Mathaio 9:1-38
9 Jalo, ya re a palama mokoro, a kgabaganya a ba a tsena mo motseng+ wa gagabo.
2 Mme, bona! ba ne ba mo tlisetsa monna yo o suleng ditokololo a letse mo bolaong.+ Fa Jesu a bona tumelo ya bone a raya motho yo o suleng ditokololo a re: “Nna pelokgale, ngwanaka; maleo a gago a itshwaretswe.”+
3 Mme, bona! bangwe ba bakwadi ba ithaya ba re: “Motho yono o a tlhapatsa.”+
4 Mme Jesu, ka a itse dikakanyo tsa bone,+ a re: “Ke ka ntlha yang fa lo akanya dilo tse di boikepo mo dipelong tsa lona?+
5 Ka sekai, ke eng se se motlhofo segolo, go re, Maleo a gago a itshwaretswe, kgotsa go re, Nanoga o tsamaye?+
6 Le fa go ntse jalo, e le gore lo itse gore Morwa motho o na le taolo mo lefatsheng ya go itshwarela maleo+—” foo a raya yo o suleng ditokololo a re: “Nanoga, tsaya bolao jwa gago, mme o ye kwa legaeng la gago.”+
7 Mme a tswa a ya kwa legaeng la gagwe.
8 Fa boidiidi bo bona seno jwa welwa ke poifo, mme jwa galaletsa Modimo,+ yo o neileng batho taolo+ e e ntseng jalo.
9 Morago ga moo, ya re Jesu a feta a tswa koo, a tshogana ka a bona monna mongwe yo o bidiwang Mathaio a ntse fa ofising ya lekgetho, mme a mo raya a re: “Nna molatedi wa me.”+ Foo a ema mme a mo sala morago.+
10 Moragonyana, ya re a ntse ka go sekama fa tafoleng mo ntlong,+ bona! bakgethisi ba le bantsi le baleofi ba tla mme ba simolola go nna ka go sekama le Jesu le barutwa ba gagwe.
11 E rile Bafarasai ba bona seno ba raya barutwa ba gagwe ba re: “Ke ka ntlha yang fa moruti wa lona aa ja le bakgethisi le baleofi?”+
12 Ya re a ba utlwa, a re: “Batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka,+ mme ba ba bobolang ba a e tlhoka.
13 Tsamayang, mme lo ithute gore seno se rayang, ‘Ke batla kutlwelobotlhoko, e seng setlhabelo.’+ Gonne ke tletse go bitsa, e seng batho ba ba siameng, fa e se baleofi.”
14 Foo barutwa ba ga Johane ba tla kwa go ene ba mmotsa ba re: “Ke ka ntlha yang fa rona le Bafarasai re tlwaetse go itima dijo mme barutwa ba gago bone ba sa itime dijo?”+
15 Foo Jesu a ba raya a re: “Ditsala tsa monyadi ga di na lebaka la go hutsafala fa fela monyadi+ a sa ntse a na le tsone, ga ke re? Mme malatsi a tla tla a monyadi o tla tlosiwang+ mo go tsone, mme ke gone di tla itimang dijo.+
16 Ga go na ope yo o rokelelang sebata sa letsela le le sa gonegang mo seaparong sa kafa ntle se segologolo; gonne nonofo ya sone e e tletseng e ne e tla gagola seaparo sa kafa ntle mme fa go gagogileng teng go ne go tla nna maswe le go feta.+
17 Le gone batho ga ba tshele beine e ntšha mo mehalong ya beine e megologolo; mme fa ba ka dira jalo, foo mehalo ya beine e a phanyega mme beine e bo e tshologa le mehalo ya beine e senyege.+ Mme batho ba tshela beine e ntšha mo mehalong e mesha ya beine, mme dilo tseo ka bobedi di a bolokiwa.”+
18 Ya re a ntse a ba bolelela dilo tseno, bona! mmusi+ mongwe yo o neng a atametse a simolola go obama fa pele ga gagwe,+ a re: “Mo nakong eno morwadiake o tshwanetse a bo a sule;+ mme tla o mmeye seatla mme o tla tshela.”+
19 Mme Jesu, ya re a nanoga, a mo sala morago; le barutwa ba gagwe ba dira jalo.
20 Mme, bona! mosadi mongwe yo o nang le dingwaga di le lesome le bobedi a ntse a tshwenngwa ke kelelo ya madi+ a tla kafa morago mme a ama lekantsa la seaparo sa gagwe sa kafa ntle;+
21 gonne o ne a nna a ipolelela a re: “Fa nka ama seaparo sa gagwe sa kafa ntle fela ke tla fola.”+
22 Jesu a retologa mme, ya re a mmona, a re: “Nna pelokgale, morwadiaka; tumelo ya gago e go fodisitse.”+ Mme go tloga ka nako eo mosadi yono a fola.+
23 Jaanong, e rile Jesu a tla mo ntlong ya mmusi+ yono mme a tshogana ka a bona baletsi ba folutu le boidiidi bo tsositse tlhakatlhakano le modumo,+
24 a re: “Tlogang fano, gonne mosetsanyana ga aa swa, mme o robetse.”+ Foo ba simolola go mo tshega ka tshotlo.+
25 Ka bonako fela fa boidiidi bo sena go ntshediwa kwa ntle, a tsena, a tshwara seatla sa gagwe,+ mme mosetsanyana a tsoga.+
26 Ee, puo kaga seno ya anama mo kgaolong eo yotlhe.
27 Ya re Jesu a feta a tswa koo, banna ba babedi ba ba foufetseng+ ba mo sala morago, ba goa ba re: “Re utlwele botlhoko,+ Morwa Dafide.”
28 Fa a sena go tsena mo ntlong, banna ba ba foufetseng ba tla mo go ene, mme Jesu a ba botsa a re: “A lo na le tumelo+ gore ke ka dira seno?” Ba mo araba ba re: “Ee, Morena.”
29 Foo a ama matlho a bone,+ a re: “Go ya ka tumelo ya lona a go lo diragalele jalo.”
30 Mme matlho a bone a kgona go bona. Mo godimo ga moo, Jesu a ba laela a gagamaditse, a re: “Tlhokomelang gore ope a se ka a itse ka gone.”+
31 Mme bone, fa ba sena go tswela kwa ntle, ba itsise phatlalatsa kaga gagwe mo kgaolong eo yotlhe.+
32 Jaanong e rile ba tloga, bona! batho ba mo tlisetsa monna yo o semumu a laolwa ke ledimona;+
33 mme fa ledimona le sena go lelekwa monna yo o semumu a bua.+ Ebu, boidiidi jwa gakgamala+ mme jwa re: “Ga go ise go ke go bonwe sepe se se tshwanang le seno mo Iseraele.”
34 Mme Bafarasai ba re: “O leleka madimona ka mmusi wa madimona.”+
35 Mme Jesu a bolola a etela metse yotlhe le metsana, a ruta mo disinagogeng tsa bone e bile a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi e bile a alafa bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe.+
36 Fa a bona boidiidi a utlwa a ba tlhomogela pelo,+ ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.+
37 Foo a raya barutwa ba gagwe a re: “Ee, thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana.+
38 Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.”+