Joshua 24:1-33
-
Joshua o boeletsa hisitori ya Baiseraele (1-13)
-
Ba kgothalediwa go direla Jehofa (14-24)
-
“Nna le ba lelapa la me, re tla direla Jehofa” (15)
-
-
Kgolagano ya ga Joshua le Baiseraele (25-28)
-
Loso lwa ga Joshua le phitlho ya gagwe (29-31)
-
Marapo a ga Josefa a fitlhwa kwa Shekema (32)
-
Loso lwa ga Eliasare le phitlho ya gagwe (33)
24 Go tswa foo, Joshua o ne a phuthela ditso tsotlhe tsa Iseraele kwa Shekema a bo a bitsa bagolwane ba Baiseraele, ditlhogo tsa bone, baatlhodi ba bone le balaodi ba bone,+ mme ba ne ba ema fa pele ga Modimo wa boammaaruri.
2 Joshua o ne a raya batho botlhe a re: “Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang, ‘Borraalonamogolo+ ba ne ba nna ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka* bogologolo,+ e leng Tera rraagwe Aborahame le rraagwe Nahore, mme ba ne ba tle ba direle medimo e mengwe.+
3 “‘Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka ntsha Aborahame+ rraalonamogolo ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka* mme ka mo tsamaisa mo lefatsheng lotlhe la Kanana ka bo ka dira gore losika lwa gagwe lo nne lontsi.+ Ke ne ka mo naya Isake;+
4 mme Isake ene ke ne ka mo naya Jakobe le Esau.+ Moragonyana ke ne ka naya Esau Thaba ya Seire gore e nne thuo ya gagwe;+ mme Jakobe le bomorwawe bone ba ne ba ya kwa Egepeto.+
5 Moragonyana ke ne ka roma Moshe le Arone,+ mme ke ne ka itaya Egepeto ka dipetso,+ morago ga moo ke ne ka lo ntsha.
6 Fa ke ne ke ntsha borraalona kwa Egepeto+ lo bo lo ya kwa lewatleng, Baegepeto ba ne ba lelekisa borraalona ka dikara tsa ntwa le bapalami ba dipitse go ya go fitlha kwa Lewatleng le Lehibidu.+
7 Ba ne ba simolola go lelela kwa go Jehofa,+ ka jalo o ne a baya lefifi fa gare ga lona le Baegepeto mme o ne a tlisa lewatle mo godimo ga bone a bo a ba khurumetsa,+ mme matlho a lona a ne a bona se ke neng ka se dira kwa Egepeto.+ Go tswa foo, lo ne lwa nna mo nageng dingwaga* di le dintsi.+
8 “‘Mme ke ne ka lo tlisa mo lefatsheng la Baamore ba ba neng ba nna ka kwa letlhakoreng le lengwe* la Joredane, mme ba ne ba tlhabana le lona.+ Le fa go ntse jalo, ke ne ka ba tsenya mo seatleng sa lona gore lo gape lefatshe la bone, mme ke ne ka ba nyeletsa fa pele ga lona.+
9 Foo Balake morwa Sipore, kgosi ya Moabe, o ne a tlhabana le Iseraele. Ka jalo, o ne a bitsa Balaame morwa Beore gore a lo hutse.+
10 Mme ke ne ka se ka ka reetsa Balaame.+ Ka jalo, o ne a lo segofatsa kgapetsakgapetsa,+ mme ke ne ka lo golola mo seatleng sa gagwe.+
11 “‘Morago ga moo, lo ne lwa kgabaganya Joredane+ mme lwa tla mo Jeriko.+ Mme baeteledipele* ba Jeriko, Baamore, Baperise, Bakanana, Bahite, Bagiregashe, Bahife le Bajebuse ba ne ba tlhabana le lona, le fa go ntse jalo ke ne ka ba tsenya mo seatleng sa lona.+
12 Ka jalo, pele ga lo goroga ke ne ka dira gore baba ba lona ba kgobege marapo,* mme ke ne ka ba leleka fa pele ga lona,+ e leng dikgosi tse pedi tsa Baamore. E ne e se ka tšhaka ya lona e bile e ne e se ka bora jwa lona.+
13 Mme ke ne ka lo naya lefatshe le lo neng lo sa dira ka natla mo go lone le metse e lo neng lo sa e aga,+ mme lo ne lwa nna mo go yone. Lo ja mo masimong a morara* le mo masimong a motlhware a lo sa a jalang.’+
14 “Ka jalo, boifang Jehofa lo bo lo mo direle ka boammaaruri* le ka boikanyegi,*+ mme lo tlose medimo e borraalonamogolo ba neng ba e direla ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka* le kwa Egepeto,+ mme lo direle Jehofa.
15 Jaanong fa e le gore go direla Jehofa go lebega go le bosula mo go lona, itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang,+ e ka tswa e le medimo e borraalonamogolo ba neng ba e direla ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka*+ kgotsa medimo ya Baamore ba lo nnang mo lefatsheng la bone.+ Mme nna le ba lelapa la me, re tla direla Jehofa.”
16 Foo batho ba ne ba araba jaana: “Go ka se direge gore re tlogele Jehofa mme re direle medimo e mengwe.
17 Jehofa, Modimo wa rona ke ene yo o ntshitseng rona le borraarona kwa lefatsheng la Egepeto,+ mo ntlong ya bokgoba,+ le yo o neng a dira ditshupo tseno tse dikgolo fa pele ga matlho a rona+ le yo o neng a nna a re disa mo tseleng yotlhe e re tsamaileng mo go yone le mo ditšhabeng tsotlhe tse re fetileng mo go tsone.+
18 Jehofa o ne a leleka ditšhaba tsotlhe tse di neng di nna mo lefatsheng leo fa pele ga rona, go akaretsa le Baamore. Ka jalo, le rona re tla direla Jehofa, ka gonne ke Modimo wa rona.”
19 Foo Joshua o ne a raya batho a re: “Ga lo ka ke lwa kgona go direla Jehofa, ka gonne ke Modimo yo o boitshepo;+ ke Modimo yo o batlang gore batho ba mo obamele a le esi.+ Ga a kitla a itshwarela melato* ya lona le maleo a lona.+
20 Fa lo tlogela Jehofa lo bo lo direla medimo e sele, le ene o tla lo fetogela a bo a lo fedisa morago ga go lo direla molemo.”+
21 Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba raya Joshua ba re: “Nnyaa, re tla direla Jehofa!”+
22 Ka jalo, Joshua o ne a raya batho a re: “Lona ka bolona lo basupi ba gore lo itlhophetse go direla Jehofa ka go rata.”+ Foo ba re: “Re basupi.”
23 “Ka jalo, tlosang medimo e sele e e mo go lona, mme lo sekamisetse dipelo tsa lona kwa go Jehofa, Modimo wa Iseraele.”
24 Batho ba ne ba raya Joshua ba re: “Re tla direla Jehofa, Modimo wa rona e bile re tla ikobela lentswe la gagwe!”
25 Ka jalo, Joshua o ne a dira kgolagano le batho mo letsatsing leo a bo a ba tlhomela molao le tshwetso ya boatlhodi kwa Shekema.
26 Go tswa foo, Joshua o ne a kwala mafoko ano mo bukeng ya Molao wa Modimo+ mme a tsaya leje le legolo+ a bo a le tlhoma ka fa tlase ga setlhare se segolo se se gaufi le lefelo le le boitshepo la ga Jehofa.
27 Joshua o ne a tswelela a raya batho botlhe a re: “Leje leno le tla nna jaaka mosupi wa rona,+ ka gonne le utlwile sengwe le sengwe se Jehofa a se buileng le rona, mme le tla nna jaaka mosupi, gore lo se ka lwa itatola Modimo wa lona.”
28 Go tswa foo, Joshua o ne a naya batho tsela mme mongwe le mongwe a ya kwa bosweng jwa gagwe.+
29 Morago ga dilo tseno, Joshua morwa Nune, motlhanka wa ga Jehofa, o ne a swa a na le dingwaga di le 110.+
30 Ka jalo, ba ne ba mo fitlha mo karolong ya naga e e leng boswa jwa gagwe kwa Timenathe-sera,+ e e mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime, kwa bokone jwa Thaba ya Gaashe.
31 Baiseraele ba ne ba tswelela ba direla Jehofa malatsi otlhe a ga Joshua le malatsi otlhe a bagolwane ba ba neng ba tswelela ba tshela morago ga ga Joshua le ba ba neng ba itse ditiro tsotlhe tse Jehofa a neng a di diretse Iseraele.+
32 Marapo a ga Josefa,+ a Baiseraele ba neng ba tlile le one go tswa kwa Egepeto, a ne a fitlhwa kwa Shekema mo karolong ya tshimo e Jakobe a neng a e rekile mo go bomorwa Hamore,+ rraagwe Shekema, ka madi a selefera a le 100;+ mme e ne ya nna boswa jwa bomorwa Josefa.+
33 Eliasare morwa Arone le ene o ne a swa.+ Ka jalo, ba ne ba mo fitlha mo Thoteng ya ga morwawe e bong Finease,+ e a neng a e neilwe mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime.
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Go tewa Euferatese.
^ Go tewa Euferatese.
^ Seheb., “malatsi.”
^ Go tewa letlhakore le le ka fa botlhaba.
^ Kgotsa gongwe “beng ba naga.”
^ Kgotsa gongwe “ba tshoge; ba rorome.”
^ Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
^ Kgotsa “ka bothokgami.”
^ Kgotsa “ka boammaaruri.”
^ Go tewa Euferatese.
^ Go tewa Euferatese.
^ Kgotsa “botlhanogi.”