Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo o Amega ka Batsofe

Modimo o Amega ka Batsofe

Modimo o Amega ka Batsofe

GA GO gakgamatse go bo gompieno batsofe ba sotlwa. Bogologolo Baebele e ne ya bolelela pele gore mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso eno e e boikepo, batho ba tla “nna baithati, . . . ba ba se nang lorato lwa tlholego.” (2 Timotheo 3:1-3) Lefoko la Segerika le le ranolwang go twe “lorato lwa tlholego” le ka akaretsa lorato lo ka tlwaelo maloko a lelapa a ratanang ka lone. Go dumalana le boporofeti jwa Baebele, lorato loo lo a tlhaela gompieno.

Jehofa Modimo o farologana thata le batho ba ba sotlang batsofe ka gonne ene o ba tseela kwa godimo thata e bile o amega ka bone. Ela tlhoko kafa seno se bontshiwang ka teng mo Baebeleng.

“Moatlhodi wa Batlholagadi”

Tsela e Jehofa Modimo a amegang ka yone ka batsofe e bonala mo Dikwalong tsa Sehebera. Ka sekai, mo go Pesalema 68:5, Dafide o bitsa Modimo a re ke “moatlhodi wa batlholagadi,” ba gantsi e leng batsofe. * Mo dithanolong tse dingwe tsa Baebele, lefoko “moatlhodi” le ranolwa go twe “mofemedi,” “mosireletsi,” le “mmampodi.” Go bonala sentle gore Jehofa o amega ka batlholagadi. E bile Baebele ya re fa ba tshwarwa makgwakgwa, o tuka ka bogale. (Ekesodo 22:22-24) Modimo le batlhanka ba gagwe ba tseela kwa godimo batlholagadi le batsofe botlhe ba ba ikanyegang. Diane 16:31 e tlhalosa tsela e Jehofa Modimo le batho ba gagwe ba lebang dilo ka yone fa e re: “Botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo.”

Go a utlwala he go bo go tlotla batsofe e ne e le karolo e kgolo ya Molao o Jehofa a neng a o neile Baiseraele. Baiseraele ba ne ba laetswe jaana: “O nanoge fa pele ga moriri o mosweu, mme o tlotle motho yo o tsofetseng, o boife Modimo wa gago. Ke nna Jehofa.” (Lefitiko 19:32) Ka jalo, kwa Iseraele go tlotla batsofe go ne go tsamaisana thata le kamano e motho a nang le yone le Jehofa Modimo. Motho o ne a ka se ka a re o rata Modimo mme a sotla batsofe.

Bakeresete ga ba kafa tlase ga Molao wa ga Moshe. Le fa go ntse jalo, ba kafa tlase ga “molao wa ga Keresete,” o o amang thata tsela e ba itshwarang ka yone le e ba lebang dilo ka yone, go akaretsa go rata le go amega ka batsadi ba bone le ka batsofe. (Bagalatia 6:2; Baefeso 6:1-3; 1 Timotheo 5:1-3) Gape Bakeresete ba bontsha lorato, e seng ka gonne ba laelwa gore ba dire jalo, mme ba dira jalo ka gonne ba rata go tswa mo dipelong tsa bone. Moaposetoloi Petere o ne a kgothatsa jaana: “Ratanang ka lorato lo logolo lo lo tswang pelong.”—1 Petere 1:22.

Morutwa Jakobe o re naya lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go amega ka batsofe. O ne a kwala jaana: “Mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara ke ono: go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone, le motho go ipoloka a se na selabe se se tswang mo lefatsheng.” (Jakobe 1:27) Jakobe o umaka sengwe se se amang pelo. Se a se kwadileng se re bontsha kafa batho bano ba ba rategang ba leng botlhokwa ka teng mo go Jehofa.

Ka jalo, ga go a lekana gore fela re se ka ra sotla batsofe. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go bontsha tota gore re amegile ka bone ka go ba direla dilo tse di molemo. (Bona lebokose le le reng “Lorato lo lo Bontshiwang ka Ditiro” mo go tsebe 6-7.) Jakobe o ne a kwala jaana: “Tumelo kwantle ga ditiro e sule.”—Jakobe 2:26.

Go ba Gomotsa “mo Pitlaganong ya Bone”

Go na le se sengwe gape se re ka se ithutang mo mafokong a ga Jakobe. Ela tlhoko gore Jakobe o ne a bolelela Bakeresete gore ba tlhokomele batlholagadi “mo pitlaganong ya bone.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “pitlagano” le raya go ngomoga pelo, go utlwa botlhoko kana go boga mo go bakwang ke mathata a re nang le one mo botshelong. Ga go na pelaelo gore bontsi jwa batsofe ba na le mathata a a ntseng jalo. Bangwe ba bone ba jewa ke bodutu. Ba bangwe ba tshwenyegile mo maikutlong ka ntlha ya mathata a a tlisiwang ke botsofe. Tota le batho ba pele ba neng ba le matlhagatlhaga ba direla Modimo ba ka kgobega marapo. Akanya ka John, * yo e ntseng e le mmoledi yo o ikanyegang wa Bogosi jwa Modimo ka dingwaga tse di fetang 40, mme a dirisitse dingwaga tsa bofelo di le masome a mararo a le mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng. John, yo jaanong a leng mo dingwageng tsa bo80 a re ka dinako tse dingwe o ikutlwa a kgobegile marapo. A re: “Ke na le go akanya ka dinako tse di fetileng mme ke bo ke gakologelwa diphoso tse ke di dirileng, diphoso tse dintsi. Ke na le go ipolelela gore nkabo ke dirile dilo botoka go feta kafa ke dirileng ka teng.”

Batho ba ba ntseng jalo ba ka gomodiwa ke go itse gore, le fa Jehofa a sa dire diphoso, ga a lebelele gore le rona re se ka ra dira diphoso. Le fa Jehofa a itse diphoso tsa rona, Baebele e bua jaana ka ene: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?” (Pesalema 130:3) Ee, Jehofa ga a tlhome mogopolo mo diphosong tsa rona mme o bona se se mo pelong. Re itse seno jang?

Kgosi Dafide, yo ka boene a neng a dira diphoso tse dintsi, o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo gore a kwale mafoko a a latelang a a mo go Pesalema 139:1-3: “Wena Jehofa, o ntlhatlhobile, mme o a nkitse. O itse go nna ga me le go ema ga me. O akanyeditse kakanyo ya me go tswa kgakala. O lekantse go eta ga me le go namalala ga me, e bile o tlwaelane le ditsela tsa me tsotlhe.” Fano polelwana e e reng “o lekantse” e raya “go fefera,” ka tsela e molemirui a feferang ka yone mmoko gore go sale dijo tsa ditlhaka fela. Dafide, yo o neng a tlhotlheleditswe ke Modimo, o re tlhomamisetsa gore Jehofa o kgona go fefera ditiro tsa rona a bo a gakologelwa fela ditiro tsa rona tse di molemo.

Rraarona yo o kutlwelobotlhoko yo o kwa legodimong o gakologelwa ditiro tsa rona tse di molemo e bile o di anaanela fela fa re tswelela re ikanyega mo go ene. Baebele ya re a ka go tsaya e le tshiamololo go lebala tiro ya rona le lorato lo re lo bontshitseng leina la gagwe.—Bahebera 6:10.

“Dilo Tsa Pele di Fetile”

Baebele e bontsha gore mathata a a nnang teng mo botsofeng e ne e se boikaelelo jwa Modimo ka batho. Batho ba simolotse go welwa ke diphelelo tse di botlhoko tsa botsofe fa batsadi ba rona ba ntlha, monna le mosadi ba ntlha, ba sena go tsuologela Mmopi wa bone. (Genesise 3:17-19; Baroma 5:12) Seno ga se na go nnela teng ruri.

Jaaka go setse go bontshitswe fa godimo, bontsi jwa maemo a a maswe a re leng mo go one gompieno, go akaretsa go sotliwa ga batsofe, ke bosupi jwa gore re tshela mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso eno ya dilo. (2 Timotheo 3:1) Boikaelelo jwa Modimo ke go dirolola diphelelo tsa boleo, go akaretsa tse di botlhoko tsa botsofe le loso. Baebele ya re: “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:4.

Mo lefatsheng le lesha la Modimo, botlhoko le ditlhabi tsa botsofe e tla bo e le dilo tsa bogologolo. Le batsofe ba ka se tlhole ba sotlwa. (Mika 4:4) Le batho ba ba suleng mme Modimo a ba gakologelwa ba tla tsosiwa gore ba boe ba tshele gape, gore le bone ba tle ba tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise. (Johane 5:28, 29) Ka nako eo, go tla bonala go gaisa le fa e le leng pele gore Jehofa Modimo o amega ka batsofe le ka batho botlhe ba ba mo ikobelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Mme gone, ga se batlholagadi botlhe ba e leng batsofe. Ka sekai, mo go Lefitiko 22:13 re bona gore Modimo gape o amega ka batlholagadi ba babotlana.

^ ser. 11 Ga se leina la gagwe la mmatota.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 6, 7]

Lorato lo lo Bontshiwang ka Ditiro

Mo gare ga Basupi ba ga Jehofa, bagolwane ba phuthego ke bone ba etelelang pele go tlhokomela batsofe. Ba tsaya kgakololo eno ya ga moaposetoloi Petere masisi: “Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng.” (1 Petere 5:2) Go tlhokomela batsofe ka dilo tse ba di tlhokang ke karolo ya go tlhokomela letsomane la Modimo. Le fa go le jalo, seno se ka tswa se akaretsa eng?

Go tlhokega bopelotelele le go dira maeto a le mmalwa go itse sentle gore ke eng se motho yo o godileng a se tlhokang. Gongwe ba tlhoka thuso ka go elwa kwa mabenkeleng le go phepafatsa, go isiwa le go busiwa kwa dipokanong tsa Bokeresete, go bala Baebele le dikgatiso tsa Bokeresete, le ka dilo tse dingwe tse dintsi. Fa go kgonega, go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tse di dirang mme di bo di latelwa. *

Go ka dirwang fa e le gore mokaulengwe kana kgaitsadi yo o godileng mo phuthegong o na le mathata mangwe, gongwe a tlhoka go thusiwa ka tsa madi? Sa ntlha, go tla nna molemo go batlisisa gore a go na le bana kana ba losika ba ba ka mo thusang. Seo se tla bo se tsamaisana le se se kwadilweng mo go 1 Timotheo 5:4: “Fa motlholagadi mongwe a na le bana kgotsa ditlogolo, a ba ithute pele go itlwaetsa boineelo jwa bomodimo mo go ba ntlo ya bone le go nna ba duela batsadi ba bone le batsadi ba batsadi tuelo e e tshwanetseng, gonne seno se a amogelesega mo ponong ya Modimo.”

E ka tswa e le gore mokaulengwe kana kgaitsadi yo o godileng o tlhoka go thusiwa go bona gore a o tshwanelegela thuso nngwe ya puso. Gongwe bangwe mo phuthegong ba ka thusa. Fa go se na thuso epe e a ka e bonang, bagolwane ba ka dira tshwetso ya gore a o tshwanelega go thusiwa ke phuthego. Ka dinako tse dingwe, seno se ne se dumelelwa mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga, ka gonne moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Timotheo yo e neng e le modirimmogo le ene jaana: “A motlholagadi yo o setseng a na le dingwaga tse di seng kwa tlase ga masome a marataro a tsenngwe mo lenaaneng, e le mosadi wa monna a le mongwe, go neetswe bosupi ka ene jwa ditiro tse di molemo, fa a godisitse bana, fa a amogetse batswakwa jaaka baeng, fa a tlhapisitse dinao tsa baitshepi, fa a namotse ba ba mo pitlaganong, fa a latetse tiro nngwe le nngwe e e molemo ka tlhoafalo.”—1 Timotheo 5:9, 10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 25 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala setlhogo se se reng, “Go Thusa Batsofe ba Rona ka Dilo Tse ba di Tlhokang—Ke Kgwetlho mo Bokereseteng” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 15, 1988.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Dorekase o ne a tlhokomela batsofe ba batlhoki.—Ditiro 9:36-39