Joshua 3:1-17

  • Baiseraele ba kgabaganya Joredane (1-17)

3  Foo Joshua o ne a tsoga go sa le phakela, mme ene le Baiseraele* botlhe ba ne ba tswa kwa Shitime+ mme ba tla mo Joredane. Ba ne ba lala gone pele ga ba kgabaganya. 2  Morago ga malatsi a le mararo, balaodi+ ba ne ba ralala kampa 3  mme ba laela batho ba re: “Fela fa lo bona letlole la kgolagano ya ga Jehofa, Modimo wa lona le tsholeditswe ke baperesiti ba Balefi,+ lo tswe mo lefelong la lona mme lo le sale morago. 4  Mme gone, go nne le sekgala sa dimetara di ka nna 890* go tswa kwa go lone; lo se ka lwa le atamela thata gore lo tle lo itse tsela e lo tshwanetseng go tsamaya ka yone ka gonne ga lo ise lo ko lo tsamaye ka tsela eo.” 5  Foo Joshua o ne a raya batho a re: “Ipaakanyeng,*+ ka gonne kamoso Jehofa o tla dira dilo tse di gakgamatsang mo gare ga lona.”+ 6  Morago ga moo, Joshua o ne a raya baperesiti a re: “Tsayang letlole+ la kgolagano mme lo fetele kwa pele ga batho.” Ka jalo, ba ne ba tsaya letlole la kgolagano mme ba fetela kwa pele ga batho. 7  Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Joshua a re: “Go tloga mo letsatsing leno Baiseraele ba tla simolola go go tlotla,+ ka gonne ke tla ba bontsha gore ke na le wena+ fela jaaka ke ne ke na le Moshe.+ 8  O bolelele baperesiti ba ba tshwereng letlole la kgolagano taelo eno: ‘Fa lo fitlha mo metsing a a fa losing lwa Joredane, lo eme fela lo sa tshikinyege mo Joredane.’ ”+ 9  Mme Joshua o ne a raya Baiseraele a re: “Tlang kwano mme lo reetse mafoko a ga Jehofa, Modimo wa lona.” 10  Go tswa foo, Joshua o ne a re: “Lo tla itse ka seno gore Modimo yo o tshelang ke ene a lo thusang+ le gore ruri o tla leleka Bakanana, Bahite, Bahife, Baperise, Bagerigashe, Baamore le Bajebuse+ fa pele ga lona. 11  Letlole la kgolagano ya Morena wa lefatshe lotlhe le fetela kwa pele ga lona le tsena mo Joredane. 12  Jaanong tsayang banna ba le 12 mo ditsong tsa Iseraele, monna a le mongwe go tswa mo lotsong longwe le longwe,+ 13  mme fela fa dinao tsa baperesiti ba ba tshwereng Letlole la ga Jehofa, Morena wa lefatshe lotlhe, di kgoma* metsi a Joredane, metsi a Joredane a a elelang go tswa kwa godimo a tla kgaotsa go elela mme a tla ema a sa tshikinyege fela jaaka letamo.”*+ 14  Ka jalo, fa batho ba ne ba tswa mo ditenteng tsa bone gore ba kgabaganye Joredane, baperesiti ba ba tshwereng letlole+ la kgolagano ba ne ba etelela batho pele. 15  Fela fa baperesiti ba ba tshwereng Letlole ba ne ba goroga fa Joredane mme ba tsenya dinao tsa bone mo metsing a a fa losing (jaanong Joredane e elela e bile e penologa go fitlha kwa dintshing tsa yone+ malatsi otlhe a thobo), 16  metsi a a elelang a a tswang kwa godimo a ne a ema fela a sa tshikinyege. A ne a tlhatlogela kwa godimo jaaka letamo* kgakala thata kwa Adame, motse o o gaufi le Sarethane, mme metsi a a fologelang kwa Lewatleng la Araba, e leng Lewatle la Letswai,* one a ne a kgala. A ne a kgaotsa go elela mme batho ba ne ba kgabaganya go lebagana le Jeriko. 17  Fa baperesiti ba ba tshwereng letlole la kgolagano ya ga Jehofa ba ne ba tswelela ba eme ba sa tshikinyege mo mmung o o omileng+ mo gare ga Joredane, Iseraele yotlhe e ne ya kgabaganya mo mmung o o omileng+ go fitlha setšhaba sotlhe se feditse go kgabaganya Joredane.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “bomorwa Iseraele.”
Seheb., “dikubita di le 2 000.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “Nnang boitshepo.”
Seheb., “di ema mo.”
Kgotsa “lobota.”
Kgotsa “lobota.”
Go tewa Lewatle le le Suleng.