong Jonathane morwa Saulo o ne a ya kwa go Dafide kwa Horeshe, mme o ne a mo thusa gore a bone maatla* mo go Jehofa.+
17 O ne a mo raya a re: “O se ka wa boifa, ka gonne rre ga a kitla a go bona; wena o tla nna kgosi ya Iseraele,+ mme nna ke tla nna wa bobedi fa morago ga gago; mme rre e bong Saulo le ene o itse seo.”+
18 Go tswa foo, boobabedi ba ne ba dira kgolagano+ fa pele ga ga Jehofa, mme Dafide o ne a nna kwa Horeshe, mme Jonathane a ya kwa legaeng la gagwe.
19 Moragonyana banna ba Siife ba ne ba tlhatlogela kwa go Saulo kwa Gibea+ mme ba re: “Dafide o iphitlhile gaufi le rona+ mo mafelong a go leng thata go ya kwa go one kwa Horeshe,+ mo thoteng ya Hakila,+ e e kwa borwa jwa* Jeshimone.*+
20 Nako epe fela fa o rata go tla kwano, wena kgosi, o tle, mme re tla mo tsenya mo seatleng sa kgosi.”+
21 Fa ba rialo, Saulo o ne a re: “E kete Jehofa a ka lo segofatsa, ka gonne lo ntlhomogetse pelo.
22 Tsweetswee tsamayang, mme lo leke go bona gore tota o kwa kae le gore o bonwe ke mang koo, ka gonne ke boleletswe gore o boferefere thata.
23 Lo tlhomamise ka kelotlhoko gore mafelo otlhe a a iphitlhang mo go one a kwa kae lo bo lo boela mo go nna ka bosupi. Go tswa foo, ke tla tsamaya le lona mme fa a le mo nageng, ke tla mmatla mo dikgotleng* tsotlhe tsa Juda.”
24 Ka jalo, ba ne ba tsamaya mme ba ya kwa Siife+ ba etelela Saulo pele, fa Dafide le banna ba gagwe bone ba ne ba le kwa nageng ya Maone,+ kwa Araba+ kwa borwa jwa Jeshimone.
25 Go tswa foo, Saulo o ne a tla le banna ba gagwe a tlile go mmatla.+ Fa Dafide a bolelelwa ka gone, ka yone nako eo o ne a ya kwa lefikeng+ mme a nna mo nageng ya Maone. E rile Saulo a utlwa seno, o ne a lelekisa Dafide go ya go fitlha kwa nageng ya Maone.
26 Fa Saulo a ne a tla mo letlhakoreng le lengwe la thaba, Dafide le banna ba gagwe ba ne ba le ka fa letlhakoreng le lengwe la thaba. Dafide o ne a itlhaganela gore a tswe+ fa go Saulo, le fa go ntse jalo, Saulo le banna ba gagwe ba ne ba ya kwa go Dafide le banna ba gagwe gore ba ba tshware.+
27 Mme morongwa o ne a tla mo go Saulo a re: “Tla kwano ka bonako, ka gonne Bafilisitia ba tlhasetse lefatshe!”
28 Foo Saulo o ne a tlogela go lelekisa Dafide+ mme a ya go tlhabana le Bafilisitia. Ke gone ka moo lefelo leo le neng la bidiwa Lefika la Dikgaogano.
29 Go tswa foo, Dafide o ne a tlhatloga a tswa koo mme a nna kwa mafelong a go leng thata go a atamela kwa Ene-gedi.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Seheb., “o mo rekiseditse mo seatleng sa me.”
^ Kgotsa gongwe “beng ba naga.”
^ Kgotsa gongwe “o ne a boifa ka gonne.”
^ Seheb., “o ne a nonotsha seatla sa gagwe.”
^ Seheb., “ka fa letlhakoreng la moja la.”
^ Kgotsa gongwe “sekaka; naga.”
^ Seheb., “diketeng.”