Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Faposa Matlho a Gago mo Dilong Tse di se Nang Mosola!

Faposa Matlho a Gago mo Dilong Tse di se Nang Mosola!

 Faposa Matlho a Gago mo Dilong Tse di se Nang Mosola!

“Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola; mpoloke ke tshela mo tseleng ya gago.”—PES. 119:37.

1. Bokgoni jwa go bona bo botlhokwa go le kana kang?

A BO bokgoni jwa rona jwa go bona bo le botlhokwa jang ne! Re ka bo dirisa go bona dilo tse di re dikologileng; go bona se se kgatlhang mo go tsone mmogo le mebala ya tsone. Bokgoni jwa rona jwa go bona bo re thusa go lemoga ditsala tse di rategang kana dikotsi tse re ka di tilang. Bokgoni joo bo re thusa go bona dilo tse dintle, go anaanela dilo tse di gakgamatsang tsa popo, go bona bosupi jwa gore Modimo o teng le gore o a galalela. (Pes. 8:3, 4; 19:1, 2; 104:24; Bar. 1:20) E re ka bokgoni jwa go bona bo tsenya tshedimosetso mo ditlhaloganyong tsa rona, bo re thusa thata go nna le kitso ka Jehofa le go nna le tumelo mo go ene.—Josh. 1:8; Pes. 1:2, 3.

2. Ke eng fa re tshwanetse go tshwenyega ka se re se bonang, mme re ka ithuta eng mo kopong ya mopesalema?

2 Le fa go ntse jalo, dilo tse re di bonang gape di ka re tsenya mo kotsing. Se re se bonang ka matlho se ka re tlhotlheletsa thata mo se ka dirang gore re nne le dikeletso dingwe mo pelong kgotsa sa gakatsa dikeletso tseo. Mme ka gonne re tshela mo lefatsheng le le bosula le le ratang go ikgotsofatsa le le busiwang ke Satane Diabolo, re faraferwe ke ditshwantsho le tshedimosetso e e ka re faposang motlhofo—le fa re leba dilo tseo fela re fetisa matlho. (1 Joh. 5:19) Ga go gakgamatse he, go bo mopesalema a ne a kopa Modimo jaana: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola; mpoloke ke tshela mo tseleng ya gago.”—Pes. 119:37.

Kafa Matlho a Rona A ka Re Faposang ka Teng

3-5. Ke dipego dife tsa Baebele tse di bontshang kafa go leng kotsi ka teng go letla matlho a rona gore a re raele?

3 Akanya ka se se neng sa diragalela mosadi wa ntlha, Efa. Satane o ne a rile matlho a gagwe “a tla bulega” fa a ne a ka ja leungo la “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” Efa o tshwanetse a bo a ne a kgatlhilwe ke kgang ya gore matlho a gagwe a tla “bulega.” O ne a kgatlhegela thata go ja leungo le le ileditsweng fa a ne a “bona fa setlhare se le molemo go ka jewa le gore e ne e le selo se se eletsegang mo matlhong, ee, setlhare se ne se eletsega go lejwa.” Go leba setlhare seo ka go se eletsa go ne ga dira gore Efa a se ka a ikobela taelo ya Modimo. Monna wa gagwe, Adame, le ene o ne a tlhoka kutlo, mme seo se nnile le diphelelo tse di maswe mo bathong botlhe.—Gen. 2:17; 3:2-6; Bar. 5:12; Jak. 1:14, 15.

4 Mo metlheng ya ga Noa, baengele bangwe le bone ba ne ba raelwa ke se ba neng ba se bona. Genesise 6:2 e bua jaana fa e bua ka bone: “Bomorwa Modimo wa boammaaruri ba simolola go bona bomorwadia batho, gore ba ne ba le bantle; mme ba itseela basadi, e leng, botlhe ba ba neng ba ba tlhopha.” Go leba bomorwadia batho ka go ba tswela pelo go ne ga tsosa keletso e e seng ya tlholego mo baengeleng bao ba ba seng kutlo ya gore ba tlhakanele dikobo le batho, mme baengele bao ba ne ba nna le bana ba ba ratang thubakanyo. Bosula jwa batho ka nako eo bo ne jwa felela ka gore batho botlhe ba senngwe, kwantle ga ga Noa le ba lelapa la gagwe fela.—Gen. 6:4-7, 11, 12.

 5 Makgolo a dingwaga morago ga moo, matlho a Moiseraele yo o bidiwang Akane a ne a mo raela gore a utswe dilwana dingwe kwa motseng o o neng o gapilwe wa Jeriko. Modimo o ne a laetse gore dilwana tsotlhe tse di neng di le mo motseng oo di senngwe, kwantle ga dilwana dingwe tse di neng di tshwanetse go isiwa kwa letlotlong la ga Jehofa. Baiseraele ba ne ba tlhagisitswe jaana: “Lo ithibe mo selong se se neeletsweng tshenyego, e se re kgotsa lwa nna le keletso” mme lwa tsaya dilwana dingwe mo motseng. Fa Akane a ne a sa ikobele taelo eo, setšhaba sa Iseraele se ne sa fenngwa kwa motseng wa Ai, mme bangwe ba bone ba swa. Akane ga a ka a dumela gore o utswile go fitlha a senolwa. O ne a re: “E rile ke bona” dilwana tseno, “foo ka di eletsa, mme ka di tsaya.” Keletso ya matlho a gagwe e ne ya felela ka gore a senngwe mmogo le “sengwe le sengwe se e neng e le sa gagwe.” (Josh. 6:18, 19; 7:1-26) Akane mo pelong ya gagwe o ne a eletsa se a neng a se ileditswe.

Re Tshwanetse go Ikgalemela

6, 7. Gantsi Satane o dirisa ‘leano’ lefe go re raela, mme babapatsi ba dithoto bone ba dirisa leano leo jang?

6 Batho gompieno ba raelwa ka tsela e e tshwanang le e Efa, baengele ba ba seng kutlo le Akane ba neng ba raelwa ka yone. “Keletso ya matlho” e maatla go gaisa “maano” otlhe a Satane a a dirisang go raela batho. (2 Bakor. 2:11; 1 Joh. 2:16) Babapatsi ba segompieno ba dithoto ba itse sentle gore batho ba gogelwa ke se ba se bonang ka matlho. Moitse mongwe wa mebaraka kwa Yuropa a re: “Se motho a se bonang ka matlho se gogela go gaisa ditemosi tse dingwe tsotlhe. Gantsi se fekeetsa ditemosi tse dingwe, mme se na le maatla a go dira gore re dire sengwe se re itseng gore ga se a tshwanela.”

7 Ga go gakgamatse go bo babapatsi ba re bontsha motlele wa ditshwantsho tse di tlhamilweng ka botlhale gore di kgatlhe thata mo matlhong mme di dire gore motho a eletse go nna le dithoto tse ba di bapatsang! Mmatlisisi mongwe wa kwa United States yo o ithutileng kafa papatso e amang batho ka teng o ne a re e “diretswe go naya batho tshedimosetso mme sa botlhokwa le go feta, e diretswe go ama maikutlo le ditiro tsa bone ka tsela e e rileng.” Ditshwantsho tse di hepisang tsa tlhakanelodikobo ke mokgwa o mongwe o gantsi o dirisiwang go bapatsa dilo. A bo go le botlhokwa jang ne gore re laole se re se lebang le se re se tsenyang mo ditlhaloganyong le mo dipelong tsa rona!

8. Baebele e gatelela jang kafa go leng botlhokwa ka teng gore re dise matlho a rona?

8 Bakeresete ba boammaaruri le bone ba ka tlhotlhelediwa ke keletso ya matlho le ya nama. Ka jalo, Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go ikgalemela fa go tliwa mo dilong tse re di lebang le tse re di eletsang. (1 Bakor. 9:25, 27; bala 1 Johane 2:15-17.) Monna yo o thokgameng Jobe o ne a lemoga kafa go bona le go eletsa di amanang thata ka teng. O ne a re: “Ke dirile kgolagano le matlho a me. Ka jalo nka ela kgarebane tlhoko jang?” (Jobe 31:1) Ga se fela gore Jobe o ne a ka se kgome mosadi ka tsela e e ka felelang ka gore a dire boitsholo jo bo sa siamang le ene mme gape o ne a ka se letle tlhaloganyo ya gagwe gore e akanye ka gone. Jesu o ne a gatelela gore motho o tshwanetse go boloka tlhaloganyo ya gagwe e le phepa a sa akanye ka boitsholo jo bo sa siamang fa a ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.”—Math. 5:28.

Dilo Tse di se Nang Mosola Tse re Tshwanetseng go di Tila

9. (a) Ke eng fa re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng fa re dirisa Internet? (b) Go leba ditshwantsho tse di hepisang, le fa e le ka nakwana fela go ka felela ka eng?

9 Mo lefatsheng gompieno, go tlwaelegile gore batho ba ‘nne ba lebile’ ditshwantsho tse di hepisang, segolobogolo mo Internet. Re ka bona mafelo ao mo Internet le fa re sa a batla! Jang? Ka tshoganyetso go ka tlhaga papatso nngwe e e nang le setshwantsho se se hepisang mo khomputareng. Kana fa o bula molaetsa o o romelwang ka khomputara o o sa belaetseng, ka tshoganyetso go ka tlhaga setshwantsho se se hepisang se se dirilweng ka tsela e e tla dirang gore go nne thata gore o se tswale. Le fa motho a bone setshwantsho seo go le gonnye fela pele ga a  se phimola, se a bo se setse se agile mo tlhaloganyong ya gagwe. Go bona ditshwantsho tse di hepisang, le fa e le ka nakwana fela go ka nna le ditlamorago tse di botlhoko. Go ka dira gore motho a nne le segakolodi se se molato mme a palelwe ke go phimola ditshwantsho tseo tsa boitsholo jo bo maswe mo mogopolong wa gagwe. Se se maswe le go feta, motho yo o “nnang a lebile” ditshwantsho tseo ka boomo o bontsha gore ga a ise a bolaye dikeletso tse di maswe mo pelong ya gagwe.—Bala Baefeso 5:3, 4, 12; Bakol. 3:5, 6.

10. Ke eng fa bana segolobogolo ba ka raelesega go leba ditshwantsho tse di hepisang, mme go ka felela ka eng?

10 Bana ba ka raelesega go leba ditshwantsho tse di hepisang ka gore ka tlholego fela ba rata go itse dilo. Fa ba dira jalo, seo se ka ama tsela e ba lebang tlhakanelodikobo ka yone goyagoile. Pego nngwe ya re, go ka felela ka gore ba lebe ditiro tsa tlholego tsa tlhakanelodikobo ka tsela e e kgopameng, “ba se ka ba kgona go nna le kamano e e lorato le mongwe; ba lebe basadi ka tsela e e sa tshwanelang; mme gongwe morago ba tshwakgolwe ke ditshwantsho tse di hepisang tse di ka kgoreletsang tiro ya bone ya sekolo, dikamano tsa bone le ditsala le ba lelapa.” Mme go ka nna le diphelelo tse di maswe le go feta moragonyana fa ba setse ba le mo lenyalong.

11. Naya sekai se se bontshang kafa go leba ditshwantsho tse di hepisang go leng kotsi ka teng.

11 Mokaulengwe mongwe wa Mokeresete o ne a kwala jaana: “Mo dilong tsotlhe tse di neng di ntshwakgotse pele ga ke nna Mosupi, go leba ditshwantsho tse di hepisang ke gone go neng go mpalela thata gore ke go tlogele. Ditshwantsho tseno di sa ntse di na le go tla mo mogopolong wa me ke sa lebelela—di tlisiwa ke monko mongwe, mmino kana sengwe se ke se bonang, kana ke kakanyo nngwe fela e e fetang. Ke lwa ntwa eno bosigo le motshegare.” Fa mokaulengwe mongwe a sa le ngwana o ne a tlhola a leba dimakasine tsa ga rraagwe yo e seng Mosupi tse di nang le ditshwantsho tse di hepisang fa batsadi ba gagwe ba seyo mo gae. O ne a kwala jaana: “Ditshwantsho tseo di ne tsa ntshenya tlhaloganyo tota ke sa le ngwana! Le gone jaanong, dingwaga di le 25 moragonyana, dingwe tsa ditshwantsho tseo di gana go tswa mo tlhaloganyong ya me. Le fa nka leka jang go di tlosa, ga di phimoge. Seno se dira gore ke ikutlwe ke le molato, le fa gone ke sa nne ke akantse ka tsone.” A bo go le botlhale jang gore o se ka wa leba dilo tse di se nang mosola gore o tile go ikutlwa o le molato jalo! Motho a ka kgona go dira seo jang? Ka go leka ka natla go tsenya “kakanyo nngwe le nngwe mo botshwarong go e dira gore e utlwe Keresete.”—2 Bakor. 10:5.

12, 13. Ke dilo dife tse di se nang mosola tse Bakeresete ba tshwanetseng go tila go di leba, mme ka ntlha yang?

12 Selo se sengwe “se se se nang molemo wa sepe,” kana se se se nang mosola se re tshwanetseng go se tila ke boitlosobodutu jo bo buelelang go rata dikhumo kana boloi kana jo bo bontshang thubakanyo, tshololo ya madi le loso. (Bala Pesalema 101:3.) Batsadi ba Bakeresete ba ikarabelela mo go Jehofa gore ba tlhophe ka kelotlhoko dilo tse ba dumelang gore di lebiwe mo magaeng a bone. Gone ga go na Mokeresete ope wa boammaaruri yo o ka ikamanyang ka boomo le bodimona. Mme le fa go ntse jalo, batsadi ba tshwanetse go itse gore go na le difilimi, dithulaganyo tsa thelebishene, metshameko ya bidio, dibuka tsa metlae le dibuka tsa bana tse di bontshang bodimona.—Dia. 22:5.

13 Le fa re ka tswa re le basha kana re le bagolo, matlho a rona ga a tshwanela go kgatlhegela go leba metshameko ya bidio e e bontshang thubakanyo le polao e kete di direga ka tsela ya mmatota. (Bala Pesalema 11:5.) Ga re a tshwanela go tlhoma megopolo ya rona mo selong sepe fela se Jehofa a se kgalang. Gakologelwa gore Satane o tlhasela megopolo ya rona. (2 Bakor. 11:3) Tota le go dirisa nako e ntsi re lebile boitlosobodutu jo bo tsewang bo siame go ka re jela nako ya kobamelo ya lelapa, ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi, le ya go baakanyetsa dipokano.—Bafil. 1:9, 10.

Latela Sekao sa ga Jesu

14, 15. Satane o ne a dira eng mo lekgetlhong la boraro fa a ne a leka go raela Keresete, mme Jesu o ne a kgona jang go fenya thaelo eo?

14 Ka maswabi, mo lefatsheng leno le le boikepo, re ka se tile go bona sengwe le sengwe se se se nang mosola. Le Jesu tota o ne a bontshiwa dilo tse di ntseng jalo. Fa Satane a ne a leka lekgetlho la boraro go faposa Jesu mo go direng thato ya  Modimo, “Diabolo [o ne] a mo tsaya a ya le ene kwa thabeng e e kwa godimo ka tsela e e sa tlwaelegang, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one.” (Math. 4:8) Ke eng fa Satane a ne a dira jalo? Kwantle ga pelaelo o ne a batla go mo raela ka tlhotlheletso e e maatla ya se se bonwang ka matlho. Go bona bontlentle jwa magosi otlhe a lefatshe go ne go ka nna ga raela Jesu gore a ineele mme a eletse go nna le maemo mo lefatsheng. Jesu o ne a dirang?

15 Jesu ga a ka a tlhoma mogopolo mo thaelong eo. Ga a ka a letla pelo ya gagwe gore e nne le dikeletso tse di phoso. Mme o ne a sa tlhoke le go akanya ka se Diabolo a neng a re o tla se mo naya. Jesu o ne a araba gone fela foo. O ne a re: “Tsamaya, Satane!” (Math. 4:10) Jesu o ne a nna a akantse ka kamano ya gagwe le Jehofa mme a naya Satane karabo e e neng e dumalana le boikaelelo jo a neng a na le jone mo botshelong—go dira thato ya Modimo. (Baheb. 10:7) Ka go dira jalo, Jesu o ne a dira gore leano la boferefere la ga Satane le iteye sefololetse.

16. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jesu fa a ne a emelana le dithaelo tsa ga Satane?

16 Re ka ithuta dilo tse dintsi mo sekaong sa ga Jesu. Sa ntlha, Satane o raela mongwe le mongwe. (Math. 24:24) Sa bobedi, se re tlhomang matlho a rona mo go sone se ka tlhotlheletsa dikeletso tsa dipelo tsa rona, ka tsela e e molemo kana e e bosula. Sa boraro, Satane o tla leka go dirisa “keletso ya matlho” ka mo a ka kgonang ka teng gore a leke go re faposa. (1 Pet. 5:8) Mme sa bonè, le rona re ka kgona go ganetsa Satane, segolobogolo fa re tsaya kgato ka bonako.—Jak. 4:7; 1 Pet. 2:21.

Nna O na Le Leitlho Le le ‘Sa Raraanang’

17. Ke eng fa go se botlhale go ema go fitlha re bona sengwe se se se nang mosola e bo e le gone re dirang tshwetso ya gore re tla dira eng?

17 Go ineela mo go Jehofa go akaretsa go dira tsholofetso ya gore re tla furalela dilo tse di se nang mosola. Fa re ikana go dira thato ya Modimo, re dumalana le mopesalema fa a ne a re: “Ke thibetse dinao tsa me mo tselaneng nngwe le nngwe e e bosula, ka boikaelelo jwa gore ke boloke lefoko la gago.” (Pes. 119:101) Go tla bo go se botlhale gore re eme go fitlha re bona sengwe se se se nang mosola e bo e le gone re dirang tshwetso ya gore re tla dira eng. Re itse sentle gore Baebele e kgala dilo dife. Re itse maano a ga Satane. O  ne a raela Jesu leng gore a fetole maje gore a nne dinkgwe? E ne e le fa a sena go itima dijo ka malatsi a le 40 le masigo a le 40 mme a “tshwerwe ke tlala.” (Math. 4:1-4) Satane o kgona go lemoga fa re le bokoa e bile go le motlhofo gore re fekeediwe ke thaelo. Ka jalo, re tshwanetse go akanya ka dilo tseno ka kelotlhoko gone jaanong. O se ka wa re kamoso! Fa re nna re akantse ka boineelo jwa rona mo go Jehofa letsatsi le letsatsi, re tla ititaya sehuba go furalela dilo tse di se nang mosola.—Dia. 1:5; 19:20.

18, 19. (a) Tlhalosa pharologanyo fa gare ga leitlho le le ‘sa raraanang’ le le le “boikepo.” (b) Ke eng fa re tshwanetse go nna re akantse ka dilo tse di botlhokwa, mme Bafilipi 4:8 e re naya kgakololo efe malebana le seno?

18 Letsatsi le letsatsi, re bona dilo tse dintsintsi tse di kgatlhang matlho a rona, mme dilo tseo di ntse di oketsega. Ka jalo, go botlhokwa go feta le fa e le leng pele gore re ikobele kgakololo ya ga Jesu ya go nna le leitlho le le ‘sa raraanang.’ (Math. 6:22, 23) Leitlho le le ‘sa raraanang’ le tsepame mo boikaelelong bo le bongwe fela—go dira thato ya Modimo. Mme leitlho le le “boikepo” lone le maano, le na le keletso ya bopelotshetlha e bile le kgatlhegela dilo tse di se nang mosola.

19 Gakologelwa, se re se bonang ka matlho se tlhotlheletsa megopolo ya rona mme megopolo ya rona yone e tlhotlheletsa dipelo tsa rona. Ka jalo, re tshwanetse go nna re akantse ka dilo tse di botlhokwa. (Bala Bafilipi 4:8.) E kete re ka tswelela re rapela jaana jaaka mopesalema: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.” Mme fa re ntse re leka ka natla go dira go dumalana le thapelo eo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla ‘re boloka re tshela mo tseleng ya gagwe.’—Pes. 119:37; Baheb. 10:36.

Re Tshwanetse go Gakologelwa Eng Malebana le . . 

• tsela e matlho, mogopolo le dipelo tsa rona di amanang ka yone?

• dikotsi tsa go leba ditshwantsho tse di hepisang?

• botlhokwa jwa go nna re na le leitlho le le ‘sa raraanang’?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Bakeresete ba tshwanetse go tila go leba dilo dife tse di se nang mosola?