Bathesalonika wa Ntlha 5:1-28

  • Letsatsi la ga Jehofa le tla tla (1-5)

    • “Kagiso le polokesego!” (3)

  • Nnang lo tsogile lo bo lo dirise ditlhaloganyo tsa lona (6-11)

  • Dikgothatso (12-24)

  • Ditumediso tsa bofelo (25-28)

5  Jaanong bakaulengwe, ga re tlhoke go lo kwalela sepe ka dinako le dipaka tse dilo tseno di tla diregang ka tsone.  Gonne lona ka bolona lo itse sentle gore letsatsi la ga Jehofa*+ le tla tla fela jaaka legodu bosigo.+  Ka nako e ba tla bong ba re, “Kagiso le polokesego!” foo ba tla senngwa ka tshoganyetso+ fela jaaka fa mosadi wa moimana a tlelwa ke ditlhabi ka tshoganyetso, mme ga ba kitla ba falola.  Mme lona bakaulengwe, ga lo mo lefifing, mo e leng gore letsatsi leo le ka lo wela ka tshoganyetso jaaka le ne le ka wela magodu,  gonne lona lotlhe lo bana ba lesedi le bana ba motshegare.+ Ga re bana ba bosigo e bile ga re ba lefifi.+  Ka jalo, a re se ka ra nna re robetse jaaka ba bangwe botlhe,+ mme a re nneng re tsogile+ re bo re dirise ditlhaloganyo tsa rona.+  Gonne ba ba robalang, ba robala bosigo, le ba ba tagwang ba tagwa bosigo.+  Mme rona ba re leng ba motshegare, a re tsweleleng re dirisa ditlhaloganyo tsa rona mme re apare seiphemelo sa sehuba sa tumelo le lorato, le tsholofelo ya poloko e le tlhoro ya phemelo+  ka gonne Modimo ga a ka a re tlhopha gore a re galefele mme o ne a re tlhopha gore a re boloke+ ka Morena wa rona Jesu Keresete. 10  O ne a re swela,+ gore le fa re ka tswa re tsogile kgotsa re robetse,* re tshele mmogo le ene.+ 11  Ka jalo, nnang lo kgothatsane* lo bo lo agane,+ jaaka tota lo dira. 12  Jaanong bakaulengwe, re kopa gore lo tlotle ba ba dirang ka natla mo go lona, ba ba lo okametseng mo tirong ya Morena e bile ba lo tlhagisa; 13  le gore lo ba tlotle thata lo bo lo ba rate ka ntlha ya tiro ya bone.+ A mongwe le mongwe a tshele le yo mongwe ka kagiso.+ 14  Ka fa letlhakoreng le lengwe bakaulengwe, re lo rotloetsa gore lo tlhagise* ba ba sa direng dilo ka thulaganyo,+ lo gomotse ba ba tshwenyegileng mo maikutlong,* lo tshegetse ba ba bokoa, lo nne pelotelele mo go botlhe.+ 15  Tlhomamisang gore ga go na ope wa lona yo o ipusolosetsang mo go yo mongwe,+ mme ka metlha lwelang go direlana se se molemo le go direla ba bangwe botlhe se se molemo.+ 16  Itumeleng ka metlha.+ 17  Rapelang lo sa kgaotse.+ 18  Lebogelang sengwe le sengwe.+ Gonne seno ke se Modimo a batlang gore balatedi ba ga Keresete Jesu ba se dire. 19  Lo se ka lwa tima molelo wa moya wa Modimo.+ 20  Lo se ka lwa nyatsa boporofeti.+ 21  Tlhomamisang gore a dilo tsotlhe di boammaaruri;+ ngangatlelang se se molemo. 22  Ithibeng mo dilong tsotlhe tse di bosula.+ 23  E kete Modimo wa kagiso a ka lo dira boitshepo ka botlalo. Mme bakaulengwe, e kete moya, pelo* le mmele wa lona, di ka nna di se na molato ka nako ya go nna gone ga Morena wa rona Jesu Keresete, di itekanetse sentle ka ditsela tsotlhe.+ 24  Modimo yo o lo bitsang o a ikanyega, mme o tla dira dilo tseno. 25  Bakaulengwe, tswelelang lo re rapelela.+ 26  Dumedisang bakaulengwe botlhe ka lorato.* 27  Ke lo kopa ka leina la Morena gore lo balele bakaulengwe botlhe lekwalo leno.+ 28  E kete Morena wa rona Jesu Keresete a ka lo naya bopelonomi jo bogolo.*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “re robetse mo losong.”
Kgotsa “gomotsane.”
Kgotsa “gakolole.”
Kgotsa “ba ba kgobegileng marapo.”
Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “ka katlo e e boitshepo.” Fa Bakeresete ba kopana, yo mongwe o ne a suna yo mongwe mo lerameng fa a mo dumedisa.