Bakorintha wa Ntlha 2:1-16

  • Paulo o rera kwa Korintha (1-5)

  • Botlhale jwa Modimo bo kwa godimo thata (6-10)

  • Motho yo o kaelwang ke moya le motho yo o laolwang ke dikeletso tsa gagwe (11-16)

2  Ka jalo, bakaulengwe, e rile ke tla go lo bolelela sephiri se se boitshepo+ sa Modimo, ga ke a ka ka dirisa mafoko a barutegi kgotsa ka itira botlhale.+  Gonne fa ke ne ke na le lona ke ne ka dira tshwetso ya gore ke se ka ka bua ka sepe se sele fa e se ka ga Jesu Keresete le gore o ne a bolaelwa mo koteng.+  Mme ke ne ka tla mo go lona ke le bokoa, ke boifa e bile ke roroma thata;  mme fa ke ne ke bua le lona e bile ke ruta ga ke a ka ka dirisa mafoko a a dirisiwang ke batho ba ba botlhale, mme mafoko a ke neng ke a dirisa a ne a bontsha gore ke thusiwa ke maatla a moya o o boitshepo,+  gore tumelo ya lona e tle e se ka ya ikaega ka botlhale jwa batho, mme e ikaege ka maatla a Modimo.  Jaanong re bua botlhale mo go ba ba godileng sentle mo tumelong,+ mme e seng botlhale jwa batho ba lefatshe leno* kgotsa botlhale jwa babusi ba lefatshe leno, ba ba tlileng go nyelela.+  Mme re bua botlhale jwa Modimo jo bo fitlhegileng mo sephiring se se boitshepo.+ Modimo o ile a bo rulaganya go sa le pele, pele ga lefatshe leno le le bosula le nna gone gore re galalediwe.  Ga go na ope wa babusi ba lefatshe leno* yo o neng a itse botlhale jono,+ ka gonne fa ba ka bo ba bo itsile ba ka bo ba sa bolaya Morena yo o galalelang.*  Mme ke fela jaaka go kwadilwe go twe: “Leitlho ga le ise le bone le tsebe ga e ise e utlwe, e bile ga go motho ope yo o kileng a akanya dilo tse Modimo a di baakanyeditseng ba ba mo ratang.”+ 10  Gonne Modimo o re di senoletse+ a dirisa moya wa gagwe,+ gape moya o senola dilo tsotlhe, tota le dilo tse di boteng tsa Modimo.+ 11  A go na le motho yo o ka itseng dikakanyo* tsa motho yo mongwe? Le e seng. Motho yoo ke ene fela yo o itseng se se mo pelong ya gagwe. Jalo, ka tsela e e tshwanang, ga go na ope yo o itseng dikakanyo tsa Modimo, fa e se moya wa Modimo. 12  Jaanong ga re a ka ra kaelwa ke tsela e batho ba lefatshe leno ba akanyang ka yone,* mme re ne ra kaelwa ke moya o o tswang kwa Modimong,+ gore re itse dilo tse Modimo a re neileng tsone ka lorato. 13  Gape re bua dilo tseno re sa dirise mafoko a a neng a rutwa ka botlhale jwa batho,+ mme re dirisa mafoko a re a rutilweng ke moya wa Modimo o o boitshepo.+ Ka jalo, re dirisa mafoko a re a amogetseng ka moya o o boitshepo go tlhalosa* dikgang tsa Modimo. 14  Mme motho yo o laolwang ke dikeletso tsa gagwe ga a amogele dilo tsa moya wa Modimo, gonne o di tsaya e le boeleele; mme ga a ka ke a di itse, ka gonne o tshwanetse go di sekaseka a kaelwa ke moya o o boitshepo. 15  Le fa go ntse jalo, motho yo o kaelwang ke moya wa Modimo o sekaseka dilo tsotlhe,+ mme ene ka boene ga a sekasekwe ke motho ope. 16  Gonne “ke mang yo o itseng tsela e Jehofa* a akanyang ka yone, gore a tle a mo rute?”+ Mme rona re akanya jaaka Keresete.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “ba tsamaiso eno ya dilo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “ba tsamaiso eno ya dilo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “ba sa bapola Morena yo o galalelang mo koteng.”
Seger., “moya.”
Seger., “ra amogela moya wa lefatshe.”
Kgotsa “go kopanya.”