Samuele wa Ntlha 11:1-15

  • Saulo o fenya Baamone (1-11)

  • Go tlhomamisiwa gore Saulo ke kgosi gape (12-15)

11  Go tswa foo, Nahashe wa Moamone+ o ne a tlhatloga mme a kampa kwa Gileade gore a tlhabane le Jabeshe.+ Banna botlhe ba Jabeshe ba ne ba raya Nahashe ba re: “Dira kgolagano* le rona mme re tla go direla.” 2  Nahashe wa Moamone o ne a ba raya a re: “Ke tla e dira le lona fa lo ka dira seno: fa lotlhe lo ka gonngwa matlho a lona a moja. Ke tla dira seno gore ke tlhabise Iseraele yotlhe ditlhong.” 3  Bagolwane ba Jabeshe ba ne ba mo araba ba re: “Re neye lobaka lwa malatsi a le supa gore re romele barongwa mo nageng yotlhe ya Iseraele. Fa go se na ope yo o ka re gololang, ke gone re tla ineelang mo go wena.” 4  Fa nako e ntse e tsamaya, barongwa ba ne ba tla mo Gibea+ wa ga Saulo mme ba ne ba bua mafoko ao batho ba reeditse, mme batho botlhe ba ne ba goa thata ba lela. 5  Le fa go ntse jalo, Saulo o ne a tswa kwa nageng a tla a setse motlhape morago mme Saulo o ne a re: “Go diragalang ka batho? Goreng ba lela?” Ka jalo, ba ne ba mmolelela mafoko a banna ba Jabeshe. 6  E rile Saulo a utlwa mafoko ao, moya wa Modimo o ne wa mo naya maatla,+ mme o ne a tuka bogale. 7  Ka jalo, o ne a tsaya dipoo tse pedi mme a di segelela go nna dikarolwana a bo a di romela mo nageng yotlhe ya Iseraele ka seatla sa barongwa, ba ba neng ba re: “Ope fela yo o sa lateleng Saulo le Samuele a lebelele gore dikgomo tsa gagwe di tla dirwa jaana!” Mme Jehofa o ne a dira gore batho ba mmoife ba bo ba mo tlotle mo ba neng ba tswa ka boikaelelo bo le bongwe.* 8  Go tswa foo, o ne a ba bala kwa Beseke, mme go ne go na le Baiseraele ba le 300 000 le banna ba Juda ba le 30 000. 9  Jaanong ba ne ba raya barongwa ba ba neng ba tlile ba re: “Lo reye banna ba Jabeshe kwa Gileade lo re, ‘Kamoso fa letsatsi le gotela, lo tla gololwa.’” Fa a rialo barongwa ba ne ba tsamaya mme ba ya go bolelela banna ba Jabeshe, mme ba ne ba itumela thata. 10  Ka jalo, banna ba Jabeshe ba ne ba re: “Kamoso re tla ineela mo go lona, mme lo ka nna lwa dira sepe fela se lo bonang se siame mo go lona.”+ 11  Mo letsatsing le le latelang, Saulo o ne a kgaoganya batho ka mephato e le meraro, mme ba ne ba tsena mo kampeng mo e ka nnang ka 2:00 mo mosong go fitlha ka 6:00 mo mosong* ba bo ba kgemetha Baamone+ go fitlha letsatsi le gotela. Ba ba neng ba falola ba ne ba gasama, mo go neng ga se ka ga nna le ba le babedi ba ba setseng mmogo. 12  Go tswa foo, batho ba ne ba raya Samuele ba re: “Ke mang yo o neng a re, ‘A Saulo a ka nna kgosi ya rona?’+ Tlisang banna bao mme re tla ba bolaya.” 13  Le fa go ntse jalo, Saulo o ne a re: “Go se ka ga bolawa motho ope mo letsatsing leno,+ ka gonne gompieno Jehofa o golotse Iseraele.” 14  Moragonyana Samuele o ne a raya batho a re: “Tlang mme re yeng kwa Gilegala+ gore re ye go tlhomamisa gore Saulo ke kgosi.”+ 15  Ka jalo, batho botlhe ba ne ba ya kwa Gilegala, mme ba ne ba dira Saulo kgosi fa pele ga ga Jehofa kwa Gilegala. Go tswa foo, ba ne ba ntsha ditlhabelo tsa go abelana fa pele ga Jehofa+ gone koo, mme Saulo le banna botlhe ba Iseraele ba ne ba itumela thata.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “tumalano.”
Seheb., “jaaka motho a le mongwe.”
Seheb., “mo kampeng ka nako ya go lebelela ya mo mosong.”