Moreri 7:1-29

  • Leina le le molemo le letsatsi la loso (1-4)

  • Kgalemelo ya motho yo o botlhale (5-7)

  • Bokhutlo bo botoka go na le tshimologo (8-10)

  • Molemo wa botlhale (11, 12)

  • Malatsi a a molemo le malatsi a a sa itumediseng (13-15)

  • O se ka wa feteletsa dilo (16-22)

  • Dilo tse mophuthi a di etseng tlhoko (23-29)

7  Leina le le molemo* le botoka go feta leokwane le le molemo,+ le letsatsi la loso le botoka go feta letsatsi le motho a tsholwang ka lone. 2  Go botoka go ya kwa ntlong ya khutsafalo go na le go ya kwa ntlong ya mokete,+ ka gonne seo ke bokhutlo jwa mongwe le mongwe, mme ba ba tshelang ba tshwanetse go akanya thata ka seo. 3  Go botoka go tshwenyega go na le go tshega,+ ka gonne fa sefatlhego se tlhontse se dira gore pelo e nne botoka.+ 4  Batho ba ba botlhale ba ba mo ntlong ya khutsafalo ba akanya thata ka botshelo le ka loso. Mme sematla se nna se akantse ka go ja monate.*+ 5  Go botoka go reetsa kgalemelo ya motho yo o botlhale+ go na le go reetsa pina ya dieleele. 6  Gonne fela jaaka modumo o o dirwang ke mmitlwa fa o sha ka fa tlase ga pitsa, setshego sa seeleele+ se ntse fela jalo; seno le sone ke lefela. 7  Mme kgatelelo e ka dira gore motho yo o botlhale a itshware jaaka setsenwa, e bile pipamolomo e dira gore pelo e nne bosula.+ 8  Bokhutlo jwa kgang bo botoka go na le tshimologo ya yone. Go botoka go nna pelotelele go na le go nna mabela.+ 9  O se ka wa kgopisega ka bonako,*+ ka gonne go kgopisega go nna mo sehubeng sa dieleele.*+ 10  O se ka wa bua o re, “Ke ka ntlha yang fa malatsi a pele a ne a le botoka go na le a gone jaanong?” ka gonne motho yo o botlhale a ka se botse potso eo.+ 11  Botlhale mmogo le boswa ke selo se se molemo e bile bo solegela molemo ba ba bonang lesedi la letsatsi.* 12  Gonne botlhale ke tshireletso+ fela jaaka madi e le tshireletso,+ mme molemo wa kitso le botlhale ke gore di boloka botshelo jwa mong wa tsone.+ 13  Ela tlhoko tiro ya Modimo wa boammaaruri, gonne ke mang yo o ka kgonang go tlhamalatsa se a se sokamisitseng?+ 14  Mo letsatsing le le molemo, akanya ka molemo wa lone,+ mme mo letsatsing la matshwenyego* ela tlhoko gore Modimo o dirile letsatsi leno fela jaaka lele,+ ke gone ka moo batho ba sa itseng* se se tla ba diragalelang mo nakong e e tlang.+ 15  Fa ke ntse ke tshela botshelo jwa me jwa lefela+ ke bone sengwe le sengwe, go tloga ka mosiami yo o swang a sa ntse a le mosha mme a siame+ go fitlha ka modirabosula yo o tshelang lobaka lo loleele mme gone a le bosula.+ 16  O se ka wa siama ka tsela e e feteletseng,+ kgotsa wa itshupa o le botlhale ka tsela e e feteletseng.+ Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go itlisetsa tshenyego?+ 17  O se ka wa nna bosula ka tsela e e feteletseng, kgotsa wa nna seeleele.+ Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go swa o sa ntse o le mosha?+ 18  Go molemo gore o reetse ditlhagiso tseno ka bobedi mme o se ka wa itlhokomolosa e nngwe;+ gonne motho yo o boifang Modimo o tla di reetsa tsoopedi. 19  Botlhale bo dira gore motho yo o botlhale a nne maatla thata go gaisa banna ba ba nonofileng ba le lesome ba ba mo motseng.+ 20  Gonne ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo mme a sa leofe.+ 21  Gape, o se ka wa isa lefoko lengwe le lengwe le batho ba le buang kwa pelong;+ go seng jalo, o ka nna wa utlwa motlhanka wa gago a go hutsa; 22  gonne o itse sentle mo pelong ya gago gore le wena o hutsitse ba bangwe gantsi.+ 23  Ke ne ka leka tseno tsotlhe ka botlhale, mme ka re: “Ke tla nna botlhale.” Mme ke ne ke sa kgone go bo fitlhelela. 24  Se se nnileng teng ga se kgone go fitlhelelwa e bile se boteng thata. Ke mang yo o ka se tlhaloganyang?+ 25  Ke ne ka kaela pelo ya me gore e itse, e senke e bo e batlisise botlhale le lebaka la go bo dilo di direga, le gore ke tlhaloganye gore bosula ke bomatla le boeleele ke botsenwa.+ 26  Foo ke ne ka lemoga seno: Mosadi yo o tshwanang le letlowa la motsomi o bogalaka thata go feta loso, pelo ya gagwe e tshwana le matlowa a a gogwang e bile diatla tsa gagwe di tshwana le dikeetane tsa kgolegelo. Motho yo o itumedisang Modimo wa boammaaruri o tla falola mo mosading yoo,+ mme mosadi yoo o tshwara moleofi.+ 27  Mophuthi+ a re, “Bona, seno ke se ke se fitlheletseng. Ke ne ka batlisisa dilo ka go latelana gore ke fitlhe mo tshwetsong e ke e dirileng, 28  mme se ke neng ka nna ke se batla, ga ke ise ke se bone. Mo bathong ba le sekete, ke ne ka bona monna a le mongwe yo o siameng, mme ga ke ise ke bone mosadi yo o siameng mo go bone. 29  Ke ne ka bona seno fela: Modimo wa boammaaruri o dirile batho ba siame,+ mme ba ne ba senka maano a le mantsi.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

^ Kgotsa “Tsela e e molemo e motho a itsegeng ka yone.” Seheb., “Leina.”
^ Kgotsa “ka go itlosa bodutu.”
^ Kgotsa gongwe “ke letshwao la seeleele.”
^ Seheb., “wa itlhaganelela go kgopisega mo moyeng wa gago.”
^ Go tewa ba ba tshelang.
^ Kgotsa “ba sa lemogeng.”
^ Kgotsa “masetlapelo.”