Joshua 1:1-18

  • Jehofa o kgothatsa Joshua (1-9)

    • Balela Molao kwa tlase (8)

  • Ba ipaakanyetsa go kgabaganya Joredane (10-18)

1  Morago ga loso lwa ga Moshe motlhanka wa ga Jehofa, Jehofa o ne a raya Joshua*+ morwa Nune, modiredi+ wa ga Moshe a re: 2  “Moshe motlhanka wa me o sule.+ Jaanong ipaakanyetse go kgabaganya Joredane, wena le setšhaba seno sotlhe, mme lo tsene mo lefatsheng le ke le ba nayang, le ke le nayang batho ba Iseraele.+ 3  Ke tla lo naya lefelo lengwe le lengwe le lonao lwa lona lo tla gatang mo go lone, fela jaaka ke solofeditse Moshe.+ 4  Karolo e lo tla nnang mo go yone e tla simologa kwa nageng go ya kwa Lebanona le kwa nokeng e kgolo ya Euferatese, e leng lefatshe lotlhe la Bahite,+ le go ya go fitlha kwa Lewatleng le Legolo* kwa bophirima.+ 5  Ga go na ope yo o tla kgonang go go fenya fa fela o sa ntse o tshela.+ Ke tla nna le wena,+ fela jaaka ke ne ke na le Moshe. Ga nkitla ke go tlogela kgotsa ke go latlha.+ 6  O nne pelokgale o bo o nonofe+ ka gonne ke wena yo o tla dirang gore batho bano ba rue lefatshe le ke neng ka ikanela borraabonemogolo gore ke tla le ba naya.+ 7  “Mme o nne pelokgale o bo o nonofe thata e bile o ikobele ka kelotlhoko Molao otlhe o Moshe motlhanka wa me a go o laetseng. O se ka wa tsaya tsela e e phoso,+ gore o dire ka botlhale gongwe le gongwe kwa o yang gone.+ 8  Buka eno ya Molao e se ka ya tloga mo molomong wa gago,+ mme o tshwanetse go e balela kwa tlase* bosigo le motshegare, gore o ikobele ka kelotlhoko sotlhe se se kwadilweng mo go yone;+ foo tsela ya gago e tla atlega e bile o tla dira ka botlhale.+ 9  A ga ke a go laela? O nne pelokgale o bo o nonofe. O se ka wa tshoga kgotsa wa boifa ka gonne Jehofa, Modimo wa gago o na le wena gongwe le gongwe kwa o yang gone.”+ 10  Go tswa foo, Joshua o ne a laela balaodi ba batho a re: 11  “Ralalang kampa mme lo laele batho lo re, ‘Ipaakanyetseng mefago ka gonne mo malatsing a le mararo lo tla kgabaganya Joredane gore lo tsene mme lo gape lefatshe le Jehofa, Modimo wa lona a le lo nayang gore lo le rue.’ ”+ 12  Mme Joshua o ne a raya Barubene, Bagada le halofo ya lotso lwa ga Manase a re: 13  “Gakologelwang se Moshe motlhanka wa ga Jehofa a se lo laetseng+ a re: ‘Jehofa, Modimo wa lona o lo naya boikhutso e bile o lo neile lefatshe leno. 14  Basadi ba lona le bana ba lona ba tla nna mo lefatsheng le Moshe a le lo neileng ka fa letlhakoreng leno* la Joredane mmogo le leruo la lona,+ mme lona batlhabani ba ba maatla+ lo kgabaganye lo tsamaya ka thulaganyo jaaka ditlhopha tsa masole kwa pele ga bomorwarraalona.+ Lo tshwanetse go ba thusa 15  go fitlha Jehofa a naya bomorwarraalona boikhutso fela jaaka a lo bo neile mme le bone ba setse ba gapile lefatshe le Jehofa, Modimo wa lona a le ba nayang. Go tswa foo, lo boele kwa lefatsheng le lo le neilweng gore e nne la lona mme lo le rue, lefatshe le Moshe motlhanka wa ga Jehofa a le lo neileng ka fa letlhakoreng le le ka fa botlhaba jwa Joredane.’”+ 16  Ba ne ba araba Joshua ba re: “Re tla dira sotlhe se o neng wa se laela e bile re tla ya gongwe le gongwe kwa o re romang gone.+ 17  Fela jaaka re ne re reetsa sengwe le sengwe se Moshe a neng a se bua, le wena re tla go reetsa. E kete Jehofa, Modimo wa gago a ka nna le wena fela jaaka a ne a na le Moshe.+ 18  Motho ope yo o tlhanogelang taelo ya gago e bile a sa ikobele sotlhe se o se mmolelelang o tla bolawa.+ O nne pelokgale o bo o nonofe.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “Jehoshua,” mo go kayang “Jehofa ke Poloko.”
^ Go tewa Lewatle la Mediterranean.
^ Kgotsa “go akanyetsa kwa teng ka yone.”
^ Go tewa letlhakore le le ka fa botlhaba.