Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Karolong ya Bobedi ya Buka ya Dipesalema

Dintlhakgolo go Tswa mo Karolong ya Bobedi ya Buka ya Dipesalema

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Karolong ya Bobedi ya Buka ya Dipesalema

RONA batlhanka ba ga Jehofa re a itse gore re tla lebana le diteko. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Timotheo 3:12) Ke eng se se tla re thusang go itshokela diteko tseno, ka go dira jalo re bontsha bothokgami jwa rona mo Modimong?

Karolo ya bobedi ya di le tlhano tsa dipesalema e re naya thuso eo. Pesalema 42 go ya go 72, e bontsha gore fa re batla go itshokela diteko ka katlego, re tshwanetse go ikanya Jehofa ka mo go feletseng mme re ithute go leta ene go re golola. Ruri eo ke thuto ya botlhokwa tota mo go rona! Tota le gompieno molaetsa o o mo Bukeng ya Bobedi ya Dipesalema o ‘a tshela e bile o naya maatla’ fela jaaka Lefoko lotlhe la Modimo le ntse.—Bahebera 4:12.

JEHOFA KE “BOTSHABELO LE NONOFO” YA RONA

(Pesalema 42:1–50:23)

Molefi o kwa botshwarwa. E re ka a utlwile botlhoko gore ga a kgone go ya kwa lefelong le le boitshepo go ya go obamela Jehofa, o ikgomotsa ka go re: “Ke ka ntlha yang fa o itlhobogile, wena moya wa me, e bile ke ka ntlha yang fa o fuduega mo teng ga me? Leta Modimo.” (Pesalema 42:5, 11; 43:5) Temana eno e e tlhagang gangwe le gape e kopanya dikarolo tse tharo tsa Pesalema 42 le 43 gore e nne leboko le le lengwe. Pesalema 44 ke kopo e e direlwang Juda—setšhaba se se mo tlalelong, se gongwe Baasiria ba tshosetsang go se tlhasela mo motlheng wa ga Kgosi Hesekia.

Pesalema 45 ke pina e e kaga lenyalo la kgosi, ke boporofeti jo bo malebana le Kgosi ya Mesia. Dipesalema tse tharo tse di latelang di tlhalosa Jehofa e le “botshabelo le nonofo,” “Kgosi e kgolo e e okametseng lefatshe lotlhe,” e bile e le “bogodimo jo bo sireletsegileng.” (Pesalema 46:1; 47:2; 48:3) Pesalema 49 e tlhalosa bontle jang ne gore ga go motho le fa e le ope “yo o ka gololang morwarraagwe”! (Pesalema 49:7) Go akanngwa gore dipesalema tsa ntlha tse robedi tsa karolo ya bobedi di kwadilwe ke barwa ba ga Kora. Ya borobongwe yone, e leng Pesalema 50, e tlhamilwe ke Asafe.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

44:19—‘Lefelo la bophokoje’ e ne e le eng? Gongwe mopesalema o ne a bua ka botlhabanelo, kwa batho ba ba bolailweng ba neng ba nna dijo tsa bophokoje gone.

45:13, 14a—“Morwadia kgosi” yo o tla ‘tlisiwang kwa kgosing’ ke mang? Ke morwadia “Kgosi ya bosakhutleng” e leng Jehofa Modimo. (Tshenolo 15:3) O emela diphuthego tse di galaleditsweng tsa Bakeresete ba ba 144 000 ba Jehofa a itseelang bone go nna bana ba gagwe ka go ba tlotsa ka moya wa gagwe. (Baroma 8:16) ‘Morwadi’ yono wa ga Jehofa yo o ‘baakantsweng jaaka monyadiwa a kgabiseditswe monna wa gagwe,’ o tla tlisiwa mo monyading—e leng Kgosi ya Mesia.—Tshenolo 21:2.

45:14b, 15—“Makgarebane” a emela mang? A emela “boidiidi jo bogolo” jwa baobamedi ba boammaaruri, ba ba kopanang le masalela a a tloditsweng le go a thusa. E re ka ‘ba tswa mo pitlaganong e kgolo’ ba tshela, ba tla bo ba le mo lefatsheng fa lenyalo la Kgosi ya Mesia le weditswe kwa legodimong. (Tshenolo 7:9, 13, 14) Ka nako eo ba tla tladiwa ka “go ipela le boipelo.”

45:16—Kgosi e tla nna jang le barwa mo boemong jwa borraagwemogologolwane? Fa Jesu a ne a tsholwa mo lefatsheng, o ne a na le borremogologolwane ba mo lefatsheng. Ba tla fetoga barwa ba gagwe fa a tla bo a ba tsosa mo baswing ka nako ya Puso ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete. Bangwe ba bone ba tla nna fa gare ga ba ba tla tlhomiwang go nna “dikgosana mo lefatsheng lotlhe.”

50:2—Ke ka ntlha yang fa Jerusalema e bidiwa “boitekanelo jwa bontle”? Motse ono ga o bidiwe jalo ka ntlha ya tsela e o neng o lebega ka yone. Go na le moo e ne e le ka gonne Jehofa a o dirisa, le ka ntlha ya kgalalelo e a e neileng yone ka go e dira lefelo la tempele ya gagwe le motsemogolo wa dikgosi tsa gagwe tsa batlodiwa.

Se re Ithutang Sone:

42:1-3. Molefi o ne a tlhologeletswe Jehofa fela jaaka kgama e namagadi e e mo lefelong le le omeletseng e tlhologeletswe metsi. Monna yono o ne a hutsafetse thata gonne a ne a sa kgone go obamela Jehofa kwa lefelong la Gagwe le le boitshepo mo ‘dikeledi tsa gagwe di neng tsa fetoga dijo motshegare le bosigo’—o ne a felelwa ke keletso ya dijo. A le rona ga re a tshwanela go lwela go rata go obamela Jehofa re na le badumedimmogo le rona?

42:4, 5, 11; 43:3-5. Fa ka ntlha ya mabaka mangwe a re sa kgoneng go a laola re kgaogane le phuthego ya Bokeresete ka nakwana, go gakologelwa boitumelo jo re nnileng le jone mo dikokoanong tseo mo nakong e e fetileng go ka re thusa thata. Le fa kwa tshimologong seno se ka dira gore re ikutlwe re le bodutu le go feta, se tla re gakolola gore Modimo ke botshabelo jwa rona mme re tshwanetse go leta ene gore a re golole.

46:1-3. Go sa kgathalesege mathata le fa e ka nna afe a re ka lebanang le one, re tshwanetse go tlhomamisega gore “Modimo ke botshabelo le nonofo ya rona.”

50:16-19. Mongwe le mongwe yo o buang tsietso kana yo o dirang dilo tse di makgapha ga a tshwanele go nna moemedi wa Modimo.

50:20. Go na le go tlhoafalela go bua ka diphoso tsa ba bangwe, re tshwanetse go di tlhokomologa.—Bakolosa 3:13.

“LETELA MODIMO KA TIDIMALO, WENA MOYA WA ME”

(Pesalema 51:1–71:24)

Setlhopha seno sa dipesalema se simolola ka thapelo e e tswang pelong e e rapelwang ke Dafide morago ga boleo jo a neng a bo dira le Bathesheba. Pesalema 52 go ya go 57 e bontsha gore Jehofa o tla golola ba ba latlhelang mekgweleo ya bone kwa go ene mme ba letela ene gore a ba boloke. Fela jaaka go bontshitswe mo go Pesalema 58-64, Dafide o dira Jehofa botshabelo jwa gagwe mo nakong yotlhe ya tlalelo ya gagwe. O opela jaana: “Ruri letela Modimo ka tidimalo, wena moya wa me, ka gonne tsholofelo ya me e tswa kwa go ene.”—Pesalema 62:5.

Go nna le kamano e e gaufiufi le Mogolodi wa rona go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go ‘leletsa kgalalelo ya leina la gagwe pina.’ (Pesalema 66:2) Mo go Pesalema 65, Jehofa o bakwa gonne e le motlamedi yo o pelotshweu, mo go Pesalema 67 le 68 e le Modimo wa ditiro tsa poloko, mme mo go Pesalema 70 le 71 e le Mofalotsi.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

51:12—Dafide o ne a kopa go tshegediwa ka “moya o o ratang” wa ga mang? Mono ga go buiwe ka go rata ga Modimo go thusa Dafide e bile ga go buiwe ka moya o o boitshepo wa ga Jehofa mme go buiwa ka moya wa ga Dafide ka boene—tsela e a akanyang ka yone. O kopa Modimo gore a mo neye keletso ya go dira se se siameng.

53:1—Motho yo o reng Modimo ga a yo ‘ga a na tlhaloganyo’ ka tsela efe? Go tlhoka tlhaloganyo mono ga go reye motho yo o seng botlhale. Se se bontshang gore motho yono ga a na tlhaloganyo malebana le boitsholo ke ditiro tsa gagwe tse di maswe tsa boitsholo tse di tlhalosiwang mo go Pesalema 53:1-4.

58:3-5—Ke ka tsela efe baikepi ba tshwanang le noga? Maaka a ba a buang ka ba bangwe a tshwana le botlhole jwa noga. Ba senya batho ba ba buang ka bone leina fela jaaka botlhole jwa noga bo gobatsa mmele. Fela jaaka “kake e e thibang tsebe ya yone,” baikepi ga ba reetse fa ba kaelwa kana ba kgalemelwa.

58:7—Ke ka tsela efe baikepi ba ‘nyerologang jaaka e kete ke mo metsing a a tsamayang ka tsela ya one’? Dafide a ka tswa a ne a akantse ka mekgatšha mengwe e e phothoselang e e mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Le fa merwalela e megolo e ka tlatsa mekgatšha eno, metsi ano a kgala ka bonako a bo a nyelela. Dafide o ne a rapelela gore baikepi ba nyelele ka bonako.

68:13—Ke ka tsela efe ‘diphuka tsa leeba di neng di bipilwe ka selefera mme dintlha tsa lone tsa diphuka di bipilwe ka gouta e e botala jo bosetlhana’? Maeba mangwe a a nang le mmala o mosetlha le o o pududu a na le mebala e mentsi e galotseng le e e fetofetogang mo diphukeng dingwe tsa one. Diphofa tsa one di lebega di phatsima mo leseding la letsatsi la mmala wa gouta. Gongwe fano Dafide o ne a tshwantsha batlhabani ba Baiseraele ba ba fentseng kwa ntweng le leeba leo—le le nonofileng fa le fofa mme le phatsima. Fela jaaka baithuti bangwe ba Baebele ba akantsha, tlhaloso eno e ka tshwanela sengwe se se dirilweng ka botswerere kana sekgele se se tserweng e le kgapo. Go sa kgathalesege gore lebaka e ne e le lefe, Dafide o ne a bua ka diphenyo tse Jehofa a neng a di naya batho ba gagwe fa ba fenya baba ba bone.

68:18—“Dimpho tse e leng banna” e ne e le bomang? Banna bano ba ne ba tswa mo go ba ba neng ba isitswe botshwarwa fa go ne go fenngwa Lefatshe le le Solofeditsweng. Moragonyana banna bao ba ne ba abelwa gore ba thuse Balefi mo tirong ya bone.—Esera 8:20.

68:30—Kopo ya go “kgalema sebatana sa lotlhaka” e bolelang? Dafide o ne a bua ka tsela ya tshwantshetso ka baba ba ga Jehofa a re ke dibatana, mme o ne a kopa Modimo gore a ba kgaleme kana a thibe nonofo e ba nang le yone ya go gobatsa batho ba gagwe.

69:23—Go bolelang go ‘dira gore dinōka tsa baba di kgwetlhe’? Mesifa e e mo dinōkeng e botlhokwa thata fa motho a dira ditiro tse di thata tse di jaaka go tsholetsa merwalo e e boima. Dinōka tse di reketlang di bontsha go felelwa ke nonofo. Dafide o ne a rapelela gore baba ba gagwe ba felelwe ke nonofo ya bone.

Se re Ithutang Sone:

51:1-4, 17. Fa re dirile boleo ga re a tshwanela go tlhobogana le Jehofa Modimo. Fa re ikwatlhaya, re ka tlhomamisega gore o tla re bontsha bopelotlhomogi.

51:5, 7-10. Fa re leofile ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng, re ka kopa Jehofa gore a re itshwarele. Gape re tshwanetse go rapela gore a re itshekise, a re tsosolose, a re thuse go ntsha ditshekamelo tsa boleo tse di leng mo dipelong tsa rona mme a re neye moya o o tla re thusang go nna re nitame.

51:18. Maleo a ga Dafide a ne a beile boitumelo jwa setšhaba sotlhe mo kotsing. Ka jalo, o ne a rapelela gore Siona e bone bomolemo jo bo tswang kwa Modimong. Gantsi fa re dira boleo jo bo masisi, seo se tlisa kgobo mo leineng la ga Jehofa le mo phuthegong ya gagwe. Re tshwanetse go rapela Modimo gore a baakanye tshenyo e re ka tswang re e bakile.

52:8. Re ka tshwana le “setlhare se se golang thata sa motlhware mo ntlong ya Modimo”—re atamalane le Jehofa mme re nna le matswela fa re mo direla—ka go mo utlwa le ka go amogela ka go rata kgalemo e a re nayang yone.—Bahebera 12:5, 6.

55:4, 5, 12-14, 16-18. Dafide o ne a utlwa botlhoko thata mo maikutlong ka ntlha ya leano la boferefere la morwawe e bong Abesalome le go ekwa ke mogakolodi wa gagwe yo o neng a mo ikanya e bong Ahitofele. Le fa go ntse jalo, seo ga se a ka sa dira gore tsela e Dafide a ikanyang Jehofa ka yone e fokotsege. Ga re a tshwanela go letla gore go utlwa botlhoko mo maikutlong go koafatse tsela e re ikanyang Modimo ka yone.

55:22. Re latlhela mekgweleo ya rona mo go Jehofa jang? Re dira seno (1) ka go mmolelela selo se se re tshwenyang ka thapelo, (2) ka go ikaega ka Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe gore e nne tsone di re kaelang le go re tshegetsa, le (3) ka go dira se re ka se kgonang go tokafatsa boemo.—Diane 3:5, 6; 11:14; 15:22; Bafilipi 4:6, 7.

56:8. Jehofa ga a bone fela boemo jo re leng mo go jone o bona gape le kafa bo re amang ka gone mo maikutlong.

62:11. Ga go tlhokege gore Modimo a ikaege ka motswedi le fa e ka nna ofe wa maatla. Ke ene motswedi wa nonofo. ‘Nonofo ke ya gagwe.’

63:3. ‘Bopelonomi jwa Modimo jwa lorato bo botoka go na le botshelo,’ gonne kwantle ga jone ga go na lebaka la go tshela. Ka gone re tla bo re supa botlhale fa re lwela go nna le botsalano le Jehofa.

63:6. Fa go le bosigo—go didimetse e bile re sa itewe tsebe ke sepe—ke yone nako e e siameng ya go tlhatlhanya.

64:2-4. Tshebo e e kotsi e ka senya leina le le molemo la motho yo o se nang molato. Le ka motlha ga re a tshwanela go reetsa tshebo e e ntseng jalo kana gone go e anamisa.

69:4. Ka dinako dingwe gore re kgone go boloka kagiso e le gone, go ka nna botlhale gore re ‘buse se re neng re sa se tsaya’ ka go ikopa maitshwarelo le fa gone re tlhomamisegile gore ga re phoso.

70:1-5. Jehofa o utlwa thapelo e re e dirang ka potlako re kopa thuso. (1 Bathesalonika 5:17; Jakobe 1:13; 2 Petere 2:9) Modimo a ka nna a letla gore teko nngwe e tswelele, mme gone o tla re naya botlhale jwa gore re lebane le boemo joo a bo a re neye nonofo ya go bo itshokela. Ga a ka ke a letla gore re raelwe go feta se re ka se itshokelang.—1 Bakorintha 10:13; Bahebera 10:36; Jakobe 1:5-8.

71:5, 17. Dafide o ne a nna le bopelokgale le nonofo ka go tshepa Jehofa mo bosheng jwa gagwe—tota le pele a lebana le mokaloba wa Mofilisitia e bong Goliathe. (1 Samuele 17:34-37) Basha ba dira sentle fa ba ikaega ka Jehofa mo go sengwe le sengwe se ba se dirang.

“A Kgalalelo ya Gagwe e Tlale Lefatshe Lotlhe”

Pina ya bofelo mo karolong ya bobedi ya dipesalema, e leng Pesalema 72, e kaga puso ya ga Solomone e e tshwantshetsang maemo a a tla nnang teng fa go busa Mesia. Ruri maemo a a tlhalosiwang foo a kgatlha tota—letlotlo la kagiso, go fedisiwa ga patiko le thubakanyo, letlepu la dijo tsa ditlhaka mo lefatsheng! A re tla nna bangwe ba batho ba ba tla itumelelang maemo ano a a itumedisang le masego a mangwe gape a Bogosi? Re ka kgona go itumelela masego ano, fa jaaka mopesalema re itumelela go letela Jehofa, mme re mo dira botshabelo le nonofo ya rona.

‘Dithapelo tsa ga Dafide, di khutla’ ka mafoko a a reng: “A go bakwe Jehofa Modimo, Modimo wa Iseraele, yo o dirang ditiro tse di gakgamatsang a le esi. Gape a go bakwe leina la gagwe le le galalelang ka bosakhutleng, mme a kgalalelo ya gagwe e tlale lefatshe lotlhe. Amen le Amen.” (Pesalema 72:18-20) A le rona re bakeng Jehofa go tswa pelong le leina la gagwe le le galalelang.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

A o itse gore “morwadia kgosi” o tshwantshetsa mang?

[Setshwantsho mo go tsebe 10, 11]

Jerusalema e bidiwa “boitekanelo jwa bontle.” A o itse lebaka la seo?