Moreri 10:1-20

  • Boeleele jo bonnye bo senya botlhale (1)

  • Dikotsi tsa go sa itse tiro (2-11)

  • Ditlamorago tsa seeleele (12-15)

  • Boeleele jwa babusi (16-20)

    • Nonyane e ka nna ya boeletsa mafoko a gago (20)

10  Fela jaaka dintsi tse di suleng di dira gore leokwane la modiri wa dinkgisamonate le bole e bile le nkge sebodu, boeleele jo bonnye le jone bo senya leina le lentle la motho yo o tsewang a le botlhale e bile a tlotlwa.+ 2  Pelo ya yo o botlhale e mo isa kwa tseleng e e siameng,* mme pelo ya sematla e se isa kwa tseleng e e sa siamang.*+ 3  Seeleele ga se botlhale mo tseleng epe fela e se tsamayang mo go yone,+ e bile se dira gore mongwe le mongwe a itse gore ke seeleele.+ 4  Fa mmusi a go galefela, o se ka wa tswa wa tsamaya,+ ka gonne go ritibala go fokotsa maleo a magolo.+ 5  Go na le sengwe se se ngomolang pelo se ke se boneng mo lefatsheng,* e leng mofuta wa phoso e e dirwang ke ba ba nang le taolo:+ 6  Dieleele di bewa mo maemong a a kwa godimo, mme bahumi* ba tswelela ba le mo maemong a a kwa tlase. 7  Ke bone batlhanka ba palame dipitse mme dikgosana di tsamaya ka dinao fela jaaka batlhanka.+ 8  Motho yo o epang khuti a ka nna a wela mo go yone;+ e bile motho yo o thubang lobota lwa maje a ka nna a longwa ke noga. 9  Motho yo o gabang maje a ka nna a ikgobatsa ka one, le motho yo o phatsang dikgong a ka nna a ikgobatsa ka tsone.* 10  Fa selepe se fedile bogale mme mongwe a sa se lootse, o tla tlhoka go dirisa maatla a mantsi. Mme botlhale bo thusa motho gore a atlege. 11  Fa noga e loma motshereanyi pele ga a e tshereanya, motshereanyi yoo yo o nang le bokgoni* ga a na go solegelwa molemo. 12  Mafoko a a tswang mo molomong wa motho yo o botlhale a dira gore a amogelwe,+ mme molomo wa sematla o mmakela tshenyego.+ 13  Mafoko a ntlha a a tswang mo molomong wa gagwe ke boeleele,+ e bile mafoko a gagwe a bofelo ke botsenwa jwa masetlapelo. 14  Le fa go ntse jalo, seeleele se tswelela fela se bua.+ Motho ga a itse se se tla diregang; ke mang yo o ka mmolelelang se se tla diregang fa a sa tlhole a le gone?+ 15  Tiro ya bonatla ya sematla e a se lapisa, ka gonne ga se kgone go bona le tsela e e yang kwa motseng. 16  Ruri go utlwisa botlhoko fa kgosi ya naga e le mosimanyana+ e bile dikgosana tsa yone di simolola go ijesa monate mo mosong. 17  Ruri go a itumedisa fa kgosi ya naga e le morwa wa batlotlegi e bile dikgosana tsa yone di ja ka nako e e tshwanetseng gore di nne le nonofo, e seng gore di tagwe.+ 18  Ka ntlha ya botshwakga jo bo feteletseng, dikota tsa borulelo di a wela, e bile ntlo e a nela ka ntlha ya diatla tse di sa direng sepe.+ 19  Senkgwe* se diretswe gore go nne le setshego, e bile beine e dira gore botshelo bo itumedise;+ mme madi a dira gore motho a nne le sengwe le sengwe se a se batlang.+ 20  Tota le mo dikakanyong tsa gago,* o se ka wa hutsa kgosi,+ e bile o se ka wa hutsa bahumi mo diphaposing tsa gago tsa borobalo; gonne nonyane* e ka nna ya fetisa molaetsa,* kgotsa sebopiwa se se nang le diphuka se ka nna sa boeletsa se o se buileng.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Seheb., “e mo seatleng sa gagwe sa moja.”
^ Seheb., “e mo seatleng sa sone sa molema.”
^ Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”
^ Kgotsa “ba ba nang le bokgoni.”
^ Kgotsa gongwe “o tshwanetse go nna kelotlhoko ka tsone.”
^ Seheb., “motho yo o dirisang loleme ka botswerere.”
^ Kgotsa “Dijo.”
^ Kgotsa gongwe “mo bolaong jwa gago.”
^ Seheb., “sebopiwa se se fofang sa magodimo.”
^ Seheb., “modumo.”