Joshua 13:1-33

  • Lefatshe le le tshwanetseng go gapiwa (1-7)

  • Lefatshe le le kwa botlhaba jwa Joredane le a kgaoganngwa (8-14)

  • Boswa jwa ga Rubene (15-23)

  • Boswa jwa ga Gada (24-28)

  • Boswa jwa ga Manase jo bo kwa botlhaba (29-32)

  • Jehofa ke boswa jwa ga Lefi (33)

13  Jaanong Joshua o ne a tsofetse e bile a na le dingwaga di le dintsi.+ Ka jalo, Jehofa o ne a mo raya a re: “O tsofetse e bile o na le dingwaga di le dintsi; mme go sa ntse go setse lefatshe le legolo thata le le tshwanetseng go gapiwa.* 2  Leno ke lefatshe le le setseng:+ dikgaolo tsotlhe tsa Bafilisitia le tsa Bageshure+ botlhe 3  (go simologa kwa Nile* e kgaoganang teng kwa botlhaba jwa* Egepeto go ya kwa molelwaneng wa Ekerone kwa bokone, karolo e e neng e tle e tsewe e le ya Bakanana)+ go akaretsa le ya babusi ba le batlhano ba Bafilisitia+ e leng Bagasa, Baashedoda,+ Baashekelona,+ Bagathe+ le Baekerone;+ le karolo ya Baafime+ 4  kwa borwa; le lefatshe lotlhe la Bakanana; Meara, e e leng ya Basidona,+ go ya go fitlha kwa Afeke, kwa molelwaneng wa Baamore; 5  lefatshe la Bagebale+ le Lebanona yotlhe go ela kwa botlhaba, go simologa kwa Baale-gade fa tlase ga Thaba ya Heremone go ya kwa Lebo-hamathe;*+ 6  banni botlhe ba kgaolo e e dithaba go simologa kwa Lebanona+ go ya kwa Miserefothe-maime;+ le Basidona+ botlhe. Ke tla ba leleka* fa pele ga Baiseraele.+ O le abele Iseraele gore e nne boswa jwa bone, fela jaaka ke go laetse.+ 7  Jaanong o tshwanetse go kgaoganyetsa ditso di le robongwe le halofo ya lotso lwa ga Manase+ lefatshe leno go nna boswa jwa bone.” 8  Halofo e nngwe ya lotso lwa ga Manase mmogo le Barubene le Bagada, ba ne ba tsere boswa jwa bone jo Moshe a neng a bo ba abela ka kwa letlhakoreng le le kwa botlhaba jwa Joredane, fela jaaka Moshe motlhanka wa ga Jehofa a ne a ba neile:+ 9  go simologa kwa Aroere,+ e e mo losing lwa Mokgatšha wa Arenone,*+ le motse o o fa gare ga mokgatšha, le naga yotlhe e e kwa godimo e e sephaphathi ya Medeba go ya go fitlha kwa Dibone; 10  le metse yotlhe ya ga Kgosi Sihone wa Baamore, yo o neng a busa kwa Heshebone, go ya go fitlha kwa molelwaneng wa Baamone;+ 11  le Gileade le naga ya Bageshure le Bamaakathe+ le Thaba yotlhe ya Heremone le Bashana+ yotlhe go ya go fitlha kwa Saleka;+ 12  puso yotlhe ya ga Oge kwa Bashana, yo o neng a busa kwa Ashetarothe le kwa Ederei. (E ne e le mongwe wa Barefaime ba ba neng ba setse.)+ Moshe o ne a ba fenya a bo a ba leleka.*+ 13  Le fa go ntse jalo, Baiseraele ga ba a ka ba leleka*+ Bageshure le Bamaakathe, ke gone ka moo Geshure le Maakathe ba nnang mo Iseraele go fitlha mo letsatsing leno. 14  Lotso lwa ga Lefi ke lone fela lo a neng a se ka a lo naya boswa.+ Ditlhabelo tse di dirwang ka molelo tse di yang kwa go Jehofa, Modimo wa Iseraele ke tsone boswa jwa bone,+ fela jaaka a ba solofeditse.+ 15  Go tswa foo, Moshe o ne a abela lotso lwa Barubene boswa go ya ka malapa a bone, 16  mme karolo ya bone e ne e simologa kwa Aroere, e e mo losing lwa Mokgatšha wa Arenone,* le motse o o fa gare ga mokgatšha, le naga yotlhe e e kwa godimo e e sephaphathi e e fa Medeba; 17  Heshebone le metse yotlhe ya yone+ e e mo nageng e e kwa godimo e e sephaphathi, Dibone, Bamothe-baale, Bethe-baale-meone,+ 18  Jahase,+ Kedemothe,+ Mefaathe,+ 19  Kiriathaime, Sibema,+ Serethe-shahare mo thabeng ya mokgatšha,* 20  Bethe-peore, mekgokolosa ya Pisega,+ Bethe-jeshimothe,+ 21  metse yotlhe ya naga e e kwa godimo e e sephaphathi, le puso yotlhe ya ga Kgosi Sihone wa Baamore, yo o neng a busa kwa Heshebone.+ Moshe o ne a mo fenya+ le dikgosana tsa Midiana, e bong Efi, Rekeme, Sure, Hure le Reba,+ dikgosi tse di neng di laolwa ke Sihone, tse di neng di nna mo lefatsheng leo. 22  Balaame+ morwa Beore, yo o dirisang boitseanape,+ ke ene yo Baiseraele ba neng ba mmolaya ka tšhaka mmogo le ba bangwe ba ba neng ba bolawa. 23  Molelwane wa Barubene e ne e le Joredane; mme karolo eno ya naga e ne e le boswa jwa Barubene go ya ka malapa a bone, metse le metsana ya teng. 24  Mo godimo ga moo, Moshe o ne a abela lotso lwa ga Gada boswa, Bagada go ya ka malapa a bone, 25  mme karolo ya bone e ne e akaretsa Jasere+ le metse yotlhe ya Gileade le halofo ya lefatshe la Baamone+ go ya go fitlha kwa Aroere, e e lebaganeng le Raba;+ 26  le go simologa kwa Heshebone+ go fitlha kwa Ramatha-misepe le Betonime le go tswa kwa Mahanaime+ go ya kwa molelwaneng wa Debire; 27  le mo mokgatšheng,* Bethe-harama, Bethe-nimera,+ Sukothe+ le Safone, puso yotlhe ya ga Kgosi Sihone wa Heshebone,+ Joredane e le molelwane go tswa kwa ntlheng e e kwa tlase ya Lewatle la Kinerethe*+ ka fa botlhaba jwa Joredane. 28  Jono e ne e le boswa jwa Bagada go ya ka malapa a bone, metse le metsana ya teng. 29  Mo godimo ga moo, Moshe o ne a abela halofo ya lotso lwa ga Manase boswa, a bo abela halofo ya lotso lwa ga Manase go ya ka malapa a bone.+ 30  Mme karolo ya bone e ne e simologa kwa Mahanaime+ e bo e akaretsa Bashana yotlhe, puso yotlhe ya ga Kgosi Oge wa kwa Bashana le metsana yotlhe ya ditente ya ga Jaire+ mo Bashana, e ne e le metse e le 60. 31  Mme halofo ya Gileade, le Ashetarothe le Ederei,+ metse ya puso ya ga Oge kwa Bashana, e ne ya newa Makire morwa Manase, ya newa halofo ya bomorwa Makire+ go ya ka malapa a bone. 32  Jono ke boswa jo Moshe a neng a bo ba abela mo sekakeng sa Moabe ka kwa ga Joredane, kwa botlhaba jwa Jeriko.+ 33  Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a se ka a abela lotso lwa Balefi boswa.+ Jehofa, Modimo wa Iseraele ke ene boswa jwa bone, fela jaaka a ba solofeditse.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “go fenngwa.”
^ Seheb., “fa pele ga.”
^ Kgotsa “kwa Shihore.”
^ Kgotsa “kwa kgorong ya Hamathe.”
^ Kgotsa “ba gapela lefatshe.”
^ Kgotsa “Molapo wa Arenone.”
^ Kgotsa “a bo a gapa lefatshe la bone.”
^ Kgotsa “ba gapa lefatshe la.”
^ Kgotsa “Molapo wa Arenone.”
^ Kgotsa “lebala le le kwa tlase.”
^ Go tewa letšha la Genesareta kgotsa Lewatle la Galalea.
^ Kgotsa “mo lebaleng le le kwa tlase.”