Samuele wa Ntlha 18:1-30

  • Botsala jwa ga Dafide le Jonathane (1-4)

  • Diphenyo tsa ga Dafide di dira gore Saulo a fufege (5-9)

  • Saulo o leka go bolaya Dafide (10-19)

  • Dafide o nyala Mikale morwadia Saulo (20-30)

18  Fa Jonathane+ a sena go utlwa se Dafide a neng a se bolelela Saulo, ba ne ba nna ditsala tse di atamalaneng thata,* mme Jonathane o ne a simolola go mo rata jaaka a ithata.+ 2  Go tloga ka letsatsi leo, Saulo o ne a tsaya Dafide a nna le ene, mme ga a ka a mo letla go boela kwa lelapeng la ga rraagwe.+ 3  Mme Jonathane le Dafide ba ne ba dira kgolagano,+ ka gonne o ne a mo rata jaaka a ithata.+ 4  Jonathane o ne a apola seaparo se se se nang mabogo se a neng a se apara a bo a se naya Dafide, mmogo le seaparo sa gagwe sa tlhabano, tšhaka ya gagwe, bora jwa gagwe le lebanta la gagwe. 5  Dafide o ne a simolola go ya ntweng mme gongwe le gongwe kwa Saulo a neng a mo roma gone, o ne a atlega.*+ Ka jalo, Saulo o ne a mo tlhoma gore a okamele banna ba ntwa+ mme seno se ne sa itumedisa batho botlhe le batlhanka ba ga Saulo. 6  Fa Dafide le ba bangwe ba ne ba boa ba tswa go kgemetha Bafilisitia, basadi ba ne ba tswa mo metseng yotlhe ya Iseraele ba opela+ e bile ba bina ba itumetse ba tla go kgatlhantsha Kgosi Saulo ka meropana+ le ka dilutu. 7  Basadi bano ba ba neng ba itumetse ba ne ba opela ba re: “Saulo o bolaile dikete,Mme Dafide ene o bolaile dikete di le masome.”+ 8  Saulo o ne a galefa fela thata,+ mme pina eno e ne ya se ka ya mo itumedisa ka gonne o ne a re: “Ba re Dafide o bolaile dikete di le masome, mme nna ke bolaile dikete. Go setse fela gore ba mo neye bogosi!”+ 9  Go tloga mo letsatsing leo go ya pele, ka metlha Saulo o ne a belaela Dafide. 10  Letsatsi le le latelang, moya o o bosula o o tswang kwa Modimong o ne wa tla mo go Saulo,+ mme o ne a simolola go itshwara ka tsela e e sa tlwaelegang* mo ntlong, fa Dafide ene a ne a letsa harepa+ jaaka mo makgetlong a mangwe. Saulo o ne a tshwere lerumo mo seatleng sa ga gagwe,+ 11  mme o ne a konopa lerumo+ leo a ipolelela jaana: ‘Ke tla phunyeletsa Dafide mo loboteng!’ Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a tshaba fa go ene makgetlo a le mabedi. 12  Foo Saulo o ne a boifa Dafide ka gonne Jehofa o ne a na le ene,+ mme o ne a tlogetse Saulo.+ 13  Ka jalo, Saulo o ne a mo tlosa fa go ene a bo a mo tlhoma go nna molaodi wa sekete, mme Dafide o ne a tle a etelele masole pele go ya ntweng.*+ 14  Dafide o ne a tswelela a atlega*+ mo go sotlhe se a neng a se dira, mme Jehofa o ne a na le ene.+ 15  E rile Saulo a lemoga gore o ne a atlega thata, o ne a mmoifa. 16  Le fa go ntse jalo, Iseraele le Juda yotlhe e ne e rata Dafide, ka gonne o ne a ba etelela pele mo matsholong a bone. 17  Moragonyana Saulo o ne a raya Dafide a re: “Morwadiake yo mogolo e bong Merabe+ ke yono. Ke tla go mo naya gore e nne mosadi wa gago.+ Le fa go ntse jalo, o tswelele o ntirela ka bopelokgale e bile o tlhabana dintwa tsa ga Jehofa.”+ Gonne Saulo o ne a ipolelela jaana: ‘Ga nkitla ke tlhoka go bolaya Dafide. Bafilisitia e tla nna bone ba mmolayang.’+ 18  Foo Dafide o ne a raya Saulo a re: “Tota nna ke mang e bile ba losika lwa me, ba lelapa la ga rre mo Iseraele, ke bomang gore ke nne mogwe wa kgosi?”+ 19  Le fa go ntse jalo, fa nako ya gore Dafide a newe morwadia Saulo e bong Merabe e goroga, Merabe o ne a setse a neilwe Aderiele+ wa Momehola gore a mo nyale. 20  Jaanong morwadia Saulo e bong Mikale+ o ne a rata Dafide, mme Saulo o ne a begelwa ka gone, mme o ne a itumelela seno. 21  Ka jalo, Saulo o ne a re: “Ke tla mo mo naya gore e nne leano la go tshwara Dafide, gore Bafilisitia ba tle ba mmolaye.”+ Go tswa foo, Saulo o ne a raya Dafide lekgetlo la bobedi a re: “O tla dira kgolagano ya lenyalo le nna* gompieno.” 22  Mo godimo ga moo, Saulo o ne a laela batlhanka ba gagwe jaana: “Buang le Dafide mo sephiring mme lo re, ‘Kgosi e a go itumelela, le batlhanka ba yone botlhe ba a go rata. Ka jalo, dira kgolagano ya lenyalo le kgosi.’” 23  E rile batlhanka ba ga Saulo ba bolelela Dafide dilo tseno, Dafide o ne a re: “A ke selo se sennye mo go lona go dira kgolagano ya lenyalo le kgosi fa nna ke le monna yo o humanegileng e bile ke tseelwa kwa tlase?”+ 24  Go tswa foo, batlhanka ba ga Saulo ba ne ba mmegela jaana: “Ano ke mafoko a Dafide a a buileng.” 25  Foo Saulo o ne a re: “Lo reye Dafide lo re, ‘Kgosi ga e batle bogadi+ bope ntle le matlalo a bonna a Bafilisitia a le 100,+ gore e ipusolosetse mo babeng ba kgosi.’” Gonne Saulo o ne a loga leano la gore Dafide a we ka seatla sa Bafilisitia. 26  Ka jalo, batlhanka ba gagwe ba ne ba begela Dafide mafoko ano, mme Dafide o ne a itumelela go dira kgolagano ya lenyalo le kgosi.+ Pele ga nako e e beilweng, 27  Dafide o ne a tsamaya le banna ba gagwe ba bo ba kgemetha banna ba Bafilisitia ba le 200, mme Dafide o ne a tlisa palo e e feletseng ya matlalo a bone a bonna kwa kgosing, gore a dire kgolagano ya lenyalo le kgosi. Ka jalo, Saulo o ne a mo naya morwadie e bong Mikale gore e nne mosadi wa gagwe.+ 28  Saulo o ne a lemoga gore Jehofa o ne a na le Dafide+ le gore morwadie e bong Mikale o ne a rata Dafide.+ 29  Seno se ne sa dira gore Saulo a boife Dafide le go feta, mme Saulo o ne a nna mmaba wa ga Dafide botshelo jotlhe jwa gagwe.+ 30  Dikgosana tsa Bafilisitia di ne di tle di tswe di ya tlhabanong, mme gantsi fa di ne di tswa, Dafide o ne a atlega thata* go feta batlhanka botlhe ba ga Saulo;+ mme leina la gagwe le ne la tseelwa kwa godimo thata.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “pelo ya ga Jonathane e ne ya bofagana le pelo ya ga Dafide.”
Kgotsa “o ne a dira ka botlhale.”
Kgotsa “go itshwara jaaka moporofeti.”
Seheb., “mme o ne a tswa a bo a tsena fa pele ga batho.”
Kgotsa “a dira ka botlhale.”
Kgotsa “O tla nna mogwe wa me.”
Kgotsa “o ne a dira ka botlhale thata.”