Esekiele 39:1-29
39 “Mme wena morwa motho, bolelela Gogo,+ molaetsa wa katlholo mme o mo reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Ke fetogile mmaba wa gago, wena Gogo, kgosana e kgolo ya Mesheke le Tubale.+
2 Ke tla dira gore o tseye tsela e sele ke bo ke go goga ke go ntsha kwa dikarolong tse di kgakala thata tsa bokone+ ke bo ke go tlisa mo dithabeng tsa Iseraele.
3 Ke tla itaya bora jwa gago gore bo tswe mo seatleng sa gago sa molema ke bo ke dira gore metswi ya gago e we mo seatleng sa gago sa moja.
4 O tla wela mo dithabeng tsa Iseraele,+ wena le mephato yotlhe ya gago le ditšhaba tse di tla bong di na le wena. Ke tla go naya mefuta yotlhe ya dinonyane tse di jang nama le dibatana gore di go je.”’+
5 “‘O tla wela mo nageng,+ ka gonne nna ka bonna ke buile seo,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.
6 “‘Ke tla romelela Magogo molelo le ba ba ntseng mo ditlhaketlhakeng ka pabalesego,+ mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.
7 Ke tla dira gore leina la me le le boitshepo le itsiwe mo bathong ba me ba Iseraele, e bile ga nkitla ke tlhola ke letla gore leina la me le le boitshepo le dirwe gore le se ka la tlhola le nna boitshepo; mme ditšhaba di tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa,+ Modimo yo o Boitshepo mo Iseraele.’+
8 “‘Eleruri seno se tla tla, e bile se tla diragadiwa,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. ‘Leno ke letsatsi le ke buileng ka lone.
9 Batho ba ba nnang mo metseng ya Iseraele ba tla tswa ba bo ba gotsa melelo ka dibetsa: ka dithebe tse dinnye* le dithebe tse dikgolo, ka mara le metswi, ka melamu* ya ntwa le ka marumo. Mme ba tla di dirisa go gotsa melelo+ ka dingwaga di le supa.
10 Ga ba kitla ba tlhoka go ya go rwalela dikgong kwa nageng kgotsa go rema dikgong kwa dikgweng ka gonne ba tla gotsa melelo ka dibetsa.’
“‘Ba tla gapa dilo tsa batho ba ba neng ba ntse ba ba gapela e bile ba tla thukhutha batho ba ba neng ba ntse ba ba thukhutha,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.
11 “‘Mo letsatsing leo ke tla naya Gogo+ lebitla mo Iseraele, mo mokgatšheng wa ba ba tsamayang ka fa botlhaba jwa lewatle, mme le tla thiba tsela ya ba ba ralalang foo. Ke gone kwa ba tla fitlhang Gogo le mephato yotlhe ya gagwe gone, mme ba tla o bitsa Mokgatšha wa Hamone-Gogo.*+
12 Batho ba Iseraele ba tla fetsa dikgwedi di le supa ba ntse ba ba fitlha gore ba phepafatse lefatshe.+
13 Batho botlhe mo lefatsheng leo ba tla thusa mo tirong ya go ba fitlha, mme seo se tla dira gore ba tume mo letsatsing la fa ke ikgalaletsa,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.
14 “‘Banna ba tla abelwa tiro ya go tsamaya mo nageng yotlhe ba sa kgaotse le go fitlha ditopo tse di setseng mo lefatsheng, gore ba le phepafatse. Ba tla tswelela ba di batla ka dikgwedi di le supa.
15 Fa ba ba tsamayang mo nageng yotlhe ba bona lerapo la motho, ba tla tlhoma letshwao fa thoko ga lone. Go tswa foo, ba ba abetsweng tiro ya go fitlha ba tla le fitlha mo Mokgatšheng wa Hamone-Gogo.+
16 Mme gape go tla nna le motse o o bidiwang Hamona* teng koo. Ba tla phepafatsa lefatshe jalo.’+
17 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang, wena morwa motho: ‘Raya dinonyane tsa mefuta yotlhe le dibatana tsotlhe mo nageng o re, “Phuthegang mmogo mme lo tle kwano. Phuthegang go dikologa setlhabelo sa me se ke se lo direlang, setlhabelo se segolo mo dithabeng tsa Iseraele.+ Lo tla ja nama lo bo lo nwa madi.+
18 Lo tla ja nama ya ba ba maatla e bile lo tla nwa madi a dikgosana tsa lefatshe, e leng diphelefu, dikwanyana, dipodi le dipoo, diphologolo tsotlhe tse di nonneng tsa kwa Bashana.
19 Lo tla ja mafura a mantsintsi lo bo lo nwa madi go fitlha lo tagwa ke setlhabelo se ke tla se lo direlang.”’
20 “‘Mo tafoleng ya me, lo tla ja dipitse le bakgweetsi ba dikara, batho ba ba maatla le batlhabani ba mefuta yotlhe lo bo lo kgora,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.
21 “‘Ditšhaba di tla bona kgalalelo ya me, e bile ditšhaba tsotlhe di tla bona katlholo e ke e diragaditseng le maatla* a ke a dirisitseng mo go tsone.+
22 Go tloga mo letsatsing leo batho ba Iseraele ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa, Modimo wa bone.
23 Mme ditšhaba di tla tshwanelwa ke go itse gore batho ba Iseraele ba ne ba ya botshwarwa ka ntlha ya molato wa bone, ka gonne ba ne ba sa ikanyege mo go nna.+ Ka jalo, ke ne ka ba fitlhela sefatlhego sa me+ ka bo ka ba tsenya mo seatleng sa baba ba bone,+ mme botlhe ba ne ba bolawa ka tšhaka.
24 Ke ne ka dirisana le bone go ya ka fa ditirong tsa bone tse di leswe le go ya ka fa melatong ya bone, mme ke ne ka ba fitlhela sefatlhego sa me.’
25 “Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Ke tla busa batho ba ga Jakobe ba ba neng ba isitswe botshwarwa+ ke bo ke utlwela batho botlhe ba Iseraele botlhoko;+ mme ke tla femela leina la me le le boitshepo ka tlhoafalo.*+
26 Fa ba sena go tlontlologa ka gonne ba ne ba sa ikanyege mo go nna,+ ba tla nna mo lefatsheng la bone ka pabalesego, go se na ope yo o ba tshosang.+
27 Ka nako ya fa ke ba busa kwa merafeng e mengwe ke bo ke ba phutha mmogo ke ba ntsha kwa dinageng tsa baba ba bone,+ tsela e ke ba tshwarang ka yone e tla dira gore ditšhaba di le dintsi di bone gore ke Modimo yo o boitshepo.’+
28 “‘Ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa, Modimo wa bone fa ke ba isa botshwarwa kwa ditšhabeng tse dingwe mme go tswa foo ke bo ke ba phutha ke ba busetsa kwa nageng ya bone, ke sa tlogele ope wa bone kwa morago.+
29 Ga nkitla ke tlhola ke ba fitlhela sefatlhego sa me,+ ka gonne ke tla tshololela moya wa me mo bathong ba Iseraele,’+ go bua Morena Mogodimodimo Jehofa.”
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Thebe e nnye e gantsi e neng e tsholwa ke bahulametswi.
^ Kgotsa gongwe “dithobane,” dithobane tse di nang le metsu tse di neng di dirisiwa e le dibetsa.
^ Kgotsa “Mokgatšha wa Mephato ya ga Gogo.”
^ Mo go kayang “Mephato.”
^ Seheb., “seatla.”
^ Seheb., “ke tla bontsha boineelo jo bo feletseng mo leineng la me le le boitshepo.”