Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Latela Keresete ka Botlalo?

A o Latela Keresete ka Botlalo?

A o Latela Keresete ka Botlalo?

“Fela jaaka tota e bile lo tsamaya, . . . lo nne lo dire jalo ka botlalo segolo.”—1 BATHES. 4:1.

1, 2. (a) Batho ba bantsi mo motlheng wa ga Jesu ba bone ditiro dife tse dikgolo? (b) Ke eng fa motlha wa rona le one o le botlhokwa?

A O KILE wa akanya gore go tshwanetse ga bo go ne go le monate jang go tshela ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng? O ka akanya gore Jesu o ne a ka go fodisa mme wa se ka wa tlhola o ngomolwa pelo ke bolwetse bongwe jo bo go tshwenyang. Kana o ka nna wa akanya kafa go neng go ka nna monate ka teng go bona Jesu le go mo utlwa—go ithuta mo go ene le go mmona a dira kgakgamatso nngwe. (Mar. 4:1, 2; Luke 5:3-9; 9:11) A bo e ne e tla bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go bona Jesu a dira ditiro tseo tsotlhe! (Luke 19:37) Ga go na kokomana epe e e kileng ya bona dilo tse di ntseng jalo fa e sa le ka nako eo, mme se Jesu a se dirileng mo lefatsheng “ka setlhabelo sa gagwe” se ka se tlhole se dirwa gape.—Baheb. 9:26; Joh. 14:19.

2 Mme motlha o re tshelang mo go one le one o botlhokwa. Ka tsela efe? Jaanong re tshela mo motlheng o Dikwalo di boleletseng pele gore ke ‘motlha wa bokhutlo’ le ‘metlha ya bofelo.’ (Dan. 12:1-4, 9; 2 Tim. 3:1) Satane o lelekilwe kwa legodimong mo motlheng ono. Go ise go ye kae o tla bofiwa a bo a latlhelwa “mo moleteng.” (Tshen. 12:7-9, 12; 20:1-3) Gape mo motlheng ono re na le tshiamelo e kgolo ya go bolela ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi’ mo lefatsheng lotlhe, re bolelela batho ka tsholofelo ya go tshela mo Paradaiseng e e tlang—e leng tiro e e se kitlang e dirwa gape.—Math. 24:14.

3. Pelenyana fela ga Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a raya balatedi ba gagwe a re ba dire eng, mme seo se ne se tla akaretsa eng?

3 Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana pelenyana fela ga a tlhatlogela kwa legodimong: “Lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8) Tiro eo e ne e tla akaretsa go ruta batho mo lefatsheng lotlhe. Ka boikaelelo bofe? Jwa go dira barutwa—go oketsa balatedi ba ga Keresete—pele ga bokhutlo bo tla. (Math. 28:19, 20) Re tshwanetse go dira eng gore re atlege fa re diragatsa thomo ya ga Keresete?

4. (a) Mafoko a ga Petere a a mo go 2 Petere 3:11, 12 a gatelela eng se re tshwanetseng go se dira? (b) Re tshwanetse go nna re itisitse mo go eng?

4 Ela tlhoko mafoko ano a ga moaposetoloi Petere: “Lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, lo letetse e bile lo ntse lo akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa!” (2 Pet. 3:11, 12) Mafoko ao a ga Petere a gatelela botlhokwa jwa go nna re disitse mo metlheng eno ya bofelo go tlhomamisa gore botshelo jwa rona bo nna bo remeletse mo ditirong tsa boineelo jwa bomodimo. Ditiro tseo di akaretsa go rerwa ga dikgang tse di molemo. A bo re itumela jang ne fa re bona kafa bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe ba tlhoafetseng ka teng fa ba diragatsa thomo ya ga Keresete ya go rera! Gape re lemoga gore re tshwanetse go nna kelotlhoko gore mathata a letsatsi le letsatsi a lefatshe la ga Satane le tshekamelo ya rona ya go dira boleo di se ka tsa fokotsa tlhoafalo ya rona mo tirong ya Modimo. Ka jalo, a re sekasekeng kafa re ka tlhomamisang ka teng gore re nna re latela Keresete.

Diragatsa Maikarabelo A o A Neilweng ke Modimo

5, 6. (a) Paulo o ne a akgolela badumedi mmogo le ene kwa Jerusalema eng, mme o ne a ba tlhagisa ka eng? (b) Ke eng fa re sa tshwanela go tsaya maikarabelo a re a neilweng ke Modimo motlhofo?

5 Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Bakeresete ba kwa Jerusalema, o ne a akgola badumedi mmogo le ene koo a ba akgolela go bo ba ile ba itshoka ka boikanyego mo nakong e e fetileng le fa ba ne ba bogisiwa. O ne a re: “Nnang lo gakologelwe malatsi a pele a mo go one, fa lo sena go sedimosediwa, lo neng lwa itshokela ntwa e kgolo tlase ga dipogo.” Ee, Jehofa o ne a gakologelwa boikanyego jwa bone. (Baheb. 6:10; 10:32-34) Bakeresete bao ba Bahebera ba tshwanetse ba bo ba ile ba kgothala thata fa ba utlwa Paulo a ba akgola jalo ka lorato. Le fa go ntse jalo, mo go lone lekwalo leo, Paulo gape o ne a tlhagisa ka mokgwa mongwe wa batho, o e leng gore fa o sa tlhokomelwe o ka fokotsa tlhoafalo ya motho mo tirelong ya Modimo. O ne a re Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba dira diipato tsa gore ba se ka ba ikobela ditaelo tsa Modimo.

6 Tlhagiso eo e e malebana le mokgwa wa go dira diipato tsa go sa diragatse maikarabelo a re a neilweng ke Modimo e ama le Bakeresete gompieno. Re lemoga gore re tshwanetse go ititaya sehuba gore le ka motlha re se ka ra tsaya maikarabelo a rona a Bokeresete motlhofo kana ra se direle Modimo ka tlhoafalo. (Baheb. 10:39) Aitsane, go dira tirelo e e boitshepo ke kgang ya botshelo le loso.—1 Tim. 4:16.

7, 8. (a) Ke eng se se tla re thusang gore re nne re tlhoafetse fa re direla Modimo? (b) Fa e le gore ga re tlhole re tlhoafetse jaaka pele, re tshwanetse go gakologelwa eng ka Jehofa le Jesu?

7 Ke eng se se tla re thusang go itisa gore re se ka ra dira diipato tsa gore re se ka ra diragatsa maikarabelo a rona mo Modimong? Tsela nngwe ya botlhokwa e re ka lwantshang tshekamelo eo ka yone ke ka go tlhatlhanya ka metlha ka bokao jwa maikano a re a dirileng fa re ne re ineela. Tota re ne re solofetsa Jehofa gore re tla baya go dirwa ga thato ya gagwe kwa pele mo matshelong a rona, mme re batla go dira fela jaaka re solofeditse. (Bala Mathaio 16:24.) Ka jalo, ka dinako tse dingwe re tshwanetse go ema go se kae mme re ipotse jaana: ‘A ke sa ntse ke ikemiseditse go tshela go dumalana le boineelo jwa me mo Modimong jaaka ke ne ke ikemiseditse ka nako ya fa ke ne ke kolobediwa? Kana fa dingwaga di ntse di kgabaganya tlhoafalo ya me e a fokotsega?’

8 Fa e ka re re itlhatlhoba ka bopeloephepa ra lemoga gore re setse re goga dinao ka tsela nngwe, re tshwanetse go gopola mafoko a a kgothatsang a a neng a buiwa ke moporofeti Sefania. O ne a re: “A diatla tsa gago di se ka tsa repa. Jehofa Modimo wa gago o mo gare ga gago. Jaaka Yo o leng thata, o tla boloka. O tla itumela ka ntlha ya gago ka boipelo.” (Sefa. 3:16, 17) La ntlha mafoko ano a a kgothatsang a ne a lebisitswe mo Baiseraeleng ba bogologolo ba ba neng ba boela Jerusalema ba tswa botshwarwa kwa Babelona. Le fa go ntse jalo, gape mafoko ao a ka kgothatsa batho ba Modimo gompieno. E re ka re dira tiro ya ga Jehofa, re tshwanetse go nna re gakologetswe gore Jehofa le Morwawe ba re ema nokeng mme ba re naya maatla a gore re kgone go diragatsa maikarabelo a re a neilweng ke Modimo ka botlalo. (Math. 28:20; Bafil. 4:13) Fa re leka ka natla gore re tswelele re dira tiro ya Modimo ka tlhoafalo, o tla re segofatsa e bile o tla re thusa gore re nne re gole semoyeng.

‘Go Batla Pele Bogosi’ ka Tlhoafalo

9, 10. Ntlha ya konokono mo setshwantshong sa ga Jesu sa modiro o mogolo wa dijo tsa maitseboa ke efe, mme re ka ithuta eng mo go sone?

9 Fa Jesu a ne a ja kwa legaeng la mmusi mongwe wa Mofarasai, o ne a bolela setshwantsho sengwe malebana le modiro o mogolo wa dijo tsa maitseboa. Mo setshwantshong seo, o ne a tlhalosa tshono e e neng e neilwe batho ba ba farologaneng ya gore ba tle ba bone Bogosi jwa magodimo. Gape o ne a tlhalosa gore go dira diipato go kaya eng. (Bala Luke 14:16-21.) Balalediwa ba Jesu a buang ka bone mo setshwantshong sa gagwe ba ne ba dira diipato gore ba se ka ba nna teng kwa modirong. Mongwe o ne a re o tshwanetse go ya go bona tshimo e a neng a sa tswa go e reka. Yo mongwe o ne a re o ne a sa tswa go reka dikgomo mme o ne a batla go ya go di bona. Mme yo mongwe ene o ne a re: ‘Nka se kgone go tla. Ke sa tswa go nyala.’ Diipato tseno di ne di sa utlwale. Ka tlwaelo, fa motho a reka tshimo kana leruo o le bona pele, ka jalo ga go na sepe se se ka mo pateletsang gore a itlhaganelele go ya go bona dilo tseo fa a sena go di reka. Mme ke eng se se ka thibelang motho go amogela taletso e e botlhokwa jaana fela ka gonne a sa tswa go nyala? Ga go gakgamatse go bo motho yo o ba laleditseng a ne a shakgala!

10 Batho ba Modimo botlhe ba ka ithuta sengwe mo setshwantshong sa ga Jesu. Ba ka ithuta eng? Le ka motlha ga re a tshwanela go letla dikgang tsa rona tsa botho, tse di tshwanang le tse Jesu a di umakileng mo setshwantshong, gore di nne botlhokwa thata mo go rona mo di kgoreletsang tirelo e re e direlang Modimo. Fa Mokeresete a sa dire gore dilo tsa botho e se ka ya nna tsone tsa botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe, tlhoafalo ya gagwe mo bodireding e tla fokotsega ka bonya ka bonya. (Bala Luke 8:14.) Fa re batla gore seo se se ka sa direga re tshwanetse go tshela go dumalana le kgakololo eno ya ga Jesu: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe.” (Math. 6:33) A bo go kgothatsa jang ne go bona gore batlhanka ba Modimo—basha le bagolo—ba dirisa kgakololo eo ya botlhokwa! Tota e bile, batho ba bantsi ba dirile dilo dingwe gore ba tshele botshelo jo bo sa raraanang jo bo tla ba thusang gore ba kgone go oketsa nako e ba e dirisang mo bodireding. Ba ithuta ka se ba se bonang se ba diragalela gore go batla pele Bogosi ka tlhoafalo go tlisetsa motho boitumelo jwa mmatota le kgotsofalo e kgolo.

11. Ke pego efe ya Baebele e e bontshang gore go direla Modimo ka tlhoafalo le ka pelo yotlhe go botlhokwa?

11 Go bontsha kafa go tlhoafala go leng botlhokwa ka teng fa re direla Modimo, ela tlhoko tiragalo nngwe e e neng ya diragalela Kgosi Jehoashe wa Iseraele. Ka gonne Jehoashe a ne a tshwenyegile ka gore Siria e ka nna ya fenya Iseraele, o ne a tla kwa go Elisha a lela. Moporofeti Elisha o ne a mo laela gore a hulele motswi ka fensetere ntlheng ya Siria, go bontsha gore Jehofa o ne a tla ba thusa go fenya setšhaba seo. Ruri seno se ne se tshwanetse go kgothatsa kgosi. Go tswa foo Elisha o ne a raya Jehoashe a re a tseye metswi ya gagwe mme a iteye fa fatshe ka yone. Jehoashe o ne a itaya fa fatshe ka makgetlho a le mararo. Elisha o ne a galefisiwa ke seno, ka gonne go itaya fa fatshe ka makgetlho a le matlhano kana a le marataro go ne go tla kaya ‘go kgemetha Siria go fitlha e fedisiwa.’ Jaanong Jehoashe o ne a tla fenya gararo fela. Ka gonne Jehoashe o ne a sa dira ka tlhoafalo, o ne a fenya makgetlho a le mmalwa fela. (2 Dikg. 13:14-19) Re ka ithuta eng mo pegong eno? Jehofa o tla re segofatsa ka botlalo fela fa re dira tiro ya gagwe ka pelo yotlhe le ka tlhoafalo.

12. (a) Ke eng se se tla re thusang go nna re tlhoafetse mo tirelong ya Modimo fa re ntse re lebana le mathata a botshelo? (b) Tlhalosa kafa o solegelwang molemo ka teng ke go nna o tshwaregile mo bodireding.

12 Mathata a botshelo a a re leka, gore re tlhoafetse go le kana kang le gore re ineetse go le kana kang mo tirelong ya Modimo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba na le mathata a magolo a itsholelo. Ba bangwe ba kgobegile marapo ka gonne ba na le bolwetse jo bo masisi jo bo ba kgoreletsang go direla Jehofa ka botlalo. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe wa rona a ka dira sengwe go tlhomamisa gore o nna a tlhoafetse mme o tswelela a latela Keresete ka botlalo. Tsweetswee ela tlhoko dingwe tsa dikakantsho le ditemana tse di mo lebokoseng la setlhogo se se reng “Ke Eng se se Tla go Thusang go Nna o Latela Keresete?” Akanya kafa o ka di dirisang ka botlalo ka teng. Fa o dira jalo, ruri o tla solegelwa molemo. Go nna re tshwaregile mo bodireding go re ritibatsa maikutlo, go dira gore botshelo jwa rona bo nne le bokao, e bile go dira gore re nne le kagiso le boitumelo jo bo oketsegileng. (1 Bakor. 15:58) Mo godimo ga moo, go direla Modimo ka moya otlhe go re thusa gore re nne re “akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.”—2 Pet. 3:12.

Sekaseka Maemo a Gago ka Boikanyego

13. Ke eng se re ka se dirang go bona gore rona ka borona re ka direla ka moya otlhe jang?

13 Mme gone go botlhokwa go gakologelwa gore go dira ka moya otlhe ga se kgang fela ya gore re dirisa nako e kana kang mo bodireding. Maemo a batho ga a tshwane. Motho yo o dirisang ura e le nngwe kana di le pedi fela mo tirelong ya tshimo kgwedi le kgwedi a ka tswa a itumedisa Jehofa thata fa e le gore tota eo ke yone fela nako e botsogo jwa gagwe bo mo letlang go e dirisa. (Bapisa le Mareko 12:41-44.) Ka jalo, gore re itse gore rona ka borona re ka direla Modimo ka moya otlhe jang, re tshwanetse go tlhatlhoba bokgoni jwa rona le go sekaseka maemo a rona ka boikanyego. Ka gonne re le balatedi ba ga Keresete, gape re tshwanetse go dira gore tsela e re lebang dilo ka yone e tsamaisane le e ene a lebang dilo ka yone. (Bala Baroma 15:5; 1 Bakor. 2:16) Jesu o ne a baya eng kwa pele mo botshelong jwa gagwe? O ne a raya boidiidi jwa batho ba kwa Kaperenama a re: “Ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43; Joh. 18:37) O ntse o akantse ka tsela e Jesu a neng a tlhoafetse ka yone mo bodireding, sekaseka maemo a gago mme o bone gore a o ka oketsa bodiredi jwa gago.—1 Bakor. 11:1.

14. Re ka oketsa bodiredi jwa rona ka ditsela dife?

14 Fa re sekaseka maemo a rona ka kelotlhoko re ka nna ra swetsa ka gore re ka kgona go oketsa nako e re e dirisang mo bodireding. (Math. 9:37, 38) Ka sekai, basha ba rona ba le bantsintsi ba ba sa tswang go fetsa sekolo ba okeditse bodiredi jwa bone mme jaanong ba itumelela go direla ka tlhoafalo e le babulatsela. A le wena o ka rata go utlwa monate oo? Bakaulengwe bangwe le bokgaitsadi ba sekasekile maemo a bone mme ba swetsa ka gore ba fudugele kwa lefelong le lengwe mo nageng ya bone, kana kwa nageng e sele, kwa baboledi ba Bogosi ba tlhokegang thata teng. Mme ba bangwe bone ba ithutile puo e nngwe gore ba kgone go thusa batho ba ba buang puo e sele. Le fa go oketsa bodiredi jwa rona go ka nna ga se nne motlhofo, go re tlisetsa masego a magolo, mme re ka nna ra kgona go thusa batho ba bangwe ba bantsi gore ba “tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Tim. 2:3, 4; 2 Bakor. 9:6.

Dikao Tse di mo Baebeleng Tse Re ka Di Etsang

15, 16. Re ka etsa dikao tsa bomang gore re nne balatedi ba ba tlhoafetseng ba ga Keresete?

15 Bangwe ba ba neng ba nna baaposetoloi ba ne ba itshwara jang fa Keresete a ne a ba laletsa gore ba nne balatedi ba gagwe? Pego ya Baebele e bua jaana ka Mathaio: “A tlogela sengwe le sengwe kwa morago a ema mme a mo sala morago.” (Luke 5:27, 28) Re bala jaana ka Petere le Anderea ba ba neng ba tshwara ditlhapi: “Ba tlogela matlowa ka yone nako eo, ba mo sala morago.” Go tswa foo Jesu o ne a bona Jakobe le Johane, ba ba neng ba baakanya matlowa a bone ba na le rraabone. Ba ne ba dirang fa Jesu a ne a ba laletsa gore ba mo sale morago? “Ba tlogela mokoro le rraabone ka yone nako eo, ba mo sala morago.”—Math. 4:18-22.

16 Sekao se sengwe se se molemo ke sa ga Saulo, yo o neng a nna moaposetoloi Paulo. Le fa a ne a kile a bo a bogisa balatedi ba ga Keresete setlhogo, o ne a fetoga mme a nna “sejana se se tlhophilweng” gore a sikare leina la ga Keresete. “Ka yone nako eo [Paulo] a simolola go rera Jesu mo disinagogeng, gore Yono ke Morwa Modimo.” (Dit. 9:3-22) Mme le fa Paulo a ne a lebana le mathata a mantsi le dipogiso, o ne a direla ka tlhoafalo ka metlha.—2 Bakor. 11:23-29; 12:15.

17. (a) O batla go dira eng malebana le go latela Keresete? (b) Re bona masego afe fa re dira thato ya ga Jehofa ka pelo yotlhe le ka nonofo yotlhe ya rona?

17 Ruri re batla go etsa dikao tse di molemo tsa barutwa bao le go amogela taletso ya go latela Keresete ka tlhoafalo le ka pelo yotlhe. (Baheb. 6:11, 12) Re bona masego afe fa re ntse re leka ka natla go latela Keresete ka tlhoafalo e bile re dira jalo ka botlalo? Re itumelela go dira thato ya Modimo mme re kgotsofadiwa ke go amogela ditshiamelo tse di oketsegileng le maikarabelo mo phuthegong. (Pes. 40:8; bala 1 Bathesalonika 4:1.) Ee, fa re ntse re leka ka natla go latela Keresete, re bona masego a magolo le a a nnelang ruri a a jaaka go nna le kagiso ya mogopolo, go kgotsofala, go amogelwa ke Modimo le go nna le tsholofelo ya go tshelela ruri.—1 Tim. 4:10.

A o A Gakologelwa?

• Re neilwe tiro efe ya botlhokwa, mme re tshwanetse go e leba jang?

• Re tshwanetse go ela tlhoko gore re se ka ra nna le mokgwa ofe o batho ba nang le one, mme ka ntlha yang?

• Re tshwanetse go sekaseka maemo a rona jang ka boikanyego?

• Ke eng se se tla re thusang go nna re latela Keresete?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ke Eng se se Tla go Thusang go Nna o Latela Keresete?

▪ Bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi, mme o tlhatlhanye ka se o se balang.—Pes. 1:1-3; 1 Tim. 4:15.

▪ Rapela ka metlha o kopa gore moya wa Modimo o go thuse mme o go kaele.—Seka. 4:6; Luke 11:9, 13.

▪ Tsalana le batho ba ba tlhoafaletseng bodiredi ka pelo yotlhe.—Dia. 13:20; Baheb. 10:24, 25.

▪ Lemoga kafa metlha e re tshelang mo go yone e potlakileng ka teng.—Baef. 5:15, 16.

▪ Nna o akantse ka ditlamorago tse di masisi tsa go dira diipato.—Luke 9:59-62.

▪ Nna o akantse ka maikano a o a dirileng fa o ne o ineela le ka masego a magolo a o a bonang fa o direla Jehofa e bile o latela Keresete ka pelo yotlhe.—Pes. 116:12-14; 133:3; Dia. 10:22.