Joshua 2:1-24

  • Joshua o romela ditlhola tse pedi kwa Jeriko (1-3)

  • Rahabe o fitlha ditlhola (4-7)

  • Tsholofetso e e newang Rahabe (8-21a)

    • Mogala o mohibidu ke sesupo (18)

  • Ditlhola di boela kwa go Joshua (21b-24)

2  Go tswa foo, Joshua morwa Nune o ne a romela banna ba babedi mo sephiring go tswa kwa Shitime+ e le ditlhola. O ne a ba raya a re: “Tsamayang mme lo tlhole lefatshe, segolobogolo Jeriko.” Ka jalo, ba ne ba tsamaya mme ba tla mo ntlong ya mogwebakammele mongwe yo o bidiwang Rahabe,+ mme ba ne ba nna gone. 2  Kgosi ya Jeriko e ne ya bolelelwa jaana: “Banna ba Baiseraele ba tlile fano mo bosigong jono go tla go tlhola lefatshe.” 3  Foo kgosi ya Jeriko e ne ya romela molaetsa kwa go Rahabe ya re: “Ntsha banna ba ba tlileng kwa go wena, ba ba nnang mo ntlong ya gago, ka gonne ba tlile go tlhola lefatshe leno lotlhe.” 4  Le fa go ntse jalo, mosadi yoo o ne a fitlha banna bao ba babedi. Mme o ne a re: “Ke boammaaruri gore banna bao ba ne ba tla kwa go nna, mme ke ne ke sa itse gore ba tswa kae. 5  E rile fa go nna lefifi, fa kgoro ya motse e ne e tloga e tswalwa, banna bao ba ne ba tswa. Ga ke itse gore ba ile kae mme fa lo ka ba lelekisa ka bonako, lo tla ba tshwara.” 6  (Le fa go ntse jalo, o ne a ba fitlhile kwa godimo kwa borulelong mo gare ga lotlhaka lwa semela sa leloba* lo lo neng lo tlhomagantswe mo borulelong.) 7  Ka jalo, banna ba kgosi e neng e ba romile ba ne ba ba lelekisa go ya kwa karolong e batho ba kgabaganyang Joredane mo go yone,+ mme kgoro ya motse e ne ya tswalwa ka bonako fa ba ba ba lelekisang ba sena go tswa. 8  Pele ga banna bao ba robala, mosadi yoo o ne a ya kwa go bone kwa borulelong. 9  O ne a ba raya a re: “Ke a itse gore Jehofa o tla lo naya lefatshe leno+ e bile re wetswe ke poifo ka ntlha ya lona.+ Banni botlhe ba lefatshe leno ba nyemile moko ka ntlha ya lona,+ 10  ka gonne re utlwile kafa Jehofa a neng a kgadisa metsi a Lewatle le Lehibidu ka gone fa pele ga lona fa lo ne lo tswa kwa Egepeto+ le se lo neng lwa se dira dikgosi tse pedi tsa Baamore, e bong Sihone+ le Oge,+ ba lo neng lwa ba senya ka kwa letlhakoreng le lengwe* la Joredane. 11  E rile re utlwa ka gone, re ne ra felelwa ke maatla,* mme ga go na ope yo o nang le bopelokgale* ka ntlha ya lona, ka gonne Jehofa, Modimo wa lona ke Modimo kwa magodimong kwa godimo le mo lefatsheng fa tlase.+ 12  Tsweetswee, jaanong inkaneleng ka Jehofa gore, e re ka ke lo bontshitse lorato lo lo sa kgaotseng, le lona lo tla bontsha ba lelapa la ga rre lorato lo lo sa kgaotseng; mme lo tshwanetse go nnaya sesupo sa gore lo tla diragatsa se lo se buang.* 13  Lo tshwanetse go boloka botshelo jwa ga rre le mmê, bomorwarre le bomorwadiarre le botlhe ba e leng ba bone e bile lo tshwanetse go re golola mo losong.”+ 14  Foo banna bao ba ne ba mo raya ba re: “Re tla ntsha matshelo a rona mo boemong jwa a lona! Fa lo ka se ka lwa bolela ka tiro eno ya rona, foo re tla lo bontsha lorato lo lo sa kgaotseng e bile re tla diragatsa lefoko la rona fa Jehofa a re naya lefatshe leno.” 15  Morago ga moo, o ne a ba ntsha ka fensetere a dirisa mogala, ka gonne ntlo ya gagwe e ne e tshwaragane le lobota lwa motse. Tota e bile, o ne a agile fa loboteng.+ 16  Go tswa foo, o ne a ba raya a re: “Yang kwa kgaolong e e nang le dithaba mme lo iphitlhe gone malatsi a le mararo, gore ba ba lo lelekisang ba se ka ba lo bona. Morago ga moo, fa ba sena go boa, lo ka nna lwa tsamaya.” 17  Banna bao le bone ba ne ba mo raya ba re: “Re tla bo re gololesegile mo molatong o o amanang le maikano ano a o dirileng gore re ikane ka one+ 18  ntle le fa e ka re fa re tla mo lefatsheng leno, o bo o bofelela mogala ono o mohibidu mo fensetereng e o re folositseng ka yone. O phuthele rrago, mmago, bomogoloo le bomonnao le botlhe ba lelapa la ga rrago mo go wena mo ntlong eno.+ 19  Mme fa mongwe a ka tswela kwa ntle ga ntlo ya gago, madi a gagwe a tla nna mo tlhogong ya gagwe, mme re tla bo re gololesegile mo molatong. Le fa go ntse jalo, fa ope fela yo o tswelelang a na le wena mo ntlong a ka gobala,* madi a gagwe a tla nna mo ditlhogong tsa rona. 20  Mme fa o ka bega tiro eno ya rona,+ re tla bo re gololesegile mo molatong o o amanang le maikano a gago a o dirileng gore re ikane ka one.” 21  Mosadi yoo o ne a ba araba a re: “A go nne fela jaaka lo buile.” Foo o ne a ba naya tsela, mme ba tsamaya. Morago ga moo, o ne a bofelela mogala o mohibidu mo fensetereng. 22  Ka jalo, ba ne ba tsamaya mme ba ya kwa kgaolong e e nang le dithaba ba bo ba nna gone malatsi a le mararo, go fitlha ba ba ba lelekisitseng ba boa. Ba ba ba lelekisitseng ba ne ba ba batla mo tseleng nngwe le nngwe, mme ba se ka ba ba bona. 23  Go tswa foo, banna bao ba babedi ba ne ba fologa mo kgaolong e e dithaba mme ba kgabaganya noka ba tla kwa go Joshua morwa Nune. Ba ne ba mmolelela dilo tsotlhe tse di neng di ba diragaletse. 24  Foo ba ne ba raya Joshua ba re: “Jehofa o re neile lefatshe lotlhe le re tswang go le tlhola.+ Tota e bile, banni botlhe ba lefatshe leo ba nyemile moko ka ntlha ya rona.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Semela se se neng se jalwa bogologolo. Tlhale ya sone e ne e dirisiwa go dira letsela le le boleta.
Go tewa letlhakore le le ka fa botlhaba.
Seheb., “mme ga go a ka ga tlhola go tsoga moya mo go ope.”
Seheb., “dipelo tsa rona di ne tsa nyera.”
Kgotsa “sesupo se se ikanyegang.”
Kgotsa “a ka bewa seatla.”