Moreri 2:1-26

  • Go sekaseka dilo tse Solomone a di fitlheletseng (1-11)

  • Botlhale jwa batho bo lekanyeditswe (12-16)

  • Go dira ka natla ke lefela (17-23)

  • Ja, nwa, mme o itumelele tiro (24-26)

2  Foo ke ne ka bua jaana mo pelong ya me: “A ko ke leke go ijesa monate,* gore ke bone gore go tla nna le molemo ofe.” Mme seo le sone e ne e le lefela.  2  Ke ne ka re: “Go tshega ke botsenwa.” Gape ke ne ka ipotsa gore go ijesa monate* go na le mosola wa eng. 3  Ke ne ka swetsa ka gore ke batlisise gore go ijesa monate ka go nwa beine+ thata go na le molemo ofe, mme gone ke ne ke sa latlhegelwa ke tlhaloganyo; Ke ne ka bo ka dira dilo tsa boeleele gore ke bone gore ke molemo ofe o batho ba nang le one mo nakong e khutshwane ya botshelo jwa bone mo lefatsheng. 4  Ke ne ka dira ditiro tse dikgolo.+ Ke ne ka ikagela matlo;+ Ke ne ka ijalela masimo a morara.*+ 5  Ke ne ka itirela ditshingwana le diparaka, mme ka jala mo go tsone ditlhare tsa maungo tsa mefuta yotlhe. 6  Ke ne ka itirela matamo, gore ke nosetse ditlhatshana tse di sa ntseng di gola tse di mo dikgweng tsa me. 7  Ke ne ka nna le batlhanka le malata,+ e bile ke ne ka nna le batlhanka ba ba tsholetsweng mo ntlong ya me.* Gape ke ne ka nna le leruo le lentsi, metlhape le matsomane a le mantsi,+ go feta botlhe ba ba neng ba nna teng pele ga me mo Jerusalema. 8  Ke ne ka ikokoanyetsa selefera le gauta,+ matlotlo a* dikgosi le a diporofense.+ Ke ne ka ikokoanyetsa baopedi ba banna le ba basadi, mmogo le se se itumedisang bomorwa batho fela thata: mosadi, ke raya basadi ba bantsi.* 9  Ka jalo, ke ne ka nna mogolo ka bo ka feta ope fela yo o kileng a nna teng pele ga me mo Jerusalema.+ Mme ke ne ka tswelela ke le botlhale. 10  Ga ke a ka ka itima sepe se ke neng ke se eletsa.*+ Ga ke a ka ka thibela pelo ya me go ijesa monate* wa mofuta ope fela, ka gonne pelo ya me e ne e itumelela tiro ya me yotlhe ya bonatla, mme seno e ne e le tuelo* ya tiro yotlhe ya me ya bonatla.+ 11  Le fa go ntse jalo, fa ke ne ke leba ditiro tse diatla tsa me di di dirileng le tiro yotlhe ya bonatla e ke neng ke dirile ka natla gore ke e wetse,+ ke ne ka lemoga gore sengwe le sengwe e ne e le lefela,+ e le go lelekisa phefo; go ne go se na sepe se se mosola* mo lefatsheng.*+ 12  Go tswa foo, ke ne ka ela tlhoko botlhale le botsenwa le boeleele.+ (Gonne ke eng se motho yo o tlang morago ga kgosi a ka se dirang? A ka dira fela se se setseng se dirilwe.) 13  Mme ke ne ka lemoga gore botlhale bo mosola go feta boeleele,+ fela jaaka lesedi le le mosola go feta lefifi. 14  Motho yo o botlhale o bona sentle tsela e a tshwanetseng go tsamaya ka yone;*+ mme sematla se tsamaya mo lefifing.+ Gape ke ne ka lemoga gore go na le phelelo e e tshwanang e e ba welang botlhe.+ 15  Foo ke ne ka bua jaana mo pelong ya me: “Se se diragalelang sematla le nna se tla ntiragalela.”+ Mme jaanong, ke solegetswe molemo ke eng ka go nna botlhale thata? Ka jalo, ke ne ka bua jaana mo pelong ya me: “Seno le sone ke lefela.” 16  Gonne ga go na ope yo o nnang a gopolwa ka bosakhutleng, e ka tswa e le motho yo o botlhale kgotsa yo o sematla.+ Mo malatsing a a tlang, mongwe le mongwe o tla bo a lebetswe. Mme yo o botlhale o tla swa jang? Fela jaaka sematla.+ 17  Ka jalo, ke ne ka simolola go tlhoa botshelo,+ ka gonne go ne go lebega sengwe le sengwe se se dirwang mo lefatsheng* se ngomola pelo, gonne sengwe le sengwe e ne e le lefela,+ e le go lelekisa phefo.+ 18  Ke ne ka simolola go tlhoa sotlhe se ke dirileng ka natla gore ke nne le sone mo lefatsheng,*+ ka gonne ke tshwanelwa ke go se tlogelela motho yo o tlang morago ga me.+ 19  Mme ke mang yo o itseng gore a o tla nna botlhale kgotsa seeleele?+ Le fa go ntse jalo, o tla laola dilo tsotlhe tse ke dirisitseng maatla a me le botlhale jwa me gore ke nne le tsone mo lefatsheng.* Seno le sone ke lefela. 20  Ka jalo, pelo ya me e ne ya simolola go hutsafalela tiro yotlhe ya bonatla e ke neng ke e dirile ka natla mo lefatsheng.* 21  Gonne motho a ka nna a bereka ka natla, a kaelwa ke botlhale le kitso le bokgoni, le fa go ntse jalo, sengwe le sengwe* sa gagwe o tshwanelwa ke go se tlogelela motho yo o sa dirang ka natla.+ Seno le sone ke lefela le masetlapelo a magolo. 22  Tota motho o boelwa ke eng mo tirong yotlhe ya gagwe ya bonatla le keletso e e mo tlhotlheletsang* gore a dire ka natla mo lefatsheng?*+ 23  Gonne tiro ya gagwe e mo tlisetsa botlhoko le go ngomoga pelo botshelo jotlhe jwa gagwe,+ tota e bile le bosigo pelo ya gagwe ga e ikhutse.+ Seno le sone ke lefela. 24  Ga go na sepe se se botoka fa e se gore motho a je, a nwe a bo a itumelele* tiro ya gagwe ya bonatla.+ Ke lemogile gore seno le sone se tswa mo seatleng sa Modimo wa boammaaruri,+ 25  gonne ke mang yo o jang le yo o nwang botoka go na le nna?+ 26  Modimo wa boammaaruri o naya motho yo o mo itumedisang botlhale le kitso le boitumelo,+ mme o naya moleofi tiro ya go phutha le go kokoanya e le fela gore a neye motho yo o mo itumedisang.+ Seno le sone ke lefela, ke go lelekisa phefo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “go itumela.”
Kgotsa “go itumela.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “le barwa ba mo ntlong.”
Kgotsa “thoto ya.”
Kgotsa, “mohumagadi, ee, bahumagadi.”
Kgotsa “kabelo.”
Kgotsa “go itumela.”
Seheb., “se matlho a me a neng a se kopa.”
Kgotsa “se se solegelang molemo.”
Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”
Seheb., “matlho a gagwe a mo tlhogong ya gagwe.”
Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”
Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”
Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”
Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”
Seheb., “kabelo.”
Seheb., “le go kgaratlha ga pelo ya gagwe.”
Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”
Kgotsa “a bone molemo wa.”